Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Ke ka ntlha yang fa Bajuda ba ne ba simolola go boloka Sabata maitseboa?

Fa Jehofa a ne a naya batho ba gagwe molao malebana le Letsatsi la Tetlanyo, o ne a re: “Lo se ka lwa dira tiro ya mofuta ope mo go lone letsatsi leno . . . Ke sabata wa boikhutso jo bo feletseng mo go lona . . . Lo boloke sabata ya lona go tswa maitseboeng go ya maitseboeng.” (Lefitiko 23:28, 32) Taelo eno e ne e bontsha gore letsatsi lengwe le lengwe le ne le simolola maitseboa fa letsatsi le sena go phirima, mme le bo le fela fa letsatsi le le latelang le phirima. Ka jalo mo Bajudeng, letsatsi le ne le simolola go tswa maitseboeng go ya maitseboeng.

Tsela eno ya go bala malatsi e ne e tshwana le e Modimo a neng a e tlhomile. Pego e e kaga letsatsi la ntlha la tshwantshetso la popo ya re: “Ga nna maitseboa ga ba ga nna moso, letsatsi la ntlha.” “Malatsi” a a latelang le one a balwa ka tsela e e tshwanang, a simologa “maitseboa.”—Genesise 1:5, 8, 13, 19, 23, 31.

Bajuda e ne e se bone fela batho ba ba neng ba tsaya malatsi a simologa maitseboa. Baathena, Ba-Numidia le Bafonikia le bone ba ne ba bala malatsi jalo. Kafa letlhakoreng le lengwe, Bababelona bone ba ne ba tsaya tlhabo ya letsatsi e le tshimologo ya letsatsi le lengwe, fa Baegepeto le Baroma bone ba ne ba tsaya malatsi a bone a simologa bosigogare go fitlha bosigogare, jaaka a balwa gompieno. Le fa go ntse jalo, Bajuda ba motlha wa gompieno ba sa ntse ba simolola le go konela letsatsi la Sabata fa letsatsi le phirima.

“Loeto lwa letsatsi la sabata” e ne e le eng?

Fa barutwa ba ga Jesu ba sena go mmona a tlhatlogela kwa legodimong kwa Thabeng ya Lotlhware, ba ne ba boela Jerusalema, e e neng e le “bokgakala jwa loeto lwa letsatsi la sabata.” (Ditiro 1:12) Motho o ne a ka tsamaya dikilometara di le 30 kgotsa go feta ka letsatsi. Le fa go ntse jalo, Thaba ya Lotlhware e gaufi le Jerusalema. Mme gone, “loeto lwa letsatsi la sabata” lo kaya eng?

Sabata e ne e le letsatsi le ka lone Baiseraele ba neng ba tshwanetse go ikhutsa mo ditirong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi. Ba ne ba sa tshwanela le go gotsa molelo mo magaeng a bone ka letsatsi leo. (Ekesodo 20:10; 35:2, 3) Jehofa o ne a laela jaana: “A mongwe le mongwe a nne a ntse mo lefelong la gagwe. A ope a se ka a tswa mo lefelong la gagwe mo letsatsing la bosupa.” (Ekesodo 16:29) Molao ono o ne o tla naya Baiseraele tshono ya go ikhutsa mo ditirong tsa bone tsa letsatsi le letsatsi le gore ba tlhome mogopolo thata mo dilong tsa semoya.

E re ka borabi ba ba gagamatsang molao ba ne ba sa kgotsofadiwe ke melaometheo e e mo Molaong wa ga Jehofa, ba ne ba itlhomela ya bone—ka sekai, gore motho o ne a ka tsamaya sekgala se se kana kang ka Sabata go ya go obamela. Malebana le kgang eno, Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature e tlhalosa jaana: “Ka ntlha ya melao e e gagametseng kaga go boloka Sabata . . . , go ne go se na Moiseraele ope yo o neng a tshwanetse go tsamaya go feta sekgala se se rileng, se se neng se bidiwa loeto lwa letsatsi la Sabata.” E ne e le sekgala sa dikubita di le 2 000, se e ka nnang dikilometara di le 0,8 kgotsa 1,1.

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Fa o lebile jerusalema o le mo Thabeng ya Lotlhware