Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke Tla e Bala Gompieno Maitseboa fa ke Ntse ke Itisitse mo Molelong”

“Ke Tla e Bala Gompieno Maitseboa fa ke Ntse ke Itisitse mo Molelong”

Lekwalo le le Tswang Kwa Australia

“Ke Tla e Bala Gompieno Maitseboa fa ke Ntse ke Itisitse mo Molelong”

METSESELEGAE ya Australia e dira gore o akanye ka sekaka se se omileng thata, mogote o o kwa godimo le naga e kgolo e e se nang sepe. Le fa go ntse jalo, naga eo e e mo bogareng ke legae la batho ba ka nna 180 000, mo e ka nnang peresente e le nngwe ya palo ya baagi ba naga eo yotlhe.

Fa ke ne ke le monnye, batsadi ba me ba e leng Basupi ba ga Jehofa ba ne ba tsamaya le nna go ya go rera kwa motseselegaeng mongwe. Bogolo jwa one le bontle jwa one, bo ne jwa dira gore ke akanye thata. Gape ke ne ka simolola go rata baagi ba ba nonofileng le ba ba botsalano ba lefelo leo. E re ka jaanong ke na le lelapa, ke ne ke batla gore mosadi wa me le bana ba rona ba babedi ba dingwaga tse 10 le 12 le bone ba nne le maitemogelo ao.

Go Rulaganya Loeto

Re ne ra simolola ka go dira dithulaganyo. Re na le madi a a lekaneng sekgala se se kae? Re tla kgona go tsamaya lobaka lo lo kae? Banyalani bangwe le badiredi ba nako e e tletseng ba babedi ba phuthego ya rona ba ne ba ithaopela go tsamaya le rona. Re ne ra dumalana ka nako e re tlileng go tsamaya ka yone—mo bogareng jwa ngwaga fa dikolo di tswetswe. Morago ga moo, re ne ra kwalela ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa e e kwa Australia mo Sydney gore ba re abele tshimo. Re ne ra abelwa go rera kwa lefelong le le kgakala gaufi le Goondiwindi, e leng motseselegae o monnye o o dikilometara di ka nna 400 kafa bophirima jwa Brisbane, kwa re nnang gone.

Re ne ra bolelelwa gore go ne go na le phuthego e nnye ya Basupi ba ga Jehofa kwa Goondiwindi. Seo e ne e le masego a mangwe gape. Go kopana le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete e ne e tla nna sengwe sa dilo tse di tla itumedisang thata ka loeto lwa rona. Re ne ra ikgolaganya le phuthego eo go e itsise ka loeto lwa rona. Tsela e ba neng ba itumetse ka yone fa ba re araba e ne ya re bontsha gore ba ne ba tlhoafaletse go tla ga rona.

Pele ga re tsaya loeto, setlhopha sa rona se ne sa kopana go tlotla ka ditsela tse re tla di dirisang go rerela batho mo metseselegaeng dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Re ne re batla thata go tlotla setso le dingwao tsa Baaborijene ba re neng re tla kopana le bone. Ka sekai, ditso dingwe di leba naga ya bone e le legae la mongwe le mongwe yo o nnang moo. Go tsena fela mo go yone o sa kopa tetla go tsewa e le go tlhoka maitseo.

Mo Motseselegaeng

Kgabagare letsatsi le legolo le ne la goroga. Dikoloi tsa rona tse pedi tse di neng di tletse batho le didirisiwa tse di tla tlhokegang, di ne tsa leba kwa Goondiwindi. Kwa tshimologong re ne ra bona masimo mme fa re ntse re atamela Goondiwindi re ne ra bona dipoa tse di tletseng bojang di na le ditlhare di le mmalwa tsa eucalyptus. Letsatsi le le bothito la mariga le ne le phatsima mo loaping le le tlhapileng. Diura di le mmalwa moragonyana re ne ra goroga kwa Goondiwindi mme ra hira matlwana a a dirilweng ka dikota a a neng a le mo parakeng ya dikharabane a re neng re tla robala mo go one mo bosigong joo.

Mo letsatsing le le latelang ka Sontaga, letsatsi le ne le tlhabile sentle e bile go na le pheswana e e monate—maemo a bosa a a siametseng go rera. Gantsi dithemperetšha tsa selemo tsa mo lefelong leno di kwa godimo ga didikirii tsa Celsius di le 40! Lefelo la ntlha le re neng ra ema kwa go lone e ne e le la Baaborijene le le dikilometara di ka nna 30 go tswa mo re neng re robala teng. Re ne ra laelwa gore re ye kwa go Jenny, mosadimogolo mongwe yo o nang le moriri o mosweu yo e neng e le moeteledipele wa morafe oo. O ne a re reetsa ka kelotlhoko fa re ntse re tlotla le ene ka Dikwalo mme a amogela ka boitumelo buka ya Ithute mo Morutising yo Mogolo. * Morago ga moo, o ne a re letla go tsena mo motseng go ya go rerela baagi.

Bana ba mo motseng ba ne ba re eta pele go ya go itsise batho gore re ba etetse. Beng ba matlo botlhe ba re neng re kopana le bone ba ne ba reetsa molaetsa wa rona ka tlotlo mme ba amogela dikgatiso tsa Baebele. Go ise go ye kae, ke fa dibuka tsa rona di fedile mme e ne e le nako ya go boela kwa toropong e le gore re ye dipokanong. Pele ga re tsamaya, re ne ra solofetsa batho gore re tla boa mme re tle go bua le ba re neng re sa kgona go tlotla le bone.

Thapama kwa dipokanong, go ne go utlwala modumo o mogolo wa batho ba ba itumetseng mo Holong ya Bogosi fa ba ntse ba tlotla le go dira botsala. Basupi ba le 25 ba mo lefelong leo ba ne ba ntse ba rera molaetsa wa Bogosi ka boikanyegi, ba rerela batho ba ka nna 11 000 ba ba anameng go ralala metseselegae e e disekwere kilometara di le 11 500. Mosupi mongwe yo o neng a bontsha kanaanelo o ne a re: “Re leboga go bo lo ile lwa tsaya matsapa a go tla go re thusa.” Morago ga dipokano tse di monate, rotlhe re ile ra ya go ja dijonyana tse di motlhofo. Pele re ya go robala, re ne ra fepa diphologolo tsa mo lefelong leo tse di neng di ntse di sasanka mo parakeng.

“Gompieno Maitseboa fa ke Ntse ke Itisitse mo Molelong”

Mo malatsing a mabedi a a latelang, re ne ra dirisa dikoloi tsa rona tse pedi go etela magae a a kwa thoko a a bapileng le molelwane wa Queensland-New South Wales. Karolo e kgolo ya motseselegae oo e ne e omeletse e na le ditlhatshana tsa eucalyptus le bojang jo dinku le dikgomo di neng di fula mo go jone. Fa re ntse re le mo tseleng re ne ra bona dikankaruu di le mmalwa mme fa di re bona di ne di tshikinya ditsebe. Sekgalanyana go tswa fa re neng re le teng, nonyane e e bidiwang emus e ne e tsamaya ka iketlo mo lebaleng le le tletseng lorole.

Labobedi thapama re ne ra kopana le motlhape o mogolo wa dikgomo o o neng o tsamaya ka iketlo mo tseleng. Badisa ba ba duelwang ga ba bolo go nna ba fetisa maruo a bone mo lefelong leo segolobogolo ka nako ya komelelo. Go ise go ye kae re ne ra kopana le modisa yo o neng a pagame pitse. Ke ne ka emisa koloi, ka fologa mme ka mo dumedisa. O ne a nkaraba jaana: “Dumela rra.” Monnamogolo yono yo o neng a tsamaya le ntšanyana ya gagwe e e neng e mo thusa go tlhokomela dikgomo o ne a ema mme ra tlotla.

Morago ga go tlotla lobaka lo loleele ka komelelo, ke ne ka simolola go mo rerela. Monnamogolo yono o ne a re: “Aitsane, ga ke ise ke tsamaye ke utlwe sepe go tswa mo Baebeleng go tloga fa ke sa ntse ke le ngwana!” O ne a tsaya gore baeteledipele ba bodumedi ke bone ba ba molato ka ntlha ya go senyega ga boitsholo mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, o ne a tlotla Baebele thata. Fa re sena go tlotla ka Dikwalo, ke ne ka mo naya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? * Fa a sena go e tsaya, o ne a e tsenya mo kgetsaneng ya hempe ya gagwe mme a re, “Fa e le gore e mpolelela se Baebele e se rutang, ke tla e bala gompieno maitseboa fa ke ntse ke itisitse mo molelong.”

Re Boela Gae

Mo maitseboeng ao fa re le kwa Holong ya Bogosi, re ne ra tlotlela bakaulengwe le bokgaitsadi maitemogelo a rona. Ba ne ba re solofetsa gore ba tla boela kwa bathong ba ba bontshitseng kgatlhego ba re kopaneng le bone. Morago ga dipokano, go ne go le thata go laelana. Botsala jwa rona bo ne bo setse bo nonofile. Rotlhe re ne re ikutlwa re nonotshitswe ke go kgothatsana semoyeng.—Baroma 1:12.

Letsatsi le le latelang re ne ra tsaya loeto go boela gae. Fa re akanya ka loeto lwa rona, re ne re dumalana gore Jehofa o ne a segofaditse maiteko a rona fela thata. Re ne re ikutlwa re lapologetswe semoyeng. Fa re goroga kwa gae, ke ne ka botsa banake jaana: “Lo ka rata go ya kae mo malatsing a boikhutso a a tlang? Kwa dithabeng?” Ba ne ba araba ba re: “Nnyaa, Papa, a re yeng go rera gape kwa motseselegaeng.” Mosadi wa me o ne a re: “Ke la me leo. Ano e ne e le malatsi a boikhutso a a monate go gaisa otlhe a re kileng ra nna le one!”

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 11 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 17 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.