“Fa o Fitlha mo Nokeng ya Coco, e ya Kwa Mojeng”
Lekwalo le le Tswang Kwa Nicaragua
“Fa o Fitlha mo Nokeng ya Coco, e ya Kwa Mojeng”
“O TLA tlhoka koloi e e gogang ka maoto a le manè, motšhine o o gogang dilo tse di boima le dikane tse di lekaneng tsa peterole. Itse gore o ka nna wa feta mo seretseng se se fitlhang mo aseng ya koloi. Mme fa o fitlha mo nokeng ya Coco, o ye kwa mojeng.”
Go bua boammaaruri fela, mafoko ano a morongwa mmogo le nna a ne a nkgoba marapo. Le fa go ntse jalo, moso mongwe wa Labobedi ke ne ka simolola loeto lwa me go ya kwa kopanong ya Bakeresete kwa Wamblán, e leng torotswana e e kafa bokone jwa Nicaragua.
Ke ne ka tsena mo Tselengkgolo ya Pan-American ka mahube, ke tsamaya ka lori ya me ya bogologolo e e neng e sa ntse e tsamaya sentle. Fa ke fitlha kwa Jinotega, ke ne ka tsena mo tseleng ya mmu e batho ba lefelo leo ba e bitsang feo, kgotsa tsela e e maswe. Pele ke tswa mo toropong eo ke ne ka bona mabenkele a le mabedi, le lengwe le bidiwa Kgakgamatso ya Modimo mme le lengwe Tsogo ya Baswi.
Tsela eo e ne e le matsoketsane, e tlhatloga e bile e fologela. Ke ne ke kgweetsa ka iketlo mo gare ga mangope. Ke ne ka feta mo letsheng le legolo mo mokgatšheng o o kwa godimo mo thabeng e e khurumeditsweng ke maru. Fa ke feta mo mouwaneng ke ne ka bona ditlhare tse di tlhomaganeng tse di nang le dithunya mme go na le semela sengwe se se neng se ithatheleditse ka tsone.
Mo tseleng nngwe e e fapogang ke ne ka batla go thulana le bese e e neng e tsamaya mo gare ga tsela. E ne e kgwa mosi o montsho mme matlapa a ne a tlola fa dithaere tsa yone di a gata. Mo difensetereng tsa kwa pele tsa dibese tsa kwa Nicaragua, go kwadilwe sereto sa mokgweetsi yo o dikgoka ka ditlhaka tse di bonalang sentle: Mofenyi, Phepheng, Tlhware kgotsa Motsomi.
Fa tadi e amusa ke ne ke setse ke tsamaya mo Dipoeng tsa Pantasma. Koo ke ne ka feta ntlo e e dirilweng ka logong e e neng e le mo jarateng e patlelo ya yone e neng e feetswe. Se ke neng ke se bona foo e ne e kete ke setshwantsho se se mo bukeng ya bogologolo: Monnamogolo yo o ntseng mo bankeng, ntša e e robetseng kafa tlase ga setlhare, le dipholo tse pedi tse di golegilweng mmogo mo kolotsaneng e e nang le maotwana a logong. Mo torotswaneng nngwe ke ne ka bona setlhopha se segolo sa bana ba ba neng ba tswa mo sekolong. Ba ne ba apere diaparo tsa sekolo tse di bobududu jo bo tseneletseng mme ba tletse mo mmileng o mogolo e kete ke lekhubu le le phatšagelang mo lotshitshing lwa lewatle.
Letsatsi le ne le fisa fa ke ntse ke atamela Wiwilí mme ke ne ka bona noka ya Coco lekgetlo la ntlha. Noka eno e ne e le karolo e kgolo ya toropo eno mme e ne e nna e elela. Ke ne ka gopola ditaelo tse ke neng ke di neilwe, ka ya kafa mojeng mme ka tsena mo tseleng e e kotsi ya dikilometara di le 37 e e yang kwa Wamblán.
Ke ne ke kgweetsa mo tseleng e e tletseng maje le dikhuti, mme lori e ne e phatšha metsi mo melatswaneng e le robedi kgotsa e le robongwe e ke neng ka feta mo go yone. Ke ne ka kuisa lerole fa ke ntse ke leka go tila go tsena mo meseleng ya seretse se se omileng. Lerole
leo le ne le tletse gotlhe mo le neng le nkgama. Kgabagare tsela eo e ne ya fitlha kwa bokhutlong, mme ka goroga kwa Wamblán, mo lefelong le le tletseng meriti ya ditlhare tse di mo mokgatšheng.Mo letsatsing le le latelang, go ne go lebega mongwe le mongwe a setse a tsogile ka 4:30 a.m. Ke ne ka tsoga pele ga nako ka ntlha ya mekoko e e neng e lela e sa kgaotse, mme ka ya go tsamayatsamaya kwa mmileng o mogolo. Go ne go utlwala monko wa diphaphatha tse di neng di ntse di bakiwa mo diontong.
Motaki mongwe wa mo lefelong leo o ne a takile ditshwantsho tse di mebalabala tsa paradaise mo maboteng mangwe. Mabenkele a a leng mo dikhutlong tsa mmila a ne a na le matshwao a a bapatsang mefuta e e farologaneng ya dinotsididi. Go ne go na le diphasalatso tse di kwadilweng dilo tse dipuso tse tharo tse di fetileng di neng tsa di solofetsa batho. Matlwana a lefelo leo a boithomelo a a neng a dirilwe ka disenke a ne a ageletswe mo godimo ga samente.
Ke ne ke dumedisa batho ke re Adiós e ka Se-Spain e rayang salang sentle mme mo bathong bangwe ba kwa Nicaragua e kayang dumela. Ba ne ba nyenya e bile ba bua le nna ba le botsalano. Re ne re tshwanelwa ke go buela kwa godimo ka ntlha ya modumo wa pharakano ya mo lefelong leo—modumo wa ditlhakwana tsa dipitse le tsa dimmoulo.
Mo maitseboeng a Labotlhano, malapa a ne a setse a goroga go tla kopanong ya malatsi a le mabedi. Ba ne ba tla ka dinao, ka dipitse le ka dilori. Go ne go na le basimanyana le basetsanyana ba ba tsamaileng loeto lwa diura di le thataro ba rwele bompaatšhane ba ba dirilweng ka polasetiki. Ba ne ba kgabaganya noka e gaufi le yone go neng go na le dibomo tse di epetsweng mo mmung mme ba tsamaya mo metsing ao le fa a ne a na le menopi. Bangwe ba bone ba ne ba tswa kgakala mme ba tshwere dijo tse dinnye fela—raese e e tshetsweng mafura a kolobe. Batho bano botlhe ba ne ba tlile go dira eng?
Ba ne ba tlile go nonotsha tsholofelo e ba nang le yone ka isagwe e e botoka. Ba ne ba tlile go reetsa fa ba rutwa Baebele. Ba ne ba tlile go itumedisa Modimo.
Letsatsi la Matlhatso le ne la goroga. Bareetsi ba ba fetang 300 ba ne ba ntse mo dibankeng le mo ditulong tsa polasetiki kafa tlase ga marulelo a masenke. Bommè ba ne ba jesa masea a bone. Mo polasing e e fa gaufi go ne go utlwala modumo wa dikolobe le mekoko e e lelang.
Themperetšha e ne e tlhatloga, mme go ise go ye kae ke fa go le thata go itshokela mogote. Le fa go ntse jalo, batlakopanong ba ne ba reeditse ka tlhoafalo kgakololo le kaelo e ba neng ba e newa. Ba ne ba tsamaisana le sebui fa se ntse se bala ditemana tsa Baebele, ba opela dipina tse di theilweng mo ditlhogong tsa Baebele mme ba reeditse ka tlotlo fa go rapelwa.
Morago ga thulaganyo ke ne ka ya go tshameka motshameko mongwe le bana. Mme morago ga moo re ne ra boeletsa dintlha tsa kopano tse basha ba neng ba di kwadile. Ke ne ka ba bontsha ditshwantsho tsa dinaledi le masagaripa tse di leng mo khomputareng ya me. Bana ba ne ba nyenya mme batsadi ba bone ba ne ba itumetse.
Go ise go ye kae, kopano e ne ya fela mme mongwe le mongwe a tshwanelwa ke go boela gae. Ke ne ka tsamaya mo mosong o o latelang, mogopolo wa me o tletse ka dilo tse di agang mme pelo ya me yone e phophoma ka lorato lo ke ratang ditsala tsa me tse disha ka lone. Ke ikemiseditse go ba etsa mme ke ithute go kgotsofala le go letela Modimo.
[Ditshwantsho mo go tsebe 17]
Malapa a ne a tsaya loeto lwa dikilometara di le dintsi go ya kwa kopanong ya kwa Wamblán