Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo yo o Iketleeleditseng go Itshwarela

Modimo yo o Iketleeleditseng go Itshwarela

Atamalana le Modimo

Modimo yo o Iketleeleditseng go Itshwarela

Johane 21:15-17

“WENA, Jehofa, o molemo e bile o iketleeleditse go itshwarela.” (Pesalema 86:5) Mafoko ao a a itumedisang a Baebele a re tlhomamisetsa gore Modimo o rata go re itshwarela. Se se neng sa diragalela moaposetoloi Petere se bontsha sentle gore Jehofa o itshwarela “ka tsela e kgolo.”—Isaia 55:7.

Petere e ne e le mongwe wa ditsala tse dikgolo tsa ga Jesu. Le fa go ntse jalo, mo bosigong jwa bofelo jwa botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng, Petere o ne a tlala poifo mme a dira boleo jo bo masisi. Fa ba le kwa lolwapeng gaufi le lefelo le Jesu a neng a sekisiwa e se kafa molaong kwa go lone, Petere o ne a itatola phatlalatsa gore o itse Jesu—e seng gangwe mme gararo. Fa a sena go ititaya sehuba gore ga a itse Jesu, Jesu o ne a “retologa a leba Petere.” (Luke 22:55-61) O akanya gore Petere o ne a ikutlwa jang fa Jesu a mo leba? Fa Petere a lemoga kafa boleo jwa gagwe bo neng bo le masisi ka gone, o ne a “utlwa botlhoko thata mme a thubega ka selelo.” (Mareko 14:72) Moaposetoloi yono yo o neng a ikwatlhaya o tshwanetse a bo a ne a ipotsa gore a tota Modimo o tla mo itshwarela morago ga gore a itatole Jesu gararo.

Fa Jesu a sena go tsosiwa mo baswing, o ne a bua le Petere ka tsela e e neng ya dira gore Petere a tlhomamisege gore o ne a itshwaretswe. Jesu ga a ka a mo galefela kgotsa a mo kgala. Go na le moo, o ne a botsa Petere jaana: ‘A o a nthata?’ Petere a araba ka gore: “Ee, Morena, o a itse gore ke a go rata.” Jesu a mo fetola a re: “Fudisa dikwanyana tsa me.” Jesu o ne a mmotsa potso eno lekgetlo la bobedi mme Petere a mo araba ka tsela e e tshwanang gongwe mo lekgetlong leno a gatelela se a se buang. Jesu o ne a re: “Disa dinkunyana tsa me.” Mme Jesu a mmotsa yone potso eo gape lekgetlo la boraro: “A o a nthata?” Jaanong “Petere a hutsafala” mme a re: “Morena, o itse dilo tsotlhe; o a lemoga gore ke a go rata.” Jesu o ne a mo araba ka gore: “Fepa dinku tsa me tse dinnye.”—Johane 21:15-17.

Ke eng fa Jesu a ne a botsa dipotso tse a neng a setse a itse dikarabo tsa tsone? Jesu o ne a kgona go bona se se mo pelong, ka jalo o ne a itse gore Petere o a mo rata. (Mareko 2:8) Fa Jesu a ne a botsa dipotso tseo, o ne a naya Petere sebaka sa gore a mo tlhomamisetse ka makgetlo a le mararo gore o a mo rata. Tsela eno e Jesu a neng a mo araba ka yone: “Fudisa dikwanyana tsa me. . . . Disa dinkunyana tsa me. . . . Fepa dinku tsa me tse dinnye,” e ne ya tlhomamisetsa moaposetoloi yono yo o neng a ikwatlhaya gore o ne a sa ntse a ikanngwa. Kana gone Jesu o ne a laela Petere gore a thuse go tlhokomela dilo dingwe tse di tlhwatlhwakgolo—balatedi ba ga Jesu ba sekadinku ba a neng a ba rata thata. (Johane 10:14, 15) Ruri Petere o tshwanetse a bo a ne a wela makgwafo fa a lemoga gore Jesu o ne a sa ntse a mo ikanya!

Ga go pelaelo gore Jesu o ne a itshwarela moaposetoloi yono wa gagwe yo o neng a ikwatlhaya. Re ka swetsa ka gore Jehofa le ene o ne a itshwaretse Petere e re ka Jesu a supa dinonofo le ditsela tsa ga Rraagwe ka botlalo. (Johane 5:19) Jehofa ga a okaoke go itshwarela, ke Modimo yo o kutlwelobotlhoko yo o ‘iketleeleditseng go itshwarela’ moleofi yo o ikwatlhayang. Ruri seo se a gomotsa.