Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala

Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala

Mo bosigong jwa Labobedi July 17, 2007, mo e ka nnang ka ura ya bosupa, sefofane se se pegang bapalami se ne sa relela mo lebaleng le difofane di kotamang mo go lone kwa boemafofaneng jo bo tlhanaselang jwa Brazil, mo bogareng jwa São Paulo. Sefofane seno se ne sa kgabaganya tsela e kgolo mme sa thula lefelo la dithoto. Batho ba ka nna 200 ba ne ba swa mo kotsing eo.

BATHO ba ba ileng ba swelwa ke batho ba ba ba ratang ga ba kitla ba tsamaya ba lebala kotsi e go tlhalosiwang e ne e le e kgolo go di feta tsotlhe tse di kileng tsa diragala kwa boemafofaneng jwa Brazil. Claudete le ene o ne a latlhegelwa ke mongwe yo a mo ratang. O ne a lebile thelebishene fa a ne a utlwa dikgang tsa gore sefofane se phatlakane. Morwawe e bong Renato o ne a le mo sefofaneng seo. O ne a na le dingwaga di le 26 fela. Mme o ne a rulagantse go nyala ka October. Ka bonako Claudete o ne a leka go ikgolaganya le ene mo founong ya gagwe ya selula mme go ne go sena ope yo o e arabang. O ne a wela fa fatshe mme a lela thata.

Antje o ne a swelwa ke motho yo a neng a ratana le ene mo kotsing e e maswe ya koloi ka January 1986. Fa a utlwa dikgang tseno, o ne a sala a gamaregile. A re: “La ntlha ke ne ke sa dumele. Ke ne ke akanya gore ke lora toro e e maswe mme go ise go ye kae ke tla thanya mme ke fitlhele gore seo e ne e se boammaaruri. Ke ne ka roroma mme ka utlwa ditlhabi tse di botlhoko jaaka e kete mongwe o ne a mpeditse mo maleng.” Antje o ne a fetsa dingwaga tse tharo a tshwerwe ke bolwetse jwa go tshwenyega thata mo maikutlong. Le fa go setse go fetile dingwaga di feta 20 fa e sa le kotsi eo e diragetse, o sa ntse a roroma fa a gopola tiragalo eo.

Ga go motlhofo go tlhalosa tsela e motho a ikutlwang ka yone fa a sena go latlhegelwa ke mongwe ka ntlha ya masetlapelo e bile a ne a sa lebelela, o ikutlwa a tshogile, a sa dumele, a tlhakatlhakane mo maikutlong e bile a tlaletswe. Le fa go ntse jalo, tota le fa go ne go lebeletswe gore mongwe yo re mo ratang o tlile go swa, gongwe a ne a lwala ka nako e telele, re sa ntse re ka utlwa botlhoko fela thata. Ga go motho yo o kgonang go ipaakanyetsa ka botlalo loso lwa mongwe yo a mo ratang. Mmagwe Nanci o ne a swa ka 2002 morago ga go lwala ka nako e telele. Le fa go ntse jalo, letsatsi le mmagwe a neng a tlhokafala ka lone, Nanci o ne a nna mo bodilong jwa bookelo a tshogile fela thata. Botshelo bo ne bo bonala bo se na bokao. Go setse go fetile dingwaga di le tlhano mme o sa ntse a lela fa a gopola mmagwe.

Ngaka nngwe e e bidiwang Holly G. Prigerson a re: “Batho ga ba lebale fa ba swetswe, go na le moo fa nako e ntse e tsamaya ba tlwaela seemo seo.” Fa o swetswe ke mongwe yo o mo ratang, o sa go lebelela kana o ne o go lebeletse, o ka nna wa ipotsa jaana: ‘A go siame go utlwa botlhoko? O ka kgona jang go itshokela go latlhegelwa ke mongwe yo o mo ratang? A ke tla tlhola ke mmona gape?’ Setlhogo se se latelang se tla araba dipotso tseno le tse dingwe tse o ka tswang o na le tsone.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

EVERTON DE FREITAS/AFP/Getty Images