Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo o Nkutlwetse Botlhoko

Modimo o Nkutlwetse Botlhoko

Modimo o Nkutlwetse Botlhoko

Jaaka go boletse Bolfenk Moc̆nik

“Jaanong o nne maatla.” Ao e ne e le mafoko a a tlhotlheletsang, a a botlhokwa a Mmè a neng a a bua fa a ntse a ntlamparetse. Masole a ne a re kgaoganya mme tsheko ya tswelela. Kgabagare ke ne ka atlholelwa dingwaga tse tlhano mo kgolegelong. Gongwe batho ba le bantsi ba ne ba ka tshoswa ke seo fela thata. Mme gone, go bua boammaaruri, ke ne ka ikutlwa ke ritibetse thata mo maikutlong. Mma ke tlhalose.

DITIRAGALO tse di tlhalositsweng fa godimo di ne tsa diragala ka 1952 kwa Slovenia. * Mme gone, tota polelo ya botshelo jwa me e simolotse dingwaga di feta masome a mabedi pele ga moo, ka 1930. Ka nako eo Baithuti ba Baebele, ba jaanong ba bidiwang Basupi ba ga Jehofa, ba ne ba rulaganya gore setlhopha sotlhe sa batho ba ba yang kolobetsong mo nageng ya rona, ba kolobediwe ka nako e le nngwe. Batsadi ba me e bong Berta le Franz Moc̆nik, le bone ba ne ba kolobediwa ka nako eo. Ka nako eo ke ne ke na le dingwaga tse thataro mme kgaitsadiake e bong Majda a na le tse nnè. Ntlo ya rona e e neng e le mo toropong ya Maribor, e ne e dirisediwa ditiro tsa Bokeresete.

Adolf Hitler o ne a simolola go busa Jeremane ka 1933 mme a simolola go bogisa Basupi. Basupi ba le bantsi ba kwa Jeremane ba ne ba fudugela kwa Yugoslavia go thusa mo tirong ya go rera. Batsadi ba me ba ne ba itumelela go etelwa ke batho bano ba ba ikanyegang. Mongwe wa baeng bano yo ke mo gakologelwang sentle e ne e le Martin Poetzinger, yo moragonyana a neng a fetsa dingwaga di le robongwe mo dikampeng tsa pogiso tsa Banasi. Moragonyana ga foo, o ne a direla e le leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa go simolola ka 1977 go fitlha a swa ka 1988.

Ka metlha fa Martin a re etetse o ne a robala mo bolaong jwa me, mme nna le kgaitsadiake re ne re robala le batsadi ba rona mo kamoreng ya bone. O ne a na le saetlopedia e nnye ya mebalabala e e ileng ya nkgatlha fela thata. Ke ne ke rata go phetlha buka eo.

Nako ya Diteko Tse di Boima

Ka 1936, fa puso ya ga Hitler e ntse e gola, batsadi ba me ba ne ba nna teng mo kopanong e kgolo ya boditšhabatšhaba kwa Lucerne, Switzerland. E re ka rre a ne a bua ka kodu, o ne a tlhophiwa kwa kopanong eo gore a gatise dithero tsa Baebele tse moragonyana di neng tsa tshamekelwa beng ba matlo mo Slovenia yotlhe. Moragonyana fela ga kopano eo e e sa lebalesegeng, Basupi ba kwa Yuropa ba ne ba simolola go bogisiwa botlhoko. Bontsi jwa bone ba ne ba boga thata mme ba swela mo dikampeng tsa pogiso tsa Banasi.

Ntwa ya Lefatshe II e ne ya simolola ka September 1939 mme ka April 1941, masole a Jeremane a ne a setse a gapile dinaga dingwe tsa Yugoslavia. Dikolo tsa kwa Slovenia di ne tsa tswalwa. Re ne re sa letlelelwa go bua puo ya rona mo mafelong a batho botlhe. E re ka Basupi ba ga Jehofa ba sa tseye karolo mo dintweng tsa sepolotiki, ba ne ba gana go nna le seabe mo dintweng tseo. * Ka ntlha ya seo, bontsi jwa bone ba ne ba tshwarwa le go tsenngwa mo kgolegelong mme bangwe ba ne ba bolawa—go akaretsa le lekawana lengwe le ke neng ke le itse thata e bong Franc Drozg. Masole a Banasi a a bolayang batho ka go ba thuntsha a ne a bolaela batho mo lefelong le le neng le le dimetara di ka nna lekgolo go tswa kwa legaeng la rona. Ke gopola ke bona Mmè a itswadile ditsebe ka letsela, gore a se ka a utlwa modumo wa ditlhobolo. Mafoko a bofelo a Franc a neng a a kwala mo lekwalong le a neng a laela tsala ya gagwe e kgolo a ne a re: “Ke tla go bona mo Bogosing jwa Modimo.”

Sengwe Se ke Se Ikwatlhaelang Thata

Ka nako eo ke ne ke na le dingwaga tse 19. Le fa ke ne ke kgatlhwa ke tsela e Franc a neng a nitame ka yone, ke ne ke tshogile. A le nna ke ne ke tlile go swa? Tumelo ya me e ne e le bokoa mme kamano ya me le Jehofa Modimo e ne e sa nonofa thata. Ke ne ka bilediwa go tsenela bosole. E re ka ke ne ke tshogile thata mme tumelo ya me e sa nonofa, ke ne ka dumela.

Ke ne ka romelwa kwa masole a rona le a Russia a neng a lwela gone. Go ise go ye kae ke ne ka bona masole a ke neng ke na le one a swa fa pele ga me. Ntwa eo e ne e tshosa e bile e le setlhogo. Segakolodi sa me se ne sa ntshwenya le go feta. Ke ne ka kopa Jehofa gore a intshwarele le gore a nneye nonofo ya gore ke tsamaye mo tseleng e e siameng. Fa masole a baba a ne a tlhasela, go ne ga nna le tlhakatlhakano mo kampeng ya rona ya sesole, mme ka bona tshono ya go tshaba.

Ke ne ke itse gore fa nka tshwarwa, ke ne ke tla bolawa. Mo dikgweding tse supa tse di latelang, ke ne ka iphitlha mo mafelong a a farologaneng. Ke ne ka ba ka kgona le go romelela Majda posokarata e e nang le mafoko a a reng: “Ke tlogetse mothapi wa me mme gone jaanong ke direla yo mongwe.” Ke ne ke raya gore jaanong ke ne ke ikemiseditse go direla Modimo mme go ne ga ntsaya nako pele ga ke dira jalo.

Ka August 1945, dikgwedi di le tharo morago ga gore Jeremane e ineele mo Dinageng Tsa Semphato, ke ne ka kgona go boela kwa Maribor. Mme ka lesego, rotlhe—rre, mmè le kgaitsadiake—re ne re falotse ntwa eo e e maswe. Le fa go ntse jalo, ka nako eo, go ne go busa Makomonise mme ba ne ba bogisa Basupi ba ga Jehofa. Tiro ya go rera e ne ya thibelwa semolao mme Basupi ba ne ba tswelela pele ba rera mo sephiring.

Ka February 1947, Basupi ba bararo ba ba ikanyegang—Rudolf Kale, Dus̆an Mikić le Edmund Stropnik—ba ne ba atlholelwa loso. Le fa go ntse jalo, moragonyana katlholo ya bone e ne ya fetolwa go nna dingwaga di le 20 mo kgolegelong. Metswedi ya dikgang e ne ya gasa thata ka seno, ka jalo batho ba le bantsi ba ne ba simolola go itse gore Basupi ba ne ba sa tshwarwe sentle. Fa ke bala ka seo mo makwalodikgannyeng, ke ne ka utlwa botlhoko fela thata. Ke ne ke itse gore ke tshwanetse go dira eng.

Ke Nonofa Semoyeng

Le fa go ne go le thata, ke ne ka lemoga gore ke tshwanetse go emela boammaaruri jwa Baebele, ka jalo ke ne ka leka ka natla gore ke dirisiwe mo tirong ya go rera e e neng e dirwa mo sephiring. Ka ntlha ya go bala Baebele ka tlhoafalo, moya o o boitshepo o ne wa nthusa gore ke nne le maatla a go tlogela mekgwa e e sa siamang e e jaaka go goga motsoko.

Ka 1951, ke ne ka bontsha boineelo jwa me mo Modimong ka go kolobediwa mme ke ne ka simolola go latela tsela e ke neng ka e tlogela dingwaga di ka nna lesome tse di fetileng. Kgabagare ke ne ka simolola go lemoga gore Jehofa ke Rre wa mmatota—yo o ikanyegang le yo lorato lwa gagwe lo sa feleng. Le fa ke ile ka dira ditshwetso tse di seng botlhale fa ke ne ke le mosha, ke ne ka amega thata mo pelong fa Baebele e ntlhomamisetsa gore Modimo o a itshwarela. E re ka Modimo e le Rre yo o lorato, o ne a nna a nkgoga “ka megala ya lorato.”—Hosea 11:4.

Mo nakong eo e e thata, re ne re tshwara dipokano tsa Bokeresete mo sephiring mo magaeng a Basupi ba ba farologaneng mme re ne ra tswelela pele ka tiro ya rona ya go rera mo sephiring. Mo nakong e e kwa tlase ga ngwaga fela morago ga gore ke kolobediwe, ke ne ka tshwarwa. Mmè o ne a mpona pelenyana fela ga tsheko e simolola. Jaaka go umakilwe mo tshimologong ya setlhogo seno, o ne a ntlamparela mme a ntaela jaana: “Jaanong o nne maatla.” Ke ne ka tswelela ke ritibetse mme ke tletse boikemisetso fa ke ne ke atlholelwa dingwaga di le tlhano mo kgolegelong.

Ke ne ka tsenngwa mo seleng e nnye le bagolegwa ba bangwe ba bararo, ka jalo ke ne ka kgona go rerela banna bano ka boammaaruri jwa Baebele jo ba neng ba se kitla ba bo utlwa fa ke ne ke sa kopana le bone mo kgolegelong. Le fa ke ne ke se na Baebele kgotsa dikgatiso tsa Baebele, ke ne ka gakgamadiwa ke gore ke ne ke kgona go gakologelwa ditemana le ditlhaloso tsa tsone tse ke neng ka di ithuta fa ke ne ke ithuta Baebele ke le esi. Ke ne ke ntse ke bolelela bagolegwa mmogo le nna gore fa ke ne nka tshwanelwa ke go nna dingwaga di le tlhano mo kgolegelong, Jehofa o ne a tla nnaya nonofo ya go itshoka. Le fa go ntse jalo, gongwe a ka nna a dira gore ke ntshiwe pele dingwaga tse tlhano di fela. Ke ne ka ba bolelela gore fa Jehofa a ka dira jalo, ke mang yo o neng a tla mo kganela?

Go Direla Re na Le Kgololesego e e Rileng

Ka November 1953, puso e ne ya itshwarela Basupi ba ga Jehofa; mme Basupi botlhe ba ba neng ba le mo kgolegelong ba ne ba gololwa. Ka yone nako eo ke ne ka utlwa gore go thibelwa ga tiro ya rona ya go rera go ne go fedisitswe dikgwedi di le pedi pelenyana. Re ne ra simolola go rulaganya gape diphuthego le tiro ya go rera. Re ne ra bona lefelo le re ka tshwarelang dipokano mo go lone mo phaposing e e kwa tlase ya kago e e mo bogareng jwa Maribor. Re ne ra baya letshwao le le reng: “Basupi ba ga Jehofa—Phuthego ya Maribor,” mo loboteng. Dipelo tsa rona di ne di tletse kanaanelo e kgolo gonne re ne re kgona go direla Jehofa ka kgololesego.

Mo tshimologong ya 1961, ke ne ka tsaya bodiredi jwa nako e e tletseng ke le mmulatsela. Dikgwedi di ka nna thataro morago ga moo, ke ne ka kopiwa go ya go direla kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Yugoslavia. Ofisi eo e ne e le kwa Zagreb, Croatia. Ka nako eo lekala le ne le na le kamore e nnye e le nngwe le badiri ba banna ba le bararo. Bakeresete ka rona ba ba neng ba nna gaufi ba ne ba tla motshegare go tla go thusa go gatisa dimakasine tsa Tora ya Tebelo le tsa Tsogang! ka dipuo tsa lefelo leo.

Basadi ba Bakeresete ba ba neng ba nna gaufi ba ne ba tla go thusa ka tiro eo. Dingwe tsa dilo tse ba neng ba di dira e ne e le go rokaganya ditsebe tsa dimakasine. Ke ne ke dira ditiro tse di farologaneng tse di jaaka go bala ke tla ke leba diphoso, go ranola, go tsamaisa dilwana mmogo le go kgobokanya direkoto.

Ke Newa Kabelo e Nngwe

Ka 1964, ke ne ka newa kabelo ya go nna molebedi yo o etang, seo se ne se akaretsa go etela diphuthego di le dintsi tsa Basupi ka metlha, go ba nonotsha mo tumelong. Ke ne ke rata tiro eno fela thata. Gantsi ke ne ke dirisa bese kgotsa terena go etela diphuthego. E le gore ke kgone go fitlhelela Basupi ba ba nnang kwa metsaneng, gantsi ke ne ke tsamaya ka baesekele kgotsa ka maoto, ka dinako tse dingwe mo seretseng se se fitlhang mo mangenaneng.

Ka dinako tse dingwe go ne go diragala dilo tse di tshegisang. Mokaulengwe mongwe wa Mokeresete o ne a nkisa kwa phuthegong e nngwe ka kara ya dipitse. Fa re ntse re tsamaya mo tseleng ya mmu, leotwana la kara le ne la somoga. Re ne ra wela fa fatshe. Fa re ntse re dutse mo mmung, re lebile pitse, e ne ya re gotolela matlho e kete e gakgametse. Le fa tiragalo eno e diragetse dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, e sa ntse e re tshegisa. Ke tla nna ke gopola boipelo jo ke neng ka nna le jone ka ntlha ya lorato lo lo senang boitimokanyi lo ditsala tseo tsa rona di re bontshitseng lone kwa metsaneng eo.

Kwa toropong ya Novi Sad, ke ne ka simolola go tsalana le Marika, yo e neng e le mmulatsela. Tsela e a neng a rata boammaaruri jwa Baebele ka yone le e a neng a tlhagafaletse bodiredi ka yone, e ne ya nkgatlha thata mo ke neng ke batla go mo nyala. Moragonyana fa re sena go nyalana, re ne ra itumelela go etela diphuthego mmogo mo tirong eno ya go eta.

Lelapa la gaetsho le ne la itshokela mathata fa tiro ya rona e ntse e thibetswe. Rre o ne a latofadiwa ka ditatofatso tsa maaka tsa gore o ne a dirisana le baba ka nako ya ntwa mme o ne a latlhegelwa ke tiro ka ntlha ya seo. O ne a leka ka natla gore a busediwe mo tirong mme o ne a palelwa, seo se ne sa mo kgoba marapo fela thata. Tumelo ya gagwe e ne ya koafala ka lobakanyana mme e ne ya nonofa gape pele a tlhokafala. Fa a ne a tlhokafala ka 1984, o ne a ntse a direla mo phuthegong ka tlhoafalo. Mmè yo o neng a le boikokobetso e bile a ikanyega o ne a tlhokafala pele ga rre ka 1965. Majda o sa ntse a direla le phuthego ya Maribor.

Bodiredi Jwa Rona mo Austria

Ka 1972, nna le Marika re ne ra amogela taletso ya go ya kwa Austria go ya go rerela batho ba bantsi ba kwa Yugoslavia ba ba neng ba fudugetse koo go batla tiro. Fa re ne re goroga kwa Vienna, e leng motsemoshate wa Austria, re ne re sa itse gore re tla nnela ruri mo kabelong eo. Ka bonya ka bonya diphuthego tse disha le ditlhopha tse di buang dipuo tse di neng di dirisiwa kwa Yugoslavia di ne tsa tlhomiwa mo Austria yotlhe.

Fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka nna molebedi yo o etang, ke etela diphuthego le ditlhopha tseno tse di ntseng di gola mo nageng eo yotlhe. Moragonyana, re ne ra kopiwa go etela le diphuthego tse di tshwanang le tseo tsa Jeremane le Switzerland tse di neng di sa tswa go tlhomiwa. Ke ne ka kgona go thusa go rulaganya dikopano tse dintsi tse dinnye le tse dikgolo mo dinageng tseo.

Ka dinako tse dingwe, maloko a Setlhopha se se Laolang a ne a etela dikopano tseo tse dikgolo mme ke ne ka kgona go kopana gape le Martin Poetzinger. Re ne re tlotla ka ditiragalo tsa dingwaga di ka nna 40 tse di fetileng fa a ne a tle a etele lelapa la gaetsho. Ke ne ka mmotsa jaana, “A o gakologelwa kafa ke neng ke rata go phetlha saetlopedia e nnye ya gago ka gone?”

O ne a re, “iketle pele” a bua jalo a tswa mo phaposing e re neng re le mo go yone. O ne a boa a tshotse buka eo mme a e nnaya. O ne a re, “ke go e naya e le mpho e e tswang mo tsaleng ya gago.” Buka eno e sa ntse e le nngwe ya dibuka tse ke di ratang thata.

Mathata a Botsogo —Mme Gone ke sa Ntse ke Tlhagafetse

Ka 1983, ke ne ka bolelelwa gore ke na le bolwetse jwa kankere. Moragonyana fela ga moo, ke ne ka bolelelwa gore ke tlile go swa. Eno e ne e le nako e e ngomolang pelo fela thata, segolobogolo jang mo go Marika, mme ka ntlha ya go bo a ntlhokometse ka lorato le ka ntlha ya kemonokeng ya bakaulengwe ba bantsi ba Bakeresete, ke sa ntse ke itumelela botshelo ka botlalo.

Nna le Marika re sa ntse re le mo bodireding jwa nako e e tletseng mo Vienna. Moso mongwe le mongwe ke ya kwa dikagong tsa lekala go ya go dira tiro ya go ranola mme Marika ene o nna a tshwaregile mo tirong ya go rera mo motseng. Ke itumela fela thata fa ke bona kafa setlhopha se sennye sa batho ba kwa Yugoslavia ba ba fudugetseng mo Austria se godileng ka gone mo palo ya bone e fetang 1 300. Nna le Marika re ne ra nna le tshiamelo ya go thusa bontsi jwa bone go ithuta boammaaruri jwa Baebele.

Mo dingwageng tsa bosheng jaana, ke nnile le tshiamelo ya go nna le seabe mo dithulaganyong tsa go kgakola dikago tse disha tsa ofisi ya lekala kwa direpaboliking tsa bogologolo tsa Yugoslavia—nngwe kwa Croatia ka 1999 mme e nngwe kwa Slovenia ka 2006. Ke ne ke le mongwe wa Basupi ba bogologolo ba ba neng ba kopiwa go bua ditiragalo tsa kafa tiro ya go rera e simologileng ka gone mo dinageng tseno dingwaga di ka nna 70 tse di fetileng.

Ruri Jehofa ke Rre yo o lorato yo o ipaakanyeditseng go itshwarela makoa a rona le diphoso tsa rona ka tsela e kgolo! A bo ke leboga jang ne go bo Jehofa a sa lebelele ditlolo! (Pesalema 130:3) Ruri o nnile pelonomi mo go nna e bile o nkutlwetse botlhoko.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Ka nako eo Yugoslavia e ne e dirwa ke direpaboliki tse thataro, go akaretsa le Slovenia.

^ ser. 9 Go bona lebaka la Dikwalo la go bo Basupi ba ga Jehofa ba gana go ya ntweng, bona setlhogo se se reng “Babadi ba a Botsa” mo tsebeng ya 25 ya makasine ono.

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Go tloga ka fa molemeng go ya ka fa mojeng: Batsadi ba me, Berta le Franz Moc̆nik, nna le kgaitsadiake Majda, kwa Maribor, Slovenia, ka bo1940

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke na le mosadi wa me Marika