Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Totatota Rraarona yo o Kwa Legodimong o Ntse Jang?

Totatota Rraarona yo o Kwa Legodimong o Ntse Jang?

Totatota Rraarona yo o Kwa Legodimong o Ntse Jang?

BATHO ba le bantsi ba itse Thapelo ya Morena kgotsa Rraarona ka tlhogo, e leng thapelo ya sekao e Jesu a neng a e ruta barutwa ba gagwe. (Mathaio 6:9-13) Nako le nako fa ba rapela thapelo eo, ba bitsa Modimo ba re ke “Rraarona.” Le fa go ntse jalo, ke ba le kae ba ba ka reng ba mo itse sentle?

Go tweng ka wena? O itse Modimo sentle go le kana kang? A o na le kamano e e atamalaneng thata le ene, o bua le ene le go mmolelela dilo tse di go itumedisang le tse di go utlwisang botlhoko? Totatota, go itse Modimo go kaya eng?

“Jehofa ke Leina la Gagwe”

Losea lo ka tswa lo itse fela gore rraalone o bidiwa Papa. Le fa go ntse jalo, fa lo ntse lo gola, lo simolola go itse leina la rraalone le botho jwa gagwe mme gongwe le ka nna motlotlo ka ene. Go tweng ka Moneibotshelo wa rona yo o kwa legodimong? A o itse leina la gagwe le gore le kaya eng?

Le fa batho ba le bantsi ba boeletsa mafoko a a reng “A leina la gago le itshepisiwe” fa ba rapela Thapelo ya Morena, ba ka nna ba bo ba sa itse karabo ya potso eno, “Leina leo ke mang?” Legodimo le le tletseng ka dinaledi, dithaba tse dikgolo, lewatle le lentle le le tletseng ka ditshedi tse di farologaneng—dilo tseno di supa gore go na le Modimo. Le fa go ntse jalo, ga di re bolelele leina la gagwe. Re tshwanetse go bala Baebele gore re itse leina leo. E bua ka tlhamalalo e re: “Jehofa ke leina la gagwe.”—Ekesodo 15:3.

Modimo o batla gore re mo itse ka leina la gagwe, e bong Jehofa. Ka ntlha yang? Ka gonne leina la gagwe le tlhalosa botho jwa gagwe. Totatota leina leo le kaya gore “O Dira Gore go Diragale.” Ka mafoko a mangwe, o nna sengwe le sengwe se a tlhokang go nna sone gore a diragatse boikaelelo jwa gagwe. Akanya ka seno: E le gore rre a tlhokomele lelapa la gagwe, o tlhoka go bereka gore a tlamele lelapa la gagwe, go nna mogakolodi, moatlhodi, motsereganyi, mosireletsi le morutisi, go ikaegile ka dilo tse lelapa le di tlhokang le ka maemo a lone. Ka tsela e e tshwanang, leina Jehofa le re tlhomamisetsa gore Modimo o kgona go diragatsa thato ya gagwe gore botlhe ba ba mo direlang ba solegelwe molemo, go sa kgathalesege gore go tla diragala eng mo isagweng.

A re sekasekeng dikarolo tse di farologaneng tse Modimo wa rona yo o lorato a di dirang go dumalana le bokao jwa leina la gagwe. Go dira jalo go tla go thusa gore o lemoge gore Jehofa ke Modimo wa mofuta mang le gore o ithute se o tshwanetseng go se dira gore o mo atamele.

“Modimo wa Lorato le wa Kagiso”

Moaposetoloi Paulo o ne a bitsa Modiri wa rona a re ke “Modimo wa lorato le wa kagiso.” (2 Bakorintha 13:11) Ka ntlha yang? Pelenyana Jesu Keresete o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Ka ntlha ya go bo Modimo a ne a rata batho thata, o ne a ntsha Morwawe yo o rategang gore e nne thekololo, a dira gore go kgonege gore batho ba ba dumelang mo go ene ba itumelele botshelo ka bosakhutleng, ba sa utlwe botlhoko e bile ba sa boge ka ntlha ya boleo. Ke ka moo Paulo a neng a re: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso, mme mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 6:23) A seo ga se a tshwanela go re tlhotlheletsa gore re rate Modimo le go mo atamela?

Modimo ga a rate batho ka kakaretso fela mme gape o rata batho ba ba ikanyegang. Moshe o ne a raya Baiseraele ba bogologolo ba nako le nako ba neng ba sa utlwe, a re: “A ke Jehofa yo lo nnang lo mo direla ka tsela eno, lona batho ba ba dimatla e bile ba se botlhale? A ga se Rrago yo o go tsetseng, Ene yo o go dirileng a bo a go tsepamisa?” (Duteronome 32:6) A o lemoga botlhokwa jwa mafoko ano? Jaaka Rre yo o lorato, Jehofa o ne a rata batho ba gagwe, le fa a ne a itse diphoso tsa bone. Mme o ne a ba tlhokomela ka dilo tsotlhe tse ba neng ba di tlhoka—tsa senama, mo maikutlong le mo semoyeng.

Rotlhe re lebana le maemo a a farologaneng mo botshelong mme ka ntlha ya seo ka dinako tse dingwe re ngomoga pelo le go tshwenyega thata mo maikutlong. Re tlhoka motho yo o tla re thusang gore re nne le pono e e siameng ka maemo le mathata a rona. Ke mang yo o tla re thusang? Jehofa a dirisa Lefoko la gagwe, Baebele, o itshupile e le Mogakolodi le Motlhokomedi yo o lorato. Buka eno e e Boitshepo e tlhalosa lebaka la go bo re boga thata le se re ka se dirang go itshokela pogo ka katlego. Fela jaaka rre yo o lorato a thusa morwawe yo o oleng mme a ikutlwisitse botlhoko, Jehofa ka ntlha ya lorato lwa gagwe lo logolo o inama ka tsela ya tshwantshetso, go re thusa ka se re se tlhokang. Ruri, Jehofa o a kgona e bile o ikemiseditse go thusa batho ba ba dumelang mo go ene.—Isaia 59:1.

Gape Modimo o re bontsha lorato lwa gagwe ka go nna “Moutlwi wa thapelo.” (Pesalema 65:2) O dira seo jang? Moaposetoloi Paulo o tlhalosa jaana: “Lo se ka lwa tlhobaela ka sepe, mme mo go sengwe le sengwe ka thapelo le mokokotlelo mmogo le go ntshiwa ga ditebogo a dikopo tsa lona di itsisiwe Modimo; mme kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe e tla disa dipelo tsa lona le maatla a lona a mogopolo ka Keresete Jesu.” (Bafilipi 4:6, 7) Fa o rapela Jehofa go tswa pelong mme o latela kaelo e a go nayang yone e e mo Lefokong la gagwe, le wena o tla nna le “kagiso ya Modimo e e gaisang kakanyo yotlhe.”

“Modimo wa Kitso”

Baebele ya re Jehofa Modimo o ‘itekanetse mo kitsong.’ E re ka e le “Modimo wa kitso,” o tlhaloganya batho e bile o itse botoka dilo tse ba di tlhokang go gaisa ope fela. (Jobe 36:4; 1 Samuele 2:3) O ne a itsise motlhanka wa gagwe e bong Moshe gore “motho ga a tshele ka senkgwe se le sosi mme o tshela ka lefoko lengwe le lengwe la molomo wa ga Jehofa.” (Duteronome 8:3; Mathaio 4:4) Seno se raya gore fa re batla go nna le boitumelo jwa mmatota mo botshelong, ga re tlhoke dithoto fela.

Mmopi wa rona o re naya kaelo le kgakololo ya botlhokwa a dirisa Lefoko la gagwe, Baebele. Fa re ithuta Baebele le go dirisa kgakololo ya Modimo mo botshelong jwa rona, re tla solegelwa molemo ke “lefoko lengwe le lengwe la molomo wa ga Jehofa.” Ka sekai, mosadi mongwe wa Mokeresete e bong Zuzanna o ne a bua jaana ka botshelo jwa lelapa la gagwe: “Lenyalo la rona le ne la nonotshiwa ke go bala Baebele mmogo, go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete le go bolelela ba bangwe ka dilo tse re di ithutileng. Ka ntlha ya kaelo ya Modimo, re na le mekgele e e tshwanang mo botshelong e bile re atamalane fela thata.”

A o ka rata go solegelwa molemo ke kgakololo le kaelo e Modimo a re nayang yone? Fa o ithuta Baebele ka metlha le go dirisa kgakololo ya yone, o ka amogela masego a mantsi go tswa kwa go ene.—Bahebera 12:9.

“Modimo wa Poloko”

Gompieno lefatshe le tletse ka dintwa. Batho ga ba itse gore go tla diragala eng mo isagweng. Fa o nna mo nageng e go lowang mo go yone, o ka tswa o eletsa go tshela ka kagiso. Mo dikarolong di le dintsi tsa lefatshe, batho ba tshelela mo letshogong ka ntlha ya bokebekwa le thubakanyo, go fetofetoga ga maemo a ikonomi le ke ditiro tsa borukhutlhi. Ke mang yo o tla re gololang mo dilong tseno tsotlhe? Gone jaanong go feta le e leng pele, batho ba tlhoka go sirelediwa le go gololwa.

Baebele ya re: “Leina la ga Jehofa ke tora e e nonofileng. Mosiami o sianela mo go yone mme o a sirelediwa.” (Diane 18:10) Go itse leina la Modimo le go ikaega ka lone go ka dira gore re akanye ka se a setseng a se dirile le se a tla se dirang go golola batho ba ba dumelang mo go ene. Jehofa Modimo o ne a bontsha kwa ntle ga pelaelo gore o kgona go golola batho ba gagwe. Ka sekai, o ne a sireletsa Baiseraele ka go nyeletsa dikara tsa ntwa tsa ga Faro le mephato ya gagwe ya sesole. Jehofa o ne a itshupa gore ke Modimo yo o ikanyegang, Modimo yo o gakologelwang batho ba ba bogang mme a bo a ba thusa.—Ekesodo 15:1-4.

Isagwe ya rona ya bosakhutleng e ikaegile ka go nna le tumelo ya gore Jehofa Modimo ke Mmoloki. Kgosi Dafide wa Iseraele ya bogologolo, yo o neng a tshwanelwa ke go itshokela mathata a le mantsi, o ne a bontsha gore o na le tumelo e e ntseng jalo mo Modimong fa a ne a kwala jaana ka Jehofa: “O Modimo wa me wa poloko.” (Pesalema 25:5) Moaposetoloi Petere o ne a bua jaana a tlhomamisegile: “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone.”—2 Petere 2:9.

Fa Modimo a bua ka motho yo o mo ikanyang gore o tla mo thusa, o ne a solofetsa jaana: “Ke tla mo sireletsa ka gonne o setse a itse leina la me.” (Pesalema 91:14) Batlhanka ba Modimo ba motlha wa gompieno ba ne ba iponela boammaaruri jwa tsholofetso eo. Henryk wa kwa Poland o ne a direla Jehofa ka boikanyegi ka dingwaga tse 70 le fa a ne a lebane le mathata le go bogisiwa. Fa Henryk a ne a le dingwaga tse 16, rraagwe o ne a romelwa kwa kampeng ya pogisetso ya kwa Auschwitz. Mme ene le morwarraagwe ba ne ba tsenngwa mo setheong sa Banasi sa basha ba ba tlotseng molao. Morago ga moo, o ne a isiwa kwa dikampeng tsa pogisetso tse di farologaneng. Fa Henryk a bua ka dinako tseo, o gakologelwa jaana: “Mo maemong otlhe a a thata a ke neng ka kopana le one, Jehofa ga a ise a ko a ntatlhe. Ka dinako tsotlhe o ne a nthusa gore ke nne ke ikanyega le fa ka makgetlo a mantsi botshelo jwa me bo ne bo le mo kotsing.” Ee, Jehofa o naya batlhanka ba gagwe tumelo le nonofo ya go itshoka.

Mo nakong e e sa fediseng pelo, Modimo o tla boloka batho botlhe ba ba dumelang mo go ene le ba ba mo ikanyang gore o tla ba golola. A re: “Ke nna Jehofa, mme kwantle ga me ga go na mmoloki.” (Isaia 43:11) Ka ‘ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe,’ o tla nyeletsa baikepi mo lefatsheng mme o tla boloka bathokgami. (Tshenolo 16:14, 16; Diane 2:21, 22) Jehofa o re tlhomamisetsa jaana: “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11.

Go Nna “Bana ba Modimo”

Mo metlheng ya ga moporofeti Malaki, Baiseraele ba ne ba re Jehofa ke Rraabone. Le fa go ntse jalo, fa ba ne ba tshwanelwa ke go bontsha gore ba a mo tlotla e bile ba ineetse mo go ene, ba ne ba mo ntshetsa ditlhabelo ka senkgwe se se senyegileng le ka diphologolo tse di foufetseng le tse di golafetseng. Ke ka moo Jehofa a neng a ba botsa jaana: “Fa ke le rre, go ntlotla go kae?”—Malaki 1:6.

O se ka wa dira phoso e e neng ya dirwa ke Baiseraele bao ba ba neng ba sa ikanyege. Go na le moo, re go kgothaletsa gore o ithute ka Jehofa Modimo mme o mo atamele. Morutwa Jakobe o ne a rotloetsa jaana: “Atamelang Modimo, mme o tla lo atamela.”—Jakobe 4:8.

Go nna ngwana wa ga Jehofa go dira gore motho a nne le maikarabelo a a rileng. Fa o leka go tlotla Modimo ka go dira ka boikanyegi tumalanong le melao ya gagwe le go e dirisa mo botshelong jotlhe jwa gago, ga a kitla a lebala matsapa a gago. Go na le moo, o tla go thusa gore o tsamaye mo tseleng e e tlhamaletseng e e yang kwa lefatsheng le lesha le le solofeditsweng, le mo go lone ‘loso lo tla bong lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.’ (Tshenolo 21:4) Ka nako eo, batho botlhe ba ba kutlo ba tla ‘gololwa mo go nneng motlhanka wa go bola mme ba nne le kgololesego e e galalelang ya bana ba Modimo.’—Baroma 8:21.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Modimo o batla gore re mo itse ka leina la gagwe, e bong Jehofa, le totatota le kayang “O Dira Gore go Diragale”

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

“Mo maemong otlhe a a thata a ke neng ka kopana le one, Jehofa ga a ise a ko a ntatlhe.”—HENRYK

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

“Lenyalo la rona le ne la nonotshiwa ke go bala Baebele mmogo, go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete le go bolelela ba bangwe ka dilo tse re di ithutileng.”—ZUZANNA