Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Ke ka ntlha yang fa Judase a ne a newa dipapetlana di le 30 tsa selefera gore a oke Jesu?

Fa Judase Isekariota a ne a kopana le baperesiti ba bagolo go bona gore ba ne ba tla mo naya bokae gore a oke Jesu, ba ne ba mo solofetsa go mo naya “dipapetlana tsa selefera di le masome a mararo.” (Mathaio 26:14, 15) Madi ano a supa kafa ba neng ba tlhoile Jesu ka gone le kafa ba neng ba mo tsaya e se motho wa sepe ka gone.

Madi a go buiwang ka one e ka tswa e ne e le dishekele tsa selefera, madi a a neng a dirisiwa ke Bajuda. Madi ano a ne a ka reka eng? Molao wa ga Moshe o ne o re madi ano ke tuelo ya motlhanka. Dishekele di le masome a mararo di ne di ka kgona go reka setsha.—Ekesodo 21:32; Mathaio 27:6, 7.

Fa moporofeti Sekarea a ne a re Baiseraele ba ba sa ikanyegeng ba mo duele ka ntlha ya tiro ya gagwe ya go nna modisa wa batho ba Modimo, ba ne ba mo naya “dipapetlana tsa selefera di le masome a mararo.” Ba ne ba nyatsa moporofeti wa Modimo ka boomo, ba bontsha gore ba ne ba mo tsaya e le motho yo o tshwanang fela le motlhanka. Ka jalo, Jehofa o ne a laela Sekarea jaana: “E latlhele mo bobolokela matlotlong—tlhwatlhwa e kgolo e ke e lekantsweng go ya ka pono ya bone.” (Sekarea 11:12, 13) Se Sekarea a ileng a se dira ka go ikobela taelo eno se re gopotsa se Judase a neng a tla se dira ka madi a a neng a a bone ka ntlha ya go oka Ene yo Jehofa a neng a mo tlhomile go nna modisa wa Iseraele.—Mathaio 27:5.

“Lekwalo la tlhalo” le le umakilweng mo Baebeleng e ne e le eng?

Molao wa ga Moshe o ne o re: “Fa go direga gore monna a tseye mosadi . . . jaaka mosadi, go tla diragala gore fa mosadi a sa bone kamogelo mo matlhong a gagwe ka go bo monna a fitlhetse sengwe se se seng sentle mo go ene, a monna a mo kwalele lekwalo la tlhalo a le tsenye mo seatleng sa gagwe a ba a mo tsamaisa a mo ntsha mo ntlong ya gagwe.” (Duteronome 24:1) Tiro ya lekwalo leno e ne e le eng? Baebele ga e re bolelele gore go ne go kwalwa eng mo lekwalong leno, mme ga go pelaelo gore le ne le tshwanetse go sireletsa ditshwanelo le dikgatlhego tsa mosadi yo o tlhadilweng.

Ka 1951-1952, go ne ga fitlhelwa dilo di le dintsi tsa bogologolo mo dikgageng kwa bokone jwa Wadi Murabbaat, e leng noka e e kgadileng e e kwa sekakeng sa Judea. Mo gare ga mekwalo e le mentsi e e neng ya fitlhelwa koo go ne go na le lekwalo la tlhalo le le kwadilweng ka Searamaika la letlha la 71 kgotsa 72 C.E. Le ne le tlhalosa se se neng sa direga ka letsatsi la ntlha la kgwedi ya Marheshvan, mo kgweding ya borataro ya go tsuologa ga Bajuda kgatlhanong le Roma. Joseph, morwa Naqsan, yo o nnang kwa Masada, o ne a tlhala Miriam, morwadia Jonathan wa kwa Hanablata. Jaanong o ne a gololesegile go nyala monna mongwe le mongwe wa Mojuda yo o neng a mo rata. Joseph o ne a busa bogadi jwa ga Miriam le go mo duela go menagane ganè sengwe le sengwe sa dilo tsa gagwe tse di neng di senyegile. Lekwalo leno la tlhalo le ne le saenilwe ke Joseph le basupi ba le bararo—Eliezer, morwa Malka, Joseph, morwa Malka; le Eleazar, morwa Hanana.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Dikgaga tsa kwa Wadi Murabbaat

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Lekwalo la tlhalo le le nang le letlha la 71/72 C.E.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Caves: Todd Bolen/Bible Places.com; certificate: Clara Amit, Courtesy of the Israel Antiquities Authority