Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Motlha wa Rona Tse di Ileng Tsa Bolelelwa Pele

Ditiragalo Tsa Motlha wa Rona Tse di Ileng Tsa Bolelelwa Pele

Ditiragalo Tsa Motlha wa Rona Tse di Ileng Tsa Bolelelwa Pele

BAEBELE e bolelela pele gore Bogosi jwa Modimo bo tla tlisa kagiso ya bosakhutleng le boitumelo mo lefatsheng. (Daniele 2:44) Mo thapelong ya Rraarona kgotsa Thapelo ya Morena, Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe go rapela jaana: “A bogosi jwa gago bo tle. A thato ya gago e diragale le mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.” (Mathaio 6:10) Mo boporofeting jwa gagwe jo bo itsegeng thata jo a neng a bo bolelela barutwa ba gagwe kwa Thabeng ya Lotlhware, Jesu o ne a bolelela pele ka ditiragalo tse di rileng le maemo mangwe a a neng a tla nna teng pele Bogosi joo bo tla. Ditiragalo tseno tsotlhe di dira sesupo se batho botlhe ba ba peloephepa ba neng ba tla se bona sentle. Ke dikarolo di le kae mo go tse di latelang tsa sesupo seo tse o setseng o di bone?

Dintwa Tsa Lefatshe. Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Setšhaba se tla tsogologela setšhaba le bogosi bo tsogologele bogosi.” (Mathaio 24:7) Pele ga ntwa ya ntlha ya lefatshe ka 1914, dintwa di ne di sa anama jaana. Ntwa ya Lefatshe I ga ya ka ya ama fela dinaga tse dintsi mo lefatsheng mme gape e ne ya dira gore go dirwe dibetsa tse dingwe tse di kotsi go gaisa tsa pele. Ka sekai, difofane tse disha tse di neng di tlhamilwe di ne di dirisiwa go latlhela dibomo mo bathong. Go dirwa ga dibetsa tse dintsi go ne ga oketsa palo ya batho ba ba neng ba bolawa mo ntweng, e leng palo e e neng e sa lebelelwa, e re ka masole a ka nna halofo ya dimilione di le 65 a a neng a lwa mo ntweng eo a ne a swa kgotsa a gobala. Le fa go ntse jalo, fa lekgolo la bo20 la dingwaga le ntse le tswelela pele, palo ya batho ba ba neng ba bolawa e ne ya oketsega. Mokwalahisitori mongwe o ne a re “ga re kitla re itse gore go ne ga swa masole a le kae le batho ba e neng e se masole” ka Ntwa ya Lefatshe II. Tota le gompieno dintwa di sa ntse di tsweletse.

Go Anama ga Ditlhaelo Tsa Dijo. Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Go tla nna le ditlhaelo tsa dijo.” (Mathaio 24:7) Ka 2005, makasine wa Science o ne wa re: “Go na le batho ba le dimilione di le 854 mo lefatsheng (mo e ka nnang diperesente di le 14 tsa palo ya batho mo lefatsheng lotlhe) ba ba sa jeng dijo tse di nang le dikotla.” Ka 2007, mokgatlho mongwe wa Ditšhaba Tse di Kopaneng o ne wa bega gore dinaga di le 33 ga di na dijo tse di lekaneng go fepa batho ba tsone. Seno se ka direga jang fa dijo tsa ditlhaka tse di tlhagisiwang mo lefatsheng di ntse di oketsega? Lengwe la mabaka ke gore go na le gore lefatshe le dijo tsa ditlhaka di dirisediwe go fepa batho di dirisediwa go dira ethanol (lookwane lwa dikoloi). Lokwalodikgang lwa mo Afrika Borwa le le bidiwang The Witness lo bega jaana: “Dijo tsa ditlhaka tse di dirisiwang go dira ethanol e e kgonang go tlatsa tanka ya koloi di ne di ka kgona go fepa motho ngwaga otlhe.” Mo dinageng tse di tlhabologileng, go tlhatloga ga ditlhwatlhwa tsa dijo go dirile gore batho ba le bantsi ba dire tshwetso ya gore a ba reke dijo tsa maitseboa kgotsa ba reke dilo tse dingwe tse ba di tlhokang tse di jaaka melemo kgotsa didirisiwa tsa go thuthafatsa ntlo.

Dithoromo Tse Dikgolo Tsa Lefatshe. Jesu o ne a re: “Go tla nna le dithoromo tsa lefatshe tse dikgolo.” (Luke 21:11) O tla bo o nepile fa e le gore o lemogile gore gone jaanong batho ba le bantsi ba bolawa ke dithoromo tsa lefatshe. Ka 2007, moithuti mongwe wa dithoromo tsa lefatshe wa kwa India e bong R. K. Chadha o ne a re: “Ka tshoganyetso re lemoga gore dilo tse di bakang thoromo ya lefatshe di a oketsega mo lefatsheng ka bophara. Ga go na ope yo o itseng lebaka la seo.” Mo godimo ga moo, go oketsega ga palo ya batho ba ba nnang mo mafelong a dithoromo tsa lefatshe di nang le go diragala kwa go one, go dirile gore palo ya batho ba ba ileng ba bolawa ke masetlapelo ano e oketsege. Go ya ka Geological Survey ya kwa United States, thoromo ya lefatshe e e neng ya nna gone kwa Indian Ocean ka 2004 le tsunami e e neng ya nna teng morago ga moo di ne tsa dira gore ngwaga oo e nne o “batho ba le bantsi ba neng ba swa ka one go feta mo dingwageng di ka nna 500 tse dithoromo tsa lefatshe di neng tsa direga mo go tsone,” e bile ke “ya bobedi go bolaya batho ba le bantsi mo hisitoring.”

Malwetse A a Sa Alafegeng. Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Go tla nna le . . . malwetse a leroborobo.” (Luke 21:11) Mo lefatsheng lotlhe, malwetse a a tlwaelegileng le a masha a ntse a bobodisa batho ba le bantsi, mme go boima go a alafa. Ka sekai, maiteko a batho ba a dirang mo lefatsheng lotlhe a go fedisa bolwetse jwa malaria a ne a tshwanelwa ke go nna a fetolwa ka gonne ba sa kgone go bo laola. Gape, dimilione tsa batho di ntse di bolawa ke malwetse a a tlwaelegileng, a a akaretsang thibii (TB), e e ntseng e bolaya batho ba le bantsi fela jaaka bolwetse jwa AIDS le malwetse a mangwe a masha. Mokgatlho wa Lefatshe Lotlhe wa Boitekanelo (WHO) o bega jaana: “Gone jaanong nngwetharong ya batho mo lefatsheng ba na le mogare wa TB.” Mokgatlho oo gape o tlhalosa gore mo dinageng di le dintsi bolwetse jwa HIV bo dira gore batho ba nne le bolwetse jwa TB. Motsotswana mongwe le mongwe, motho a le mongwe o tshwarwa ke bolwetse jwa TB mme go nna thata gore diokobatsi di alafe bolwetse jono. Ka 2007, makasine wa New Scientist o ne wa bega gore molwetse mongwe kwa Yuropa o ne a tshwarwa ke bolwetse jwa TB “jo go neng go se na seokobatsi sepe fela se re neng re na le sone se se neng se ka alafa bolwetse joo.”

Go Senyega ga Boitsholo le go Dirisana ga Batho. Jesu o ne a re: “Ka ntlha ya go oketsega ga go tlhoka molao lorato lwa ba le bantsi lo tla tsidifala.” (Mathaio 24:12) Mo godimo ga se Jesu a neng a se bua, moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele go senyega ga boitsholo le go sa dirisane sentle ga batho. O ne a tlhalosa ‘metlha e e boima ya bofelo’ e e neng e tla tla pele Bogosi jwa Modimo bo fedisa tsamaiso eno ya dilo. “Batho ba tla nna baithati, barati ba madi, baipegi, ba ba mabela, batlhapatsi, ba ba sa utlweng batsadi, ba ba sa lebogeng, ba ba sa ikanyegeng, ba ba se nang lorato lwa tlholego, ba ba sa batleng go tsena mo tumalanong epe, ba ba senyang batho maina, ba ba se nang boikgapo, ba ba bogale jo bo tshabegang, ba ba sa rateng se se molemo, baoki, ba ba tlhogoethata, ba ba gogomosiwang ke boikgogomoso, barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone.” (2 Timotheo 3:1-5) A o lemogile gore batho ba na le mekgwa eno e e sa siamang go feta pele?

Jesu le Paulo ga ba a ka ba umaka dilo tsotlhe tse di malebana le hisitori, go dirisana ga batho le tsa dipolotiki tse di bakileng maemo ano a a mo lefatsheng. Le fa go ntse jalo, boporofeti jwa bone bo ne jwa bolelela pele ka tlhomamo ditiragalo le mekgwa e re e bonang gompieno. Go tweng ka isagwe? Boporofeti jwa ga Isaia jo bo neng jwa bolelela pele go tla ga ga Mesia gape bo tlhalosa diphetogo tse di itumedisang tse Bogosi jwa Modimo bo tla di tlisang mo lefatsheng. Re tla sekaseka diphetogo tseo mo setlhogong se se latelang.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

“Setšhaba se tla tsogologela setšhaba”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

“Go tla nna le . . . malwetse a leroborobo”

[Motswedi wa Setshwantsho]

© WHO/P. Virot