Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Itse Rrago yo o Kwa Legodimong?

A o Itse Rrago yo o Kwa Legodimong?

A o Itse Rrago yo o Kwa Legodimong?

O ITSE rrago sentle go le kana kang? O ka nna wa se ka wa tlhaloganya potso eno fa e le gore o goletse mo lelapeng le le lorato. O ka nna wa araba ka gore, ‘Ee, ke mo itse sentle!’ Ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba itse dilo tse borraabone ba di ratang le tse ba sa di rateng, kafa ba itshwarang ka gone mo maemong mangwe a a rileng le kafa ba tlhokomelang malapa a bone ka gone.

Le fa go ntse jalo, gongwe ka dinako tse dingwe o kile wa bona rrago a itshwara ka tsela e o neng o sa e lebelela. Ka sekai, ngwana a ka tswa a itse rraagwe e le motho yo o sa rateng go bua thata e bile a le bonolo—go fitlha go tlhaga maemo mangwe a a neng a sa lebelelwa. Ka tshoganyetso fela, o bona bopelokgale jwa ga rraagwe fa a sireletsa lelapa la gagwe.

Go tweng ka Mmopi wa rona? Re bolelelwa jaana ka ene: “Ka ene re na le botshelo mme re a tshikhinyega.” (Ditiro 17:28) Modimo ke ene yo o re neileng botshelo; ka jalo, ke Rre wa botlhe ba ba tshelang. (Isaia 64:8) Gongwe ke kafa o ikutlwang ka teng ka Modimo, mme go siame go ikutlwa jalo ka gonne ke kafa re tshwanetseng go ikutlwa ka gone. Le fa go ntse jalo, go na le dilo tse dintsi tse re ka di itseng le tse re ka di ithutang ka ene—tse di ka re solegelang molemo le tse di ka re itumedisang.

Tsela e o ikutlwang ka yone ka rrago le tsela e o mo tlotlang ka yone e ikaegile ka gore o mo itse sentle go le kana kang. Ka tsela e e tshwanang, fa o itse Modimo sentle, o tla nna le kamano e e atamalaneng thata le ene. Modimo a ka go thusa go itshokela mathata a o kopanang le one mo botshelong fa o ka mo itse sentle le go ithuta go dira thato ya gagwe.

Modimo ke motho wa mofuta mang? Dinonofo tsa gagwe di tshwanetse go ama jang kafa o ikutlwang ka gone ka ene? A go mo itse go dira gore o nne le maikarabelo mangwe? O tla bona dikarabo tsa dipotso tseno mo setlhogong se se latelang.

[Mafoko a a mo go tsebe 3]

Tsela e o ikutlwang ka yone ka batho ba bangwe e ka tlhotlhelediwa ke gore o ba itse sentle go le kana kang