Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Mosetsanyana wa Moiseraele” wa mo Motlheng wa Rona

“Mosetsanyana wa Moiseraele” wa mo Motlheng wa Rona

“Mosetsanyana wa Moiseraele” wa mo Motlheng wa Rona

KA 2006, dibeke di le pedi pele ga Segopotso sa loso lwa ga Jesu, ba lelapa loora Sales kwa Praia Grande kwa Brazil, ba ne ba kwala lenaane la batho ba ba ka ratang go ba laletsa. Abigayl wa dingwaga tse thataro o ne a newa taletso mme a bodiwa gore o ne a tla e naya mang.

O ne a re: “Monna mongwe yo ka metlha a nyenyang le nna.”

Batsadi ba gagwe ba ne ba mmotsa ba re: “Monna yono ke mang?”

O ne a re: “Ke monna yo o mo setulong sa maotwana.”

Malatsi a le manè morago ga moo, Abigayl o ne a bontsha batsadi ba gagwe monna yono. Monna yono yo o bidiwang Walter, o ne a nna gaufi le Holo ya Bogosi. Kotsi ya koloi e ne ya mo golafatsa go tswa mo lothekeng go ya kwa tlase dingwaga di le 15 tse di fetileng fa a ne a le dingwaga tse 28. E re ka a ne a humile, o ne a na le batho ba babedi ba ba neng ba mo sireletsa. Fa batsadi ba ga Abigayl ba sena go kopa tetla ya gore Abigayl a bue le Walter, ba ne ba bolelela Walter gore morwadiabone o ne a batla go mo naya taletso.

Abigayl o ne a bua jaana fa a konela puisano ya gagwe le Walter: “Batho botlhe kwa Holong ya rona ya Bogosi ba neilwe ditaletso tse dintsi mme nna ke neilwe e le nngwe fela. Ka jalo, ke wena fela motho yo ke mo laletsang. Fa o sa tle, ga go kitla go nna le ope yo ke mo laleditseng. Mme fa o ka tla, ke tla itumela mme Jehofa ene o tla itumela le go feta.”

Ka letsatsi la Segopotso Basupi bangwe go akaretsa le Abigayl ba ne ba phepafatsa Holo ya Bogosi ba ipaakanyetsa thulaganyo ya maitseboa ya Segopotso. Mo thapameng ya letsatsi leo Walter o ne a feta fa Holong mme fa a bona Abigayl, o ne a laela mokgweetsi wa gagwe gore a emise. O ne a bula fensetere mme a botsa Abigayl gore o dira eng. O ne a mmolelela gore ba ne ba phepafatsa holo gore a e fitlhele e le ntle.

Mo maitseboeng ao Abigayl o ne a swegaswega tota. Puo e ne ya simolola mme o ne a ntse a gadima go bona gore a Walter ga ise a goroge. Ka tshoganyetso, o ne a tsena a na le batho ba ba neng ba mo sireleditse. O ne a nyenya a itumetse. Fa puo e sena go fela, Walter o ne a mmolelela gore o ne a le mo loetong go ya kwa toropong nngwe mme o ne a fetola mogopolo mme a tla Segopotsong, fela gore a mo itumedise. Morago ga moo Walter o ne a re: “Eno e ne e le puo e ke neng ke tlhoka go e utlwa.” O ne a kopa gore a newe Baebele mme a simolola go ithuta le go ya dipokanong.

Fa go sa ntse go le jalo, kgaitsadie Walter o ne a re o batla go kopana le Abigayl yo mogoloe a tlholang a bua ka ene. Fa a kopana le ene, o ne a itumeletse go bona kafa Abigayl e leng mosetsanyana yo o molemo ka gone. O ne a re: “Jaanong ke a tlhaloganya gore ke eng fa nkgonne a itumetse jaana.”

Walter o tsweletse pele a ithuta e bile o nna gone kwa dipokanong. O a akgela mo dipokanong le go bolelela ba bangwe ka dilo tse a ithutileng tsone. Ruri Abigayl yo mmotlana o re gopotsa mosetsanyana wa Moiseraele yo o neng a thusa Naamane go itse Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa.—2 Dikgosi 5:2-14.