Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikeledi mo Modutwaneng

Dikeledi mo Modutwaneng

Dikeledi mo Modutwaneng

LEKAWANA lengwe e ne e le mofaladi. A fekeeditswe ke maikutlo e bile a tlaletswe, matlho a gagwe a geletse dikeledi, o ne a kopa bopelonomi le kutlwelobotlhoko ya Modimo wa gagwe, Jehofa, a re: “A ko o tsenye dikeledi tsa me mo modutwaneng wa gago.” (Pesalema 56:8) Lekawana leo e ne e le Dafide, yo moragonyana a neng a tlile go nna kgosi ya Iseraele. Modutwana o a neng a bua ka one ke eng, mme Modimo a ka tsenya jang dikeledi tsa rona mo go one?

Dafide o ne a itse medutwana. E ne e le megopo e e neng e dirisiwa go tshola metsi, leokwane, beine, le e leng botoro. Bakgarakgatshegi ba kwa Sahara, jaaka ba morafe wa ba-Tuareg, ba sa ntse ba dirisa medutwana e e dirilweng ka letlalo la podi kana la nku. Medutwana eno e ka tshola metsi a le mantsi, go ikaegile ka bogolo jwa phologolo. Medutwana e itsege ka go kgona go tshola metsi a le tsididi, tota le mo mogoteng o o babolang wa letsatsi la sekaka. Gantsi mo metlheng ya bogologolo go ne go dirisiwa ditonki le dikamela go e rwala. Gompieno, o ka e bona e gokeletswe kwa pele mo dikoloing tse di diretsweng go tsamaya gongwe le gongwe.

Mafoko a ga Dafide a a amang pelo a a kaga modutwana a ka nna le bokao le mo go rona. Jang? Baebele e bolela gore mo metlheng eno Satane o laola lefatshe leno e bile o na le “bogale jo bogolo.” Ka jalo, lefatshe le wetswe ke tatlhego e kgolo. (Tshenolo 12:12) Ka ntlha ya seo, go na le batho ba le bantsi ba jaaka Dafide ba nang le mathata a maikutlo, a mogopolo kgotsa a mo mmeleng—segolobogolo ba ba lekang go itumedisa Modimo. A go ntse jalo ka wena? Ka bopelokgale, ‘le fa ba lela,’ batho bao ba ba ikanyegang ga ba tlogele go nna ba ikanyega. (Pesalema 126:6) Ba ka tlhomamisega gore Rraabone yo o kwa legodimong o bona diteko tse ba lebaneng le tsone mmogo le kafa di ba amang ka gone. Ruri o lemoga botlhoko jo batlhanka ba gagwe ba bo utlwang, e bile o gakologelwa dikeledi le dipogo tsa bone ka bopelotlhomogi, mme go ntse jaaka e kete o di tsenya mo modutwaneng wa gagwe.