Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefatshe le a “Lwala”—A go Na le Kalafi?

Lefatshe le a “Lwala”—A go Na le Kalafi?

Lefatshe le a “Lwala”—A go Na le Kalafi?

MATSHWAO a setse a bonala—themperetšha e ya kwa godimo. Sekai sa seno ke motse wa kwa Alaska wa Newtok, o o kwa borwa jwa Arctic Circle. Aese e e mo mmung o Newtok e agilweng mo go one e a gakologa. Moagi mongwe wa koo yo o bidiwang Frank o ne a bua jaana a hutsafetse: “Ga ke [tlhole] ke batla go nna mo lefelong leno. Le tletse seretse.” Dipatlisiso di bontsha gore mo dingwageng di le lesome, motse ono o o fa thoko ga lotshitshi lwa lewatle o ka nna wa gogolwa ke metsi.

Mokgatlho wa Intergovernmental Panel on Climate Change (IPCC) o ne wa re: “Re ka se ganetse gore tlelaemete e a thuthafala.” Dithemperetšha tse di tlhatlogang lefatshe ka bophara di bontsha gore seno se boammaaruri. Se baitsesaense ba reng ke go fetoga ga tlelaemete se gakaditse maemo a bosa, mme sa baka dikomelelo, dipula tse di maatla, mogote o o feteletseng le dikgwanyape mo lefatsheng lotlhe. Go tla direga eng ka lefatshe? A go na le tharabololo?

Go Batla se se Bakang Bothata mo Lefatsheng

Fela jaaka molwetse yo o mo bookelong, baitsesaense ba tlelaemete ba etse tlhoko matshwao a a masisi a a bontshang gore lefatshe le mo bothateng. Disathalaete di bontsha go ngotlega ga dikgapetla tsa aese, diteishene tsa maemo a bosa di bontsha selekanyo se pula e neleng ka sone, go na le didirisiwa tse di lekanyang dithemperetšha tsa metsi a a kwa tlase a lewatle, go dirisiwa difofane go ela tlhoko selekanyo sa digase tse di mo lefaufaung. Tshedimosetso eno yotlhe e e farologaneng e e malebana le tlelaemete e tsenngwa mo dikhomputareng tse di kgonang go boloka tshedimosetso e ntsi. Tshedimosetso eo e a sekasekiwa e bo e dirisiwa go bonelapele gore go tla direga eng mo masomeng a dingwaga kgotsa mo makgolokgolong a dingwaga go tloga ka nako eo.

Bothata ke eng? Bangwe ba dumela gore lefaufau le tletse ka digase tse di oketsang themperetšha ya lefatshe. Makasine wa Time o bega gore ka 2006 fela, khabonetaeokosaete e e fitlhetsweng mo lefatsheng “e ne e fitlha go palo e e tshosang ya ditone di le dibilione di le 32.” Digase tseo di tshwara mogote wa lefatshe, di dira gore o se ka wa tswela kwa lefaufaung, mme seo se baka go gotela ga moya o o mo loaping. Go tla direga eng? Go ya ka IPCC, fa digase tseno di ka tswelela di tswela kwa lefaufaung ka selekanyo seno, seno se tla baka “diphetogo tse dintsi mo tlelaemeteng ya lefatshe,” mme seo se tla baka tshenyo e kgolo go feta e e setseng e le teng. Jaanong batho ba le bantsi ba dumela gore tharabololo ke gore go fokotswe selekanyo se se leng teng sa khabonetaeokosaete. Le fa go ntse jalo, le fa digase tseo di ka fokodiwa jang, tshedimosetso e e malebana le tlelaemete e e bolokilweng mo khomputareng e bontsha gore gongwe “themperetšha ya lefatshe le selekanyo sa metsi a a mo lewatleng se tla tswelela se tlhatloga ka makgolokgolo a dingwaga.”

Kwa Dikarabo di ka Bonwang Teng

Ke boammaaruri gore go bolelela pele maemo a bosa ke saense e e raraaneng. Kgatiso e e mo Internet ya Earth Observatory e ne ya botsa go re: “Ka sekai, go tla direga eng ka maru fa Lefatshe le thuthafala? A maru a a kwa godimodimo a a tshwarang mogote le a a dirang gore go nne le mogote o o oketsegileng a tla nna mantsi go feta a a kitlaneng le a a thibelang marang a letsatsi? Karabo? Go tla go fitlha le gompieno, baitsesaense ga ba kgone go araba dipotso tseno.”

Kafa letlhakoreng le lengwe, Baebele e tlhomamisa gore Jehofa Modimo ke “Modiri wa legodimo le lefatshe” mmogo le “maru a magolo kwa godimo.” (Genesise 14:19; Diane 8:28) O bua ka tsela ya poko gore ke ene a “tsentseng botlhale mo marung a a tlhatlaganeng.” Ee, Jehofa o tlhaloganya ka botlalo dilo tse baitsesaense ba sa di tlhaloganyeng.—Jobe 38:36.

Ela tlhoko se Modimo a neng a se bua ka atemosefere ya lefatshe jaaka se begilwe mo Baebeleng dingwaga di ka nna 2 700 tse di fetileng: “Pula e e nang e fologa . . . e tswa kwa magodimong mme e sa boele kwa lefelong leo, mme e kolobetsa lefatshe.” (Isaia 55:10) Ruri Baebele e tlhalosa modikologo oo wa metsi ka tsela e e utlwalang sentle! Mouwane o o mo marung o fetoga go nna pula e e ‘kolobetsang lefatshe.’ Mogote wa letsatsi o dira gore metsi a a bongola a mowafale a bo a ‘boela kwa lefelong leo,’ kgotsa kwa lefaufaung go simolola modikologo oo gape. Lefoko la ga Jehofa le ne la senola dintlha tse di gakgamatsang tse di amanang le thulaganyo ya tlelaemete ya lefatshe dingwaga di le makgolokgolo pele dibuka tse di sa bueng ka Baebele di tlhalosa ka seo. A seno ga se dire gore o tshepe Mmopi le se a ka kgonang go se dira? Ka jalo, fa o akanya ka ditlamorago tse di bakilweng ke mathata a a leng teng gone jaanong a tlelaemete, a ga go utlwale gore re lebe go “Motlhodi wa phefo,” ‘rre wa pula’ ene yo o itseng se se diregang ka lefatshe leno?—Amose 4:13; Jobe 38:28.

Lebaka La go Bo Lefatshe le Bopilwe

Le fa go na le dikgopolo tse di farologaneng malebana le isagwe ya lefatshe, go na le sengwe se re tlhomamisegileng ka sone: Lefatshe le farologane le dipolanete tse dingwe. Go farologana le dipolanete tse dingwe, le na le ditshedi tse di farologaneng tse di kgatlhang. Seno se kgonega jang? Baitsesaense ba tlhalosa mabaka a le mmalwa a a farologaneng. Se se tlhomologileng ke gore, lefatshe le na le metsi a mantsi; bokgakala jwa lone go tswa kwa letsatsing ke jo bo tshwanetseng; le na le metswako e e siameng ya digase tse di mo lefaufaung, go akaretsa le okosejene e ntsi.

O ka nna wa kgatlhiwa ke go itse gore buka ya Baebele ya Genesise e umaka dilo tseno mo pegong e e buang ka popo. Ka sekai, Genesise 1:10 ya re Modimo o phutha ‘metsi a a a bitsang Mawatle’—se se bontshang sentle gore e bua ka metsi a mantsi. Re bala jaana mo go Genesise 1:3: “Modimo a re: ‘A go nne lesedi.’” Sekgala se se leng teng fa gare ga lefatshe le letsatsi ke se se siameng mo e leng gore metsi a lone ga a fetoge, le fa go ntse jalo, ga le gaufi thata le letsatsi mo metsi a lone a ka mowafalang le go tlhatlogela kwa lefaufaung.

Genesise 1:6 ya re Modimo o dirile “phuthologo” kgotsa lefaufau. Mme temana 11 le 12 di tlhalosa gore Modimo o ne a tlhogisa bojang, dimela le ditlhare. Dilo tseno tsotlhe ke bosupi jwa gore go ne go na le okesejene, e moragonyana batho le diphologolo ba neng ba tla e hema gore ba tswelele ba tshela.

Ka jalo, re ka swetsa ka goreng? Fa Modimo a ne a bopa lefatshe—le na le metsi a mantsi, le le sekgala se se siameng go tswa mo letsatsing e bile le na le metswako e e siameng ya digase—o tshwanetse a bo a ne a na le lebaka le boikaelelo. Baebele ya re: ‘Modimo ga a bopela lefatshe lefela, o le bopetse go nniwa.’ (Isaia 45:18) Pesalema 115:16 yone ya re: “Fa e le magodimo, magodimo ke a ga Jehofa, mme lefatshe o le neile bana ba batho.” Ee, lefatshe le ne le bopetswe gore batho ba nne mo go lone.

Go ya ka Dikwalo, Modimo o ne a bopa banyalani ba ntlha le go ba baya mo tshimong ya Edene, e e neng e le paradaise e ntle. Ba ne ba tshwanetse ‘gore ba e leme ba bo ba e tlhokomele.’ (Genesise 2:15) Gape Modimo o ne a ba raya a re: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye.” (Genesise 1:28) Akanya fela ka dilo tse di kgatlhang tse ba neng ba tlile go nna le tsone! Ba ne ba tshwanetse go atolosa Paradaise gore e nne mo lefatsheng lotlhe mme ba nne mo go yone ka bosakhutleng. A isagwe e e molemo ruri!

Ka maswabi, go na le gore banyalani ba ntlha ba ikobele Modimo, ba ne ba tlhopha go itaola, e leng se bontsi jwa batho ba se dirang go tla go fitlha le gompieno. (Genesise 3:1-6) Diphelelo e ne ya nna dife? Go na le gore motho a leme lefatshe le go le tlhokomela, o ‘senya lefatshe’ ka tsela e e sa tlhalosegeng. (Tshenolo 11:18) Le fa go ntse jalo, re ka gomodiwa ke go itse gore boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe ga bo ise bo fetoge. Baebele e re tlhomamisetsa jaana: “[Modimo] o thaile lefatshe mo mafelong a lone a a tlhomameng; ga le kitla le reketlisiwa ka bosakhutleng, kgotsa ka bosaengkae.” (Pesalema 104:5) Mme Jesu o ne a solofetsa jaana mo Therong ya kwa Thabeng: “Go itumela ba ba bonolo, e re ka ba tla rua lefatshe.” (Mathaio 5:5) Boikaelelo jwa Modimo bo tla diragadiwa jang?

Re Letetswe ke Isagwe e e Itumedisang

Poresidente wa pele wa United States o ne a re: “Lefatshe lotlhe le aparetswe ke bothata jwa go fetofetoga ga tlelaemete.” Ka jalo, a ga o dumele gore go tlhokega tharabololo ya lefatshe lotlhe? Jesu Keresete o ne a re Bogosi jwa Modimo ke jone tharabololo. O ne a laela balatedi ba gagwe gore ba rapele jaana: “A bogosi jwa gago bo tle.” (Mathaio 6:9, 10) Go ya ka boporofeti jwa Baebele, Bogosi joo jwa kwa legodimong ke puso ya lefatshe lotlhe e e tla tlogang e ‘thubaganya e fedisa magosi ano otlhe e leng dipuso tsa gone jaanong.’ (Daniele 2:44) Mo godimo ga moo, e tla “senya ba ba senyang lefatshe.” (Tshenolo 11:18) Eleruri, batho ba ba senyang lefatshe le ba ba dirisang dilo tse di mo go lone ka tsela e e sa siamang ba tla ikarabela ka seo e bile ba tla senngwa.

Mme gone go tla direga eng ka lefatshe leno le le kgotletsweng? Ela tlhoko gore fa Jesu a ne a le mo lefatsheng o ne a dirisa nonofo ya gagwe go dira dikgakgamatso mo dilong tsa tlholego tse di jaaka phefo le lewatle. O ne a didimatsa phefo ya matsubutsubu ka go bua fela mafoko a se kae. (Mareko 4:35-41) E re ka Jesu a busa kwa legodimong e le “Morena wa barena le Kgosi ya dikgosi,” o tla laola lefatshe le dilo tse di mo go lone ka botlalo. (Tshenolo 17:14) Tota e bile, Jesu o ne a re puso ya gagwe ke ‘popo e ntšha.’ (Mathaio 19:28) Thanolo e nngwe e dirisa mafoko a a reng “go dirwa ga dilo tsotlhe sesha.” (New International Version) Jesu o tla bopa sesha kgotsa o tla ntšhafatsa maemo a lefatshe a a dira fela jaaka a ne a ntse kwa tshimong ya Edene. Paradaise e tla bo e tsosolositswe. (Luke 23:43) Bogosi jwa Modimo bo tla alafa “bolwetse” jwa lefatshe.

Tota le gone jaanong, puso ya Bogosi e ka go solegela molemo. Jang? Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe.” (Mathaio 24:14) Ka ntlha ya tiro eno ya go rera, batho ba le dimilione ba tsibogela dikgang tse di molemo. Matshelo a batho a a fetoga. Ba fenya mekgwa e e kotsi e e tshwakgolang. Malapa e nna a a itumetseng. Batho ba a ratana go na le gore ba tlhoane ka ntlha ya lotso. Tota e bile, Bogosi jwa Modimo bo kgonne go dira dilo tse puso ya motho e paletsweng ke go di dira. Bo ile jwa kopanya batho ba ka nna dimilione di le supa ba ba tswang mo dinageng di feta 235 gore ba nne karolo ya bokaulengwe jwa lefatshe lotlhe. Ee, e re ka e le babusiwa ba Bogosi jwa Modimo, ba baakanyediwa go tshela ka bosakhutleng mo Paradaiseng e e tla nnang mo lefatsheng leno.

Isagwe ya lefatshe e sireletsegile. E kete go ka nna jalo le ka isagwe ya gago!

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Baebele e ne ya tlhalosa modikologo wa metsi a lefatshe pele ga dibuka tse e seng tsa Baebele di ka o tlhalosa

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Jesu o ne a “ kgalema phefo mme a raya lewatle a re: ‘Kgaotsa! Didimala!’ Mme phefo ya kokobela, ga ba ga nna le tshisibalo e kgolo”

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Fa Paradaise e tsosolositswe, lefatshe le tla bo le alafilwe “bolwetse” jwa lone

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]

Godo-Foto