Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Marope a Tel Arad wa Bogologolo a Naya Bosupi

Marope a Tel Arad wa Bogologolo a Naya Bosupi

Marope a Tel Arad wa Bogologolo a Naya Bosupi

Motse o o sa tlholeng o na le baagi. Tempele ya masaitsiweng. Lefelo le go bolokilweng mekwalo ya bogologolo mo go lone. Seno se ka nna sa utlwala e kete ke filimi e e kgatlhang. Tota e bile, dilo tseno tsotlhe le tse dingwe di ne di fitlhegile ka makgolokgolo a dingwaga mo motlhabeng wa sekaka kwa Tel Arad, kwa Iseraele, go fitlha baithutamarope ba simolola go epa gone.

GOMPIENO, baeng ba le bantsi ba tsaya Arada e le motse o o tlwaelegileng wa Iseraele. O na le baagi ba le 27 000, mme o mo nageng ya Judea go ela kwa bophirima jwa Lewatle le le Suleng. Le fa go ntse jalo, motse wa bogologolo wa Iseraele wa Arada o ne o le dikilometara di le robedi go ela kwa bophirima. Ke gone koo baithutamarope ba neng ba ntsha ka kelotlhoko motlhaba o montsi o o neng o le foo mme ba ribolola dilo di le dintsi le mekwalo ya bogologolo.

Mekwalo eno e ne ya fitlhelwa mo dikapetleng tsa letsopa tse di neng di dirisiwa e le matlapana a go kwalela. Mokgwa ono wa go kwala o ne o dirisiwa thata mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele. Lefelo le baithutamarope ba neng ba epa kwa go lone kwa Tel Arad le ile la ntsha se se neng sa tlhalosiwa e le dikapetla tse dintsi tsa letsopa go gaisa tse di kileng tsa fitlhelwa mo Iseraele. Le fa go ntse jalo, ke eng se se botlhokwa ka se baithutamarope bano ba se fitlhetseng fa ba ne ba epa koo?

Dilo tse di neng tsa fitlhelwa kwa Tel Arad e sa le di nnile gone bogologolo mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele, go simolola ka malatsi a Baatlhodi ba Iseraele go fitlha ka nako ya fa Bababelona ba ne ba thopa Juda ka 607 B.C.E. Ka jalo, dilo tseno tse di neng tsa ribololwa di re thusa go tlhomamisa gore Baebele e boammaaruri. Gape di re naya dikai tse di bontshang sentle tsela e batho ba Iseraele wa bogologolo ba neng ba tsaya leina la Modimo ka yone.

Arada le Baebele

Ke boammaaruri gore Baebele ga e bue thata ka Arada. Mme motse ono o o neng o agilwe mo lefelong le le siameng o kile wa bo o laola tsela ya kgwebo. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo dipego tsa hisitori le dilo tse di ileng tsa ribololwa ke baithutamarope di bontsha gore mo dinakong tse di monate le tse di bosula tsa motlha oo, lefelo leno la bogologolo le ne la thopiwa gangwe le gape, la senngwa le go agiwa gape. Go agiwa gangwe le gape ga metse eno go ne ga dira gore go nne le thota e kgolo thata kgotsa tell.

Baebele e umaka Arada lekgetlho la ntlha fa e bua ka karolo ya bofelo ya mosepele wa Baiseraele wa dingwaga di le 40 mo nageng. Fela fa mogoloe Moshe e bong Arone, a sena go swa, batho ba Modimo ba ne ba feta gaufi le molelwane o o kafa borwa jwa Lefatshe le le Solofeditsweng. Go bonala kgosi ya Kanana ya kwa Arada e ne e tsaya gore e ka kgona go fenya Baiseraele motlhofo fela. O ne a ba tlhasela. E re ka Baiseraele ba ne ba thusiwa ke Jehofa Modimo, ba ne ba itwela ka bopelokgale, ba ba fenya le go senya Arada gotlhelele, le fa go bonala batho bangwe ba ne ba falola.—Dipalo 21:1-3.

Bakanana ba ne ba aga gape motse wa bone o o neng o le mo lefelong le le siameng ka bonako; fa Joshua a ne a fitlha mo lefelong leo dingwaga di le mmalwa moragonyana, o ne a o thopa go tloga kwa bokone mme a kgemetha Bakanana mo ‘kgaolong e e dithaba le Negebe,’ mme mongwe wa baganetsi ba a neng a lebana le bone e ne e le “kgosi ya Arada.” (Joshua 10:40; 12:14) Moragonyana, ditlogolwana tsa ga Hobabe wa Mokene, ba ba neng ba tla go nna le Baiseraele mo bothibelelong fa ba ne ba le kwa nageng, ba ne ba aga mo lefelong leno la Negebe.—Baatlhodi 1:16.

Dilo Tse Baithutamarope ba Neng ba di Ribolola

Marope a kwa Tel Arad a re naya tshedimosetso e e oketsegileng e e kgatlhang ya ditiragalo dingwe tse di kwadilweng mo Baebeleng tse di diragetseng moragonyana. Ka sekai, baithutamarope ba fitlhetse mabota a le mmalwa. Mangwe a mabota ano ke a nako ya fa go ne go busa Kgosi Solomone, yo o neng a itsege ka go aga dikago tse dikgolo mo motseng. (1 Dikgosi 9:15-19) Mo karolong nngwe e baithutamarope ba neng ba epa mo go yone go na le bosupi jwa gore lefelo leo le kile la senngwa gotlhelele ke molelo mme go bolelwa gore seo se diregile mo tshimologong ya lekgolo la bolesome la dingwaga B.C.E. Go bonala seo se diregile mo nakong e le nngwe le ya fa go ne go thopiwa Kgosi Shishake wa Egepeto, dingwaga di ka nna tlhano fela morago ga loso lwa ga Solomone. Kwa borwa jwa Egepeto kwa Karnak, go na le lobota lo lo nang le mokwalo o o gabilweng o e leng segopotso sa go thopiwa ga motse oo mme Arada le yone e umakiwa mo lenaaneng la metse e le mentsi e e neng ya thopiwa.—2 Ditiragalo 12:1-4.

Se se kgatlhang thata ke gore bontsi jwa dikapetla di ka nna 200 tsa letsopa tse di fitlhetsweng koo di ne di na le maina a Sehebera a a fitlhelwang mo Baebeleng, a a jaaka Pashure, Meremothe le bomorwa Kora. Dingwe tsa ditlankana tseno tsa lefatshe di kgatlha thata ka gonne di na le leina la Modimo. Leina leno le na le ditlhaka di le nnè tsa Sehebera יהוה (YHWH)—tse gantsi di bidiwang Thaterakeramatone—leina leno le le tshwanetseng ke la Modimo Mothatayotlhe fela. Moragonyana, tumelobotlhodi e ne ya dira gore batho ba le bantsi ba dumele gore go bitsa kgotsa go kwala leina la Modimo ga go a siama. Le fa go ntse jalo, dilo tse di neng tsa fitlhelwa kwa Tel Arad, fela jaaka tse dingwe tse dintsi, di tlhomamisa gore mo metlheng ya go kwalwa ga Baebele leina la Modimo le ne le dirisiwa ka kgololesego letsatsi le letsatsi, fa go dumedisiwa le fa motho a segofadiwa. Ka sekai, mokwalo mongwe o balega jaana: “Go morena wa me Elyashib. E kete Yahweh [Jehofa] a ka go tlhokomela. . . . O nna mo tempeleng ya ga Yahweh.”

Le fa go ntse jalo, go tweng ka tempele ya masaitseweng e e umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno? Kago e e kwa Tel Arad e go neng ga nna le dikgopolo di le dintsi ka yone, ke tempele e go tloga mo motlheng wa Bajuda e neng e ntse e na le sebeso. Le fa e le nnye fa e bapisiwa le tempele ya ga Solomone e e kwa Jerusalema, e na le dilo di le dintsi tse e tshwanang ka tsone le ya ga Solomone. Tempele ya kwa Arada e ne ya agiwa leng mme e ne e agelwa eng? E ne e dirisiwa jang? Baithutamarope le bakwalahisitori ba fopholetsa fela.

Jehofa o ne a laela ka tlhamalalo gore tempele ya kwa Jerusalema e nne lone fela lefelo le a le amogelang la go keteka meletlo ya ngwaga le ngwaga le ya go ntsha ditlhabelo. (Duteronome 12:5; 2 Ditiragalo 7:12) Ka jalo, Baiseraele ba ne ba nyatsa Molao wa Modimo ka go aga le go dirisa tempele ya kwa Arada, gongwe e le ka nako e ba neng ba dirisa dibeso tse dingwe le go dira meletlo go na go le go obamela Jehofa ka tsela e e tshwanetseng. (Esekiele 6:13) Fa e le gore seo se boammaaruri, gongwe lefelo leno la kobamelo ya maaka le ne la senngwa ka nako ya fa Hesekia kgotsa Josia ba ne ba fetola dilo mo lekgolong la borobedi le la bosupa la dingwaga B.C.E.—2 Ditiragalo 31:1; 34:3-5, 33.

Eleruri, dilo di le mmalwa tse di neng tsa se ka tsa senngwa tsa Arada wa bogologolo di re ruta dithuto tse di botlhokwa. Morago ga makgolokgolo a dingwaga, masalela a dilo tse di epolotsweng a tlhomamisa gore Baebele e boammaaruri, a naya bosupi jwa tshimologo le go palelwa ga kobamelo ya maaka e e itirang e kete ke ya boammaaruri, mme a naya dikai tse di molemo tsa kafa leina la ga Jehofa le neng le dirisiwa ka teng ka tlotlo letsatsi le letsatsi.

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 23]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

JERUSALEMA

Lewatle le le Suleng

Arada

Tel Arad

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Mokwalo o o mo loboteng kwa Karnak, Egepeto

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Karolo ya mokwalo ono e balega jaana: “E kete Yahweh [Jehofa] a ka go tlhokomela”

[Motswedi wa Setshwantsho]

Photograph © Israel Museum, Jerusalem; courtesy of Israel Antiquities Authority

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Karolo ya tempele kwa Tel Arad, e e bontshang sebeso

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Fa o lebile kago ya phemelo ya Tel Arad gotswa kafa botlhabatsatsi

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 25]

Todd Bolen/Bible Places.com