Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lebaka La go Bo Modimo A ne A Amogela Noa—Lebaka La go Bo Seo se Tshwanetse go re Ama

Lebaka La go Bo Modimo A ne A Amogela Noa—Lebaka La go Bo Seo se Tshwanetse go re Ama

Lebaka La go Bo Modimo A ne A Amogela Noa—Lebaka La go Bo Seo se Tshwanetse go re Ama

BONTSI jwa rona re gakologelwa dinako dingwe tsa fa re ne re utlwa dikgang tsa botlhokwa. Re gakologelwa sengwe le sengwe—e seng fela gore re ne re le kae le gore re ne re dirang mme gape le gore re ne ra itshwara jang. Ga go pelaelo gore Noa ga a ka a lebala letsatsi le a neng a utlwa dikgang tse di tswang kwa go Jehofa Modimo, Molaodimogolo wa lobopo lotlhe. Mme ke dikgang dife tse di neng di le botlhokwa thata jaana? Jehofa o ne a re o ikaeletse go senya “nama yotlhe.” Noa o ne a tshwanetse go aga araka e kgolo gore a boloke ene, ba lelapa la gagwe le diphologolo tsa mefuta yotlhe.—Genesise 6:9-21.

Noa o ne a dirang? Fa a se na go utlwa dikgang tseno, a o ne a itumela kgotsa o ne a ngongorega? O ne a di bolelela jang mosadi wa gagwe le ba lelapa la gagwe? Baebele ga e bue sepe ka seo. Mme se e re bolelelang sone ke gore: “Noa a dira kafa go sotlhe se Modimo a neng a se mo laetse. A dira fela jalo.”—Genesise 6:22.

Ruri ntlha eo ke ya botlhokwa ka gonne mafoko ao a tlhalosa ka bokhutshwane lebaka la go bo Noa a ne a bona kamogelo mo matlhong a Modimo; Noa o ne a ikemiseditse go dira se Modimo a mo laetseng gore a se dire. (Genesise 6:8) Mme ke eng gape se se neng sa dira gore Modimo a mo amogele? Karabo ya potso eno e botlhokwa ka gonne re tshwanetse go tshwana le Noa gore re falole fa Modimo a tlosa boikepo gape mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, a re sekasekeng pele gore botshelo jwa ga Noa bo ne bo ntse jang malatsi pele ga Morwalela.

Madimona a Tla mo Lefatsheng

Noa o ne a tshela mo tshimologong ya hisitori ya batho. O ne a tsholwa dingwaga di ka nna sekete morago ga go bopiwa ga motho wa ntlha. Ka nako eo batho ba ne ba sa nne mo magageng jaaka ba le bantsi ba akanya—gore ke dibopiwa tse di seriri, tse di seng botlhale tse di tsamayang di ikgoga di tshotse dithobane. Go ne go na le didirisiwa tse di dirilweng ka tshipi le kopore mme Noa a ka tswa a ne a di dirisa go aga araka. Gape go ne go na le diletswa tsa mmino. Batho ba ne ba nyala, ba nna le malapa, ba lema masimo mme ba na le leruo. Ba ne ba reka e bile ba rekisa. Dilo tseo di bontsha kafa botshelo jwa nako eo bo neng bo tshwana thata le jwa gompieno ka teng.—Genesise 4:20-22; Luke 17:26-28.

Mme go ne go na le dilo dingwe tse bo neng bo farologana thata mo go tsone. Pharologano nngwe e ne e le gore ka nako eo batho ba ne ba tshela lobaka lo loleele. Go ne go tlwaelegile gore motho a tshele dingwaga tse di fetang tse 800. Noa o ne a tshela dingwaga di le 950; Adame di le 930; fa rremogolo wa ga Noa e bong Methusela ene a ne a tshela di le 969. *Genesise 5:5, 27; 9:29.

Pharologano e nngwe e tlhalosiwa mo go Genesise 6:1, 2, e e reng: “Jaanong go ne ga diragala gore fa batho ba ne ba simolola go oketsega ka palo mo godimo ga lefatshe e bile ba tshola bana ba basetsana, foo bomorwa Modimo wa boammaaruri ba simolola go bona bomorwadia batho, gore ba ne ba le bantle; mme ba itseela basadi, e leng, botlhe ba ba neng ba ba tlhopha.” ‘Barwa bano ba Modimo wa boammaaruri’ e ne e le baengele ba ba tswang kwa legodimong ba ba neng ba iphetola batho mme ba tla go kgarakgatshega mo lefatsheng. Modimo o ne a sa ba laela gore ba tle mo lefatsheng; mme ba ne ba sa tla go solegela lefatshe molemo. Go na le moo, ba ne ba “latlha lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno” kwa legodimong go tla go tlhakanela dikobo le basadi ba bantle mo lefatsheng. Ba ne ba fetoga madimona.—Jude 6.

Baengele bano ba madimona ba e neng e le batsuolodi, ba ba nang le maatla a a fetang a batho mme ba le botlhale ba ne ba tlhotlheletsa batho ka tsela e e sa siamang. Go ka direga gore ba ne ba laola le go busa batho. Ba ne ba sa dire dilo tseo mo sephiring jaaka sekebekwa se se botlhale se se fitlhang se se leng sone mme se dira dilo tse di bosula, se iphitlhile. Go na le moo, ba ne ba tsuologela thulaganyo ya Modimo ka go dira dilo tse di tlhabisang ditlhong mo pepeneneng.

Bomorwa Modimo bano ba baengele ba ne ba tlhakanela dikobo le basadi mme basadi bano ba tshola bana ba ba neng ba gola ba nonofile thata. Ba ne ba bidiwa ka leina la Sehebera go twe ke “Banefilime.” Re bolelelwa jaana: “Banefilime ba ne ba le mo lefatsheng mo metlheng eo, mme gape morago ga moo, fa bomorwa Modimo wa boammaaruri ba ne ba robala le bomorwadia batho mme ba ba tsholela bana ba basimane, e ne e le ba ba thata ba bogologolo, banna ba ba tumileng.” (Genesise 6:4) Banefilime ba ne ba tshabiwa thata. Lefoko “Banefilime” le kaya “ba ba digang ba bangwe.” E ne e le babolai ba ditiro tsa bone tsa go tsietsa ka thubakanyo di tlhalosiwang mo ditlhamaneng le mo dipolelong tsa bogologolo.

Tsela e Basiami ba Utlwang Botlhoko ka Yone

Baebele ya re kokomana ya nako eo e ne e senyegile ka ntlha ya bosula jo bo neng bo aname. Ya re: “Bosula jwa motho bo ne bo le bogolo mo lefatsheng le tshekamelo nngwe le nngwe ya dikakanyo tsa pelo ya gagwe e ne e le bosula fela ka dinako tsotlhe. . . . Lefatshe le ne la tlala thubakanyo. . . . Nama yotlhe e ne e sentse tsela ya yone mo lefatsheng.”—Genesise 6:5, 11, 12.

Leo ke lefatshe le Noa a neng a tshela mo go lone. Go farologana le batho ba a neng a tshela le bone, “Noa e ne e le monna yo o siameng” yo o neng a “tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” (Genesise 6:9) Go boima gore motho yo o siameng a tshele mo gare ga batho ba ba sa siamang. A bo Noa a tshwanetse a bo a ne a utlwisiwa botlhoko jang ne ke dilo tse batho ba neng ba di bua le tse ba neng ba di dira! Gongwe o ne a ikutlwa jaaka monna yo mongwe yo o siameng e bong Lote yo o neng a tshela morago ga Morwalela. Lote, yo o neng a nna mo gare ga baagi ba ba sa siamang ba Sodoma, ‘o ne a tshwenyegile thata ka go itlhapedisa mo boitshwarong jo bo repileng ga batho ba ba tlhokomologang molao’ mme “ka se a neng a se bona le se a neng a se utlwa fa a ne a nna gareng ga bone letsatsi le letsatsi o ne a tlhokofatsa moya wa gagwe o o siameng ka ntlha ya ditiro tsa bone tsa go tlhoka molao.” (2 Petere 2:7, 8) Go tshwanetse ga bo go ne go ntse jalo le ka Noa.

A o tshwenngwa ke ditiragalo tse di garolang pelo tse di tlhagang mo dikgannyeng kgotsa ke batho ba ba go dikologileng ba ba sa batleng go tshela ka melaometheo ya Modimo? Fa go le jalo, o ka tlhaloganya tsela e Noa a neng a ikutlwa ka yone. Akanya fela gore go tshwanetse ga bo go ne go le thata jang gore a itshokele go tshela mo lefatsheng le le bosula jalo ka dingwaga di le dintsintsi, ka gonne o ne a le dingwaga di le 600 ka nako ya Morwalela. Ruri o tshwanetse a bo a ne a batla go namolwa!—Genesise 7:6.

Noa O ne A na Le Bopelokgale Jwa go Farologana le ba Bangwe

Noa “o ne a itshupa a se na molato mo gare ga ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe.” (Genesise 6:9) Ela tlhoko gore Baebele ya re o ne a se na molato mo gare ga ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe mme ga e re ba ne ba mo tsaya a se na molato. Ka mafoko a mangwe, Noa o ne a se na molato mo matlhong a Modimo mme batho ba pele ga Morwalela wa lefatshe ba ne ba mo tsaya e le learogi. Re ka tlhomamisega gore o ne a sa dumalane le tsela e batho ba neng ba tlwaetse go akanya ka yone e bile o ne a sa tseye karolo mo boitlosobodutung jo bo sa siamang le mo ditirong tsa boitapoloso tsa motlha oo. Akanya fela gore batho ba ne ba mo leba jang fa a ne a simolola go aga araka! Gongwe ba ne ba mo tshega e bile ba mo sotla. Ba ne ba sa tseye tlhagiso ya gagwe tsia.

Mo godimo ga moo, Noa o ne a na le dilo tse a neng a dumela thata mo go tsone, mme o ne a di bolelela batho ba bangwe. Baebele ya re e ne e le “moreri wa tshiamo.” (2 Petere 2:5) Ga go pelaelo gore Noa o ne a itse gore o tla ganediwa. Rraagwemogologolwane e bong Enoke e ne e le monna yo o neng a siame yo o neng a bolelela pele gore Modimo o ne a tla fedisa baikepi. Go lebega Enoke a ne a bogisiwa ka ntlha ya seo, le fa gone Modimo a sa ka a letlelela baganetsi ba gagwe gore ba mmolaye. (Genesise 5:18, 21-24; Bahebera 11:5; 12:1; Jude 14, 15) Noa o ne a tshwanetse go nna pelokgale a bo a dumele gore Jehofa o ne a tla kgona go mo sireletsa ka go bo Satane, madimona, Banefilime le bontsi jwa batho, ba ne ba sa kgatlhege kgotsa ba mo ganetsa.

Batho ba ba direlang Modimo ga ba bolo go nna ba ganediwa ke ba ba sa mo direleng. Jesu Keresete le batho ba ba neng ba mo latela le bone ba ne ba tlhoilwe. (Mathaio 10:22; Johane 15:18) Noa o ne a na le bopelokgale jwa go direla Modimo le fa batho ba bangwe ba ne ba sa mo direle. O ne a tlhaloganya gore go amogelwa ke Modimo go botlhokwa thata go feta go amogelwa ke batho ba ba ganetsang Modimo. Mme Noa o ne a amogelwa ke Modimo.

Noa O ne A Tsaya Tlhagiso Tsia

Jaaka re setse re bone, Noa o ne a rerela batho ba bangwe ka bopelokgale. Ba ne ba tsibogela jang molaetsa o a neng a ba tlisetsa one? Baebele ya re pele ga Morwalela batho ba ne ba “ja e bile baa nwa, banna ba nyala le basadi ba neelwa nyalong, go fitlha ka letsatsi le Noa a tseneng mo teng ga araka ka lone; mme ba se ka ba tsaya tsia go fitlha morwalela o tla o bo o ba gogola botlhe.” Ga ba a ka ba reetsa tlhagiso.—Mathaio 24:38, 39.

Jesu o ne a re go tla nna jalo le mo metlheng ya rona. Go fetile dingwaga di le lekgolo Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba tlhagisa batho gore Jehofa o tlile go tsaya dikgato tse di masisi go diragatsa tsholofetso ya gagwe ya go dira lefatshe le lesha la tshiamo. Le fa batho ba le bantsintsi ba ile ba amogela molaetsa oo, baagi ba le dibilionebilione mo lefatsheng ga ba tseye tlhagiso eo tsia. “Go ya ka keletso ya bone,” ba itlhokomolosa boammaaruri jwa gore go kile ga nna le Morwalela le gore o kaya sengwe mo go bone.—2 Petere 3:5, 13.

Le fa go ntse jalo, Noa ene o ne a tsaya tlhagiso eo tsia. O ne a dumela se Jehofa Modimo a mmoleletseng sone. Go nna kutlo go ne ga dira gore a bolokwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ka tumelo Noa, fa a sena go newa tlhagiso ya bomodimo ya dilo tse di iseng di bonwe, o ne a bontsha poifo ya bomodimo a ba a aga araka gore go bolokwe ba ntlo ya gagwe.”—Bahebera 11:7.

Sekao Se re Ka se Etsang

Noa o ne a agile araka e kgolo—e ne e le boleele jo bo fetang jwa lebala la kgwele ya dinao le bogodimo jo bo lekanang le jwa kago ya matlhatlaganyane a le mararo. Boleele jwa yone bo ne bo feta jwa sekepe sa Wyoming ka dimetara di feta 30. Go begwa gore sekepe seno ke sone se segolo go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa dirwa ka logong. Ke boammaaruri gore araka eo e ne e se sekepe; mme gone e ne e tshwanetse go kokobala mo metsing. Ka jalo, e ne e tshwanetse go agiwa ka botswerere. Mme e ne e tlhoka go tshasiwa ka tere ka fa teng le ka fa ntle. Go ka tswa go tsere dingwaga tse di fetang 50 go e aga.—Genesise 6:14-16.

Go ne go na le dilo tse dingwe tse Noa a neng a tshwanetse go di dira. O ne a tshwanetse go bolokela lelapa la gagwe le diphologolo dijo tsa ngwaga otlhe. Diphologolo di ne di tshwanetse go phuthiwa le go tsenngwa mo teng ga araka pele Morwalela o tla. “Noa a dira kafa go sotlhe se Jehofa a neng a se mo laoletse.” Ruri o tshwanetse a bo a ne a wela makgwafo fa sengwe le sengwe se ne se dirilwe mme Jehofa a tswetse kgoro ya araka!—Genesise 6:19-21; 7:5, 16.

Morago ga moo, Morwalela o ne wa tla. Pula e ne ya na ka malatsi a le 40 le masigo a le 40. Botlhe ba ne ba tshwanetse go nna mo arakeng ngwaga otlhe go fitlha metsi a fokotsega. (Genesise 7:11, 12; 8:13-16) Batho botlhe ba ba boikepo ba ne ba fedisiwa. Ke Noa fela le ba lelapa la gagwe ba ba neng ba falolela mo lefatsheng le le phepafaditsweng.

Baebele ya re Morwalela wa lefatshe lotlhe wa motlha wa ga Noa ke “sekao sa dilo tse di tla tlang.” Ka tsela efe? Re a bala: “Magodimo le lefatshe tse di gone jaanong di boloketswe molelo ka lone lefoko leo e bile di beilwe go ya letsatsing la katlholo le la go senngwa ga baikepi.” Le fa go ntse jalo, fela jaaka mo motlheng wa ga Noa, go tla nna le bafalodi. Tlhomamisega gore “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone.”—2 Petere 2:5, 6, 9; 3:7.

Noa e ne e le monna yo o nang le boineelo jwa bomodimo, yo o neng a siame mo gare ga kokomana e e boikepo. O ne a ikobela Modimo ka botlalo. O ne a na le bopelokgale jwa go dira se se siameng le fa a ne a itse gore seo se ne se tla dira gore batho ba ba neng ba sa batle go direla Modimo ba mo sotle le go mo tlhoa. Fa re etsa sekao sa ga Noa ka ditsela tseno, le rona re tla amogelwa ke Modimo le go nna le tsholofelo ya go falolela mo lefatsheng le lesha le le gaufi le go tla.—Pesalema 37:9, 10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Bona setlhogo se se reng “A Tota ba Ile ba Tshela Nako e Telele Jalo?” mo makasineng wa Tsogang! ya July 2007 mo tsebeng ya 30.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Ditiro tsa Banefilime tsa go tsietsa ka thubakanyo di tlhalosiwa mo ditlhamaneng tsa bogologolo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Fa re etsa tumelo ya ga Noa, re tla amogelwa ke Modimo

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]

Alinari/Art Resource, NY