Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa e Le Gore Adame o Ne a Itekanetse, Go ne Ga Tla Jang Gore a Leofe?

Fa e Le Gore Adame o Ne a Itekanetse, Go ne Ga Tla Jang Gore a Leofe?

Babadi ba a Botsa

Fa e Le Gore Adame o Ne a Itekanetse, Go ne Ga Tla Jang Gore a Leofe?

Adame o ne a ka leofa ka gonne Modimo o mmopile a na le kgololesego ya go itlhophela. Kgololesego eo e tsamaisana le kgang ya gore Adame o ne a itekanetse. Boammaaruri ke gore, Modimo ke ene fela yo o itekanetseng ka botlalo. (Duteronome 32:3, 4; Pesalema 18:30; Mareko 10:18) Ga go na motho ope kana sepe fela se se itekanetseng ka botlalo. Ka sekai, thipa e ka nna sedirisiwa se se molemo tota go sega nama, mme gone, a o ka e dirisetsa go ja sopo? Sedirisiwa se nna molemo fa se dirisediwa fela tiro e se diretsweng go e dira.

Ka jalo, boikaelelo jwa Modimo e ne e le bofe fa a ne a bopa Adame? E ne e le gore Adame a nne le losika lwa batho ba ba botlhale ba ba nang le kgololesego ya go itlhophela. Batho ba ba neng ba rata Modimo le ditsela tsa gagwe ba ne ba tla bontsha seo ka go tlhopha go ikobela melao ya gagwe. Ka go rialo, go ne go ka se itiragalele fela gore motho a nne kutlo mme o ne a tshwanetse go nna kutlo go tswa pelong. (Duteronome 10:12, 13; 30:19, 20) Ka jalo, fa Adame a ne a se na bokgoni jwa go itlhophela go se nne kutlo, o ne a tla bo a sa felela—a sa itekanela. Fa pego ya Baebele e bontsha gore Adame o ne a dirisa jang kgololesego ya gagwe ya go itlhophela, ya re o ne a reetsa mosadi wa gagwe go na le go ikobela molao wa Modimo o o malebana le “setlhare sa kitso ya molemo le bosula.”—Genesise 2:17; 3:1-6.

Ka jalo, a Modimo o bopile Adame a se na bokgoni jwa go tlhopha fa gare ga se se siameng le se se sa siamang, mo e leng gore o ne a palelwa ke go dira tshwetso e e botlhale kana go emelana le thaelo? Pele Adame a leofa, Jehofa Modimo o ne a tlhatlhobile tiro yotlhe ya gagwe ya popo ya lefatshe, e e akaretsang batho ba ntlha ba babedi, mme o ne a swetsa ka gore e ne e le “molemo tota.” (Genesise 1:31) Ka gone, fa Adame a ne a leofa, go ne go sa tlhokege gore Mmopi wa gagwe a baakanye bogole bongwe jo a bopilweng a na le jone, mme go ne go utlwala gore a pege Adame molato. (Genesise 3:17-19) Adame ga a ka a letla gore go rata Modimo le go rata se se siameng go mo tlhotlheletse go ikobela Modimo go feta go ikobela ope fela.

Akanya gape gore fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a itekanetse fela jaaka Adame. Le fa go ntse jalo, go farologana le ditlogolwana tse dingwe tsa ga Adame, Jesu o ne a imilwe ka moya o o boitshepo, mme ka jalo o ne a se na bogole bope jo bo neng bo ka dira gore a raelesege. (Luke 1:30, 31; 2:21; 3:23, 38) Jesu o ne a nna a ikanyega mo go Rraagwe ka go rata, go sa kgathalesege dikgatelelo tse a neng a lebana le tsone. Ka ntlha ya go bo Adame a ne a dirisa kgololesego ya gagwe ya go itlhophela, o ne a tla ikarabelela go bo a sa ikobela taelo ya ga Jehofa.

Mme gone, ke ka ntlha yang fa Adame a ile a itlhophela go se ikobele Modimo? A o ne a akanya gore o tla fetola maemo a gagwe ka tsela nngwe? Nnyaa, ka gonne moaposetoloi Paulo o ne a re: “Adame o ne a sa tsiediwa.” (1 Timotheo 2:14) Le fa go ntse jalo, Adame o ne a ineela go dira se mosadi wa gagwe a se batlang, yo a neng a setse a tlhophile go ja leungo la setlhare se se ileditsweng. Keletso ya go ipedisa mosadi wa gagwe e ne e feta keletso ya go ikobela Mmopi wa gagwe. Fa Adame a ne a newa leungo le le ileditsweng, o ne a tshwanetse go akanya kafa diphelelo tsa go tlhoka kutlo di neng di tla ama kamano ya gagwe le Modimo ka gone. E re ka Adame a ne a se na lorato lo logolo mo Modimong, o ne a ka ineela motlhofo fa a gatelelwa, tota le ke mosadi wa gagwe.

Adame o leofile pele a ka nna le bana, ka jalo ditlogolwana tsotlhe tsa gagwe di tshotswe di sa itekanela. Le fa go ntse jalo, fela jaaka Adame, re na le kgololesego ya go itlhophela. E kete re ka tlhopha go tlhatlhanya ka tsela e e bontshang tebogo ka molemo wa ga Jehofa le go nna le lorato lo lo nonofileng mo Modimong, yo o tshwanelwang ke gore re mo ikobele le go mo obamela.—Pesalema 63:6; Mathaio 22:36, 37.