Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Metsi a a Pomponyegang go Naya Botshelo Jo bo Sa Khutleng

Metsi a a Pomponyegang go Naya Botshelo Jo bo Sa Khutleng

Metsi a a Pomponyegang go Naya Botshelo Jo bo Sa Khutleng

“Le fa e le mang yo o nwang metsi a ke tla a mo nayang ga a kitla a nyorwa ka gope, mme metsi a ke tla a mo nayang a tla nna mo go ene motswedi wa metsi a a pomponyegang go naya botshelo jo bo sa khutleng.”—JOHANE 4:14.

“KA TSHOGANYETSO fela, kafa morago ga ngwedi, . . . go tswa leje le le tsabakelang le le nang le bobududu le bosweu, kgolokwe e e mmala o o bobududu e e keteng e apesitswe ka lesire le lesweu, e tlhatloga ka iketlo jaaka perela e nnye mo lewatleng le legolo le lentsho.”—Edgar Mitchell, mosutlhalefaufau, a tlhalosa tsela e lefatshe le lebegang ka yone fa o le mo lefaufaung.

Ke eng se se dirang gore polanete ya rona e tsabakele jaana mo mosutlhalefaufau yono a neng a tlhotlheletsega gore a bue mafoko ano a poko? Ke metsi a a khurumeditseng mo e ka nnang diperesente di le 75 tsa lefatshe. Tota e bile, metsi ga a dire fela gore polanete ya rona e lebege e le ntle; gape a dira gore dibopiwa tse di mo lefatsheng di tswelele di tshela. Mmele wa rona o na le diperesente di ka nna 65 tsa metsi. Ka jalo, fa Encyclopædia Britannica e bua ka metsi ya re: “A botlhokwa mo botshelong, a tsaya karolo mo thulaganyong nngwe le nngwe e e diregang mo dimeleng le mo diphologolong.”

Ka ntlha ya thulaganyo e e tlhomameng ya modikologo wa metsi, metsi a mo lefatsheng ga a kitla a tsamaya a fela. The World Book Encyclopedia ya re: “Mo e ka nnang lerothodi lengwe le lengwe la metsi a re a dirisang le boela kwa lewatleng. Fa a le koo, mogote wa letsatsi o dira gore a mowafale. Morago ga moo a nna pula a bo a boela gape mo lefatsheng. Metsi a dirisiwa gantsintsi. Ga a ke a fela.” Dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng, thulaganyo eno e e kgatlhang e ne ya tlhalosiwa jaana mo Baebeleng: “Melatswana yotlhe e e phothoselang ya mariga e ya kwa lewatleng, mme lewatle ka bolone ga le a tlala. Lefelo le melatswana e e phothoselang ya mariga e yang kwa go lone, e boela kwa go lone gore e tle e tswe teng.” Ruri thulaganyo eno ya modikologo wa metsi ke nngwe ya dilo tse di gakgamatsang tsa popo!—Moreri 1:7.

Ka ntlha ya tsela e metsi a leng botlhokwa ka yone mo botshelong le tsela e e gakgamatsang e re tlamelwang ka yone ka metsi, ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke go bo a umakiwa ka makgetlo a feta 700 mo Baebeleng. Gantsi Baebele e bua ka ditiro tse di tlhomologileng tse metsi a kgonang go di dira—segolobogolo maatla a one a go ntlafatsa le go boloka botshelo—go tlhalosa kafa Baebele e re thusang ka gone semoyeng.—Isaia 58:11; Johane 4:14.

Baebele E na Le Maatla a go Ntlafatsa

Baiseraele ba ne ba tlhomologile ka go nna phepa mo mmeleng ka gonne ba ne ba dirisa metsi ka metlha go tlhapa le go tlhatswa. E ne e le tlwaelo gore motho a tlhape dinao fa a tsena mo ntlong a ya go ja. (Luke 7:44) Baiseraele ba ne ba sa dirise metsi go tlhapa le go tlhatswa fela mme gape ba ne ba a dirisa mo medirong ya bone gore e nne e le phepa. Baperesiti ba ba neng ba direla mo motlaaganeng ba ne ba tshwanetse go tlhapa le go tlhatswa diaparo tsa bone ka metlha. (Ekesodo 30:18-21) Moragonyana, kwa tempeleng e e kwa Jerusalema, Solomone o ne a dira “lewatle le le thetsweng” la kopore le le neng le kgona go tsenya dilitara di le 44 000 tsa metsi, e leng metsi a a neng a lekane go ntlafatsa sengwe le sengwe jaaka Molao wa Modimo o ne o batla. (2 Ditiragalo 4:2, 6) Tsela e metsi a neng a dirisiwa ka yone ka nako eo e kaya eng mo Bakereseteng gompieno?

Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa gore Jesu o ne a ntlafaditse phuthego ya Bokeresete “ka metsi a a tlhatswang, ka lefoko.” Fela jaaka metsi, a a ntlafatsang mmele, boammaaruri jo bo mo Lefokong la Modimo bo na le maatla a go ntlafatsa boitsholo le kobamelo ya rona. Barutwa ba ga Keresete ba sala ba le ‘boitshepo e bile ba se na molato’ fa ba se na go ntlafadiwa ka tsela eno. (Baefeso 5:25-27) Ka jalo, botlhe ba ba eletsang go amogelwa ke Modimo ba tshwanetse go dira ka natla gore ba ipoloke ‘ba se na selabe ba se na molato’ mo boitsholong le mo semoyeng. (2 Petere 3:11, 14) Lefoko la Modimo le ba thusa jang go dira seno?

Batho ba ba ratang go itumedisa Jehofa Modimo ba nwa metsi a semoya ka go ithuta Baebele ka metlha. Fa kitso e ba nnang le yone e tlhotlheletsa megopolo le dipelo tsa bone, ba nna le keletso e kgolo ya go dira seno se Baebele e se laelang: “Lo fetolwe ka go fetola megopolo ya lona, gore lo iponele se thato ya Modimo e e molemo le e e amogelesegang le e e itekanetseng e leng sone.”—Baroma 12:2.

Go nna le kitso ya boammaaruri ka thato ya Modimo go thusa batho bano go lemoga dilabe tse ba ka tswang ba na le tsone mo boitshwarong le mo tseleng e ba akanyang ka yone. Fa go setse go fetile lobakanyana ba ntse ba dirisa melaometheo ya Baebele mo botshelong jwa bone, Lefoko la Modimo, fela jaaka metsi, le tla ba thusa gore ba ‘tlhapisiwe ba nne phepa’ tota le mo boleong jo bo masisi.—1 Bakorintha 6:9-11.

Maitemogelo a a latelang a bontsha kafa Baebele e neng ya fetola botshelo jwa lekawana lengwe la kwa Spain ka gone. Alfonso a re: “Fa ke na le dingwaga di le 18, ke ne ke sa rate tsela e ke neng ke tshela ka yone.” O ne a tshwakgotswe ke diokobatsi e bile e le sekebekwa se batho ba tsayang gore se ka se fetoge. “Ke ne ka ikutlwa ke le leswe ka ntlha ya tsela e ke neng ke tshwara mmele wa me ka yone le e ke neng ke dirisana le batho ba bangwe ka yone.

“Kwa sekolong, ke ne ka bona lekgarebe lengwe le le lekanang le nna ka dingwaga le le neng le lebega sentle e bile maitsholo a lone a mantle a ne a dira gore a farologane thata le baithuti ba bangwe. Sekao sa gagwe se ne sa dira gore ke eletse go tshela botshelo jo bo phepa jaaka ene. O ne a akantsha gore ke ye kwa pokanong ya Basupi ba ga Jehofa. Go ise go ye kae ke ne ka simolola go ithuta Baebele le go nna le botsalano le Modimo. Mo lobakeng lwa ngwaga fela, ke ne ka baakanya botshelo jwa me mme ka nna Mosupi yo o kolobeditsweng. Phetogo eno e kgolo e ke neng ke e dirile mo botshelong jwa me e ne ya dira gore batsadi ba le bantsi ba mo lefelong le ke nnang mo go lone, ba nkope gore ke thuse basha ba bone ba ba neng ba tshwakgotswe ke diokobatsi.”

Metsi a a Nayang Botshelo Jo bo Sa Khutleng

Nako nngwe Jesu o ne a bua ka “metsi a a tshelang” le mosadi mongwe wa Mosamarea yo o neng a gelela metsi mo sedibeng sa ga Jakobe. O ne a re: “Le fa e le mang yo o nwang metsi a ke tla a mo nayang ga a kitla a nyorwa ka gope, mme metsi a ke tla a mo nayang a tla nna mo go ene motswedi wa metsi a a pomponyegang go naya botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 4:10, 14) Mafoko a ga Jesu a bontsha gore “metsi a a tshelang” a tshwantshetsa dilo tse re di newang ke Modimo gore re tshele, jaaka go tlhalositswe mo Lefokong la gagwe, Baebele. Di dira gore batho ba kgone go tshelela ruri. Karolo nngwe ya botlhokwa ya metsi ano a tshwantshetso ke setlhabelo sa thekololo sa ga Keresete Jesu. Jesu o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:16.

Alfonso, yo o umakilweng pelenyana, o anaanela thata “metsi a a tshelang” a a tswang kwa Modimong. Fa a bua ka batho ba ba neng ba tswelela e le dikebekwa e bile ba dirisa diokobatsi, a re: “Nkgonne le ditsala tsa me tsotlhe tsa pele ba tlhokafetse. Go itse Lefoko la Modimo go nthusitse gore ke se ka ka diragalelwa ke se se tshwanang. Ka ntlha ya dilo tsa semoya tse Jehofa a re di nayang, ke sa ntse ke tshela.” Gape ka ntlha ya dilo tse Alfonso a di ithutileng mo Lefokong la Modimo, o tlhoafaletse go itumelela botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng le lesha le Modimo a le solofeditseng.—2 Petere 3:13.

Batho Botlhe ba a Lalediwa

Buka ya bofelo ya Baebele e bua ka “noka ya metsi a botshelo, e galalela jaaka legweka, e elela e tswa kwa setulong sa bogosi sa Modimo le sa Kwana.” (Tshenolo 22:1) Molatswana ono o emela dithulaganyo tsa Modimo tse kgabagare di tla dirang gore batho ba nne gape le botshelo jo bo itekanetseng jo Adame le Efa ba neng ba na le jone fa ba ne ba bopiwa.

Fa pego eno e sena go tlhalosa ka noka eo, e ntsha taletso eno: “Le fa e le mang yo o nyorilweng a a tle; le fa e le mang yo o eletsang, a a tseye metsi a botshelo mahala.” (Tshenolo 22:17) Gompieno, taletso eno e itsisiwe lefatshe ka bophara. Ngwaga le ngwaga, Basupi ba ga Jehofa mo dinageng di feta 235 ba dirisa diura di feta bilione ba thusa batho go nna le kitso e e nayang botshelo ya Baebele.

A o nyoretswe metsi a botshelo? Ka go nwa metsi ano a a phepa, ke gore, go ithuta le go dirisa dilo tse Mmopi wa rona a re nayang tsone, le wena o ka nna gareng ga batho ba ba ‘ipolokelang motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego, gore ba tshware botshelo jwa mmatota ka thata.’—1 Timotheo 6:19.

[Mafoko a a mo go tsebe 14]

Fela jaaka metsi, a a ntlafatsang mmele, boammaaruri jo bo mo Baebeleng bo na le maatla a go ntlafatsa boitsholo le kobamelo ya rona

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 15]

KAFA METSI A NENG A BONWA KA GONE MO METLHENG YA GO KWALWA GA BAEBELE

Mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele, batho ba ne ba leka ka natla go batla mafelo a a siameng a ba tla nnang ba bona metsi kwa go one. Aborahame le Isake ba ne ba epa didiba gaufi le Beere-sheba go tlhomamisa gore ba na le metsi a a lekaneng a a neng a tla nowa ke ba lelapa la bone le ke matsomane.—Genesise 21:30, 31; 26:18.

Gantsi didiba tse di neng di se boteng di ne di kgala ka paka e telele le e e mogote ya selemo. Gore sediba se nne le metsi a a lekaneng se ne se tshwanetse go nna boteng. (Diane 20:5) Sediba sengwe se se kwa Lakishe se boteng jwa dimetara di le 44. Se sengwe se se kwa Gibeone sone se boteng jwa dimetara di le 25 le bogolo jwa dimetara di le 11. Go ne ga tlhokega gore go ntshiwe ditone di le 3 000 tsa maje fa go ne go epiwa sediba seo. Mosadi wa Mosamarea yo o neng a tlile go ga metsi mo motsweding wa ga Jakobe, o ne a raya Jesu a re: “Sediba se boteng.” Gongwe metsi a sediba seo a ne a le boteng jwa dimetara di le 23 go tswa kwa tlase.—Johane 4:11.

Bogologolo kwa Botlhabagare go ne go dirisiwa megobe go bona metsi. Mafelo ano a a neng a le ka fa tlase ga lefatshe, a ne a rwala metsi a pula e e neng e na go simolola ka October go fitlha ka April. Go ne go epiwa mesele mo mefapheng ya thaba gore metsi a elelele kwa megobeng. Baiseraele ba ne ba epa megobe e megolo gore ba kgone go boloka metsi.—2 Ditiragalo 26:10.

Go ga metsi mo didibeng le mo megobeng e ne e le namane e tona ya tiro mme le jaanong go sa ntse go ntse jalo. Basadi ba ba jaaka Rebeka le barwadie Jethero ba ne ba dira tirelo e e botlhokwa ka go gela ba malapa a bone le maruo metsi letsatsi le letsatsi.—Genesise 24:15-20; Ekesodo 2:16.

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Alfonso gompieno, a rera ka Lefoko la Modimo