Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke ne Ka Lemoga Kafa Botshelo bo Leng Botlhokwa Thata ka Gone

Ke ne Ka Lemoga Kafa Botshelo bo Leng Botlhokwa Thata ka Gone

Ke ne Ka Lemoga Kafa Botshelo bo Leng Botlhokwa Thata ka Gone

E NE E LE MO MOSONG WA APRIL 16, 2007. Fa ke ntse ke iphitlhile mo sekhutlhwaneng sa ofisi e e neng e le mo boalong jwa boraro mo Norris Hall kwa dikagong tsa setheo sa Virginia Polytechnic Institute le State University, kgotsa Virginia Tech, ke ne ka gakololwa gape kafa re tshwanetseng go lebogela ka gone letsatsi lengwe le lengwe le le itumedisang la botshelo le re nnang le lone.

Ke ne ke le mo ofising ya me ke ipaakanyetsa go ya kwa boalong jwa bobedi go ya go tsaya poso. Monna mongwe yo e neng e le porofesa o ne a tla go nkopa gore ke ye kwa ofising ya gagwe go ya go mo thusa ka bothata bongwe jwa khomputara. Fa re tsena mo ofising ya gagwe, re ne ra utlwa modumo wa tlhobolo e e neng e thuntshakaka mo boalong jwa bobedi. E re ka re ne re sa itse se se neng se direga, re ne ra itlhaganelela mo ofising ya gagwe, ra lotlela setswalo ra leta re tshogile go bona se se neng se tla direga ka matshelo a rona mo metsotsong e e latelang. Ke ne ka iphitlha mo sekhutlhwaneng mme ka rapela Jehofa Modimo ka tlhoafalo, ke mo kopa gore a nthuse go lebana le sengwe le sengwe se se tla diragalang.

Fa re ntse re letile, ke ne ka gakologelwa se se neng sa diragala dingwaga di le 15 tse di fetileng. Ke ne ke le makheneke wa dikoloi mo lefelong la go baakanya dikoloi. Kane ya peterolo e modirikanna a neng a e tshwere e ne ya tshwara molelo. Ka a ne a tshogile, o ne a e latlhela mo sefatlhegong sa me ka phoso! Ke ne ka hema mosi wa molelo oo mme ka sha thata go simolola mo lothekeng go fitlha mo tlhogong. Ke ne ka isiwa ka helikopotara kwa bookelong jo bo alafang batho ba ba sheleng thata, mme ka fetsa dikgwedi di le tharo le halofo ke le mo phaposing ya balwetse ba ba lwalang thata, ke kgaratlhela go tshela. Morago ga dikgwedi di le tlhano ke alafiwa le go thusiwa gore ke kgone go tshela ka maemo a ke leng mo go one, ke ne ka kgona go boela gae, ke lebogela fela gore ke a tshela. Tiragalo eo e ne ya nthuta go leba letsatsi lengwe le lengwe le ke tshelang ka lone le le botlhokwa. Gape e ne ya dira gore ke ikemisetse le go feta go dirisa botshelo jwa me mo tirelong ya yo o ileng a nnaya botshelo joo, Jehofa Modimo—ke le mongwe wa Basupi ba gagwe.—Pesalema 90:12; Isaia 43:10.

E re ka ke ne ke sa kgone go baakanya dikoloi ka ntlha ya dikgobalo, ke ne ka ithuta go bereka ka dikhomputara mme ka bona tiro mo Virginia Tech. Ke lone lebaka la go bo ke ne ke le kwa Norris Hall mo mosong oo.

Fa go thuntshakaka moo go ntse go tsweletse, re ne re sa lemoge gore tiragalo eo e e kotsi e e kileng ya direga mo hisitoring ya United States e ne e direga mo boalong jwa bobedi jo bo kafa tlase ga rona. Tiragalo eo e ne ya fela fa ratlhobolo a ne a ipolaya fa a sena go bolaya batho ba le 32 ba ba se nang molato. Morago ga metsotso e ka nna 20, re ne ra utlwa modumo wa mapodise mo phashiting. Re ne ra ba goeletsa, mme ba ne ba re ntsha ba re isa kwa lefelong le le babalesegileng.

Tiragalo eno e e garolang pelo e nthutile kafa botshelo bo leng bokhutshwane e bile bo sa tlhomamang ka gone. (Jakobe 4:14) A bo go le botlhokwa gore re ikanye Monei wa botshelo, Jehofa Modimo, le go tsaya letsatsi lengwe le lengwe e le mpho e e botlhokwa e e tswang kwa go ene!—Pesalema 23:4; 91:2.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]

AP Photo/The Roanoke Times, Alan Kim