Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bolelela Pele ka Mesia

Go Bolelela Pele ka Mesia

Go Bolelela Pele ka Mesia

E RE ka batho ba setšhaba sa Bajuda ba ne ba itse se Isaia le baporofeti ba bangwe ba neng ba se kwadile ka Mesia, ba ne ba sa bolo go leta ka tlhoafalo gore a tle. Tota e bile, mo motlheng wa ga Jesu, Bajuda ba le bantsi “ba ne ba letile” go tla ga ga Mesia. (Luke 3:15) Sa botlhokwa le go feta ke gore boporofeti jwa Baebele bo tlhalosa dintlha tse di tlhomologileng ka botshelo jwa ga Mesia. Ga go na motho ope yo o neng a ka kgona go bolelela pele ditiragalo tseo kgotsa go rulaganya gore dilo tseo di diragalele Jesu.

Dintlha Tse di Kaga go Tsholwa ga ga Mesia. Isaia o ne a bolelela pele gore Mesia kgotsa Keresete o ne a tla tsholwa ke lekgarebana. Morago ga gore moaposetoloi Mathaio a tlhalose ditiragalo tse di gakgamatsang tsa go tsholwa ga ga Jesu, o ne a kwala jaana: “Gotlhe mo tota go ne ga diragala gore go diragadiwe se se neng sa buiwa ke Jehofa ka moporofeti wa gagwe, a re: ‘Bona! Kgarebane e tla ima mme e tla tshola morwa.’” (Mathaio 1:22, 23; Isaia 7:14) Gape Isaia o ne a bolelela pele gore Keresete o ne a tla nna setlogolwana sa ga Dafide, a umaka segolobogolo Jese e bong rraagwe Dafide. Tota e bile, Jesu o ne a tswa mo lotsong lwa ga Dafide. (Mathaio 1:6, 16; Luke 3:23, 31, 32) Ka jalo, pele Jesu a tsholwa, moengele Gabariele o ne a raya mmaagwe Jesu e bong Marea a re: “Modimo o tla mo naya setulo sa bogosi sa ga Dafide rraagwe.”Luke 1:32, 33; Isaia 11:1-5, 10; Baroma 15:12.

Dintlha Tse di Kaga Botshelo Jwa ga Mesia. Kwa sinagogeng e e kwa Nasaretha, Jesu yo o godileng o ne a balela boporofeti jwa ga Isaia kwa godimo, go akaretsa le mafoko ano a a reng: “Moya wa ga Jehofa o mo go nna, ka gonne o ntloleditse go bolelela bahumanegi dikgang tse di molemo.” Fa Jesu a ne a tlhalosa tsela e boporofeti jono bo dirang ka yone mo go ene, o ne a re: “Gompieno lokwalo lono lo lo sa tswang go lo utlwa lo diragaditswe.” (Luke 4:17-21; Isaia 61:1, 2) Gape Isaia o ne a bolelela pele tsela e e pelonomi, e e bonolo e Jesu a neng a tla dirisana ka yone le batho ba ba neng ba batla gore a ba fodise. Mathaio a re: “Ba le bantsi le bone ba mo sala morago, mme a ba alafa botlhe, mme a ba laela a gagamaditse gore ba se ka ba dira gore a bonatshege; gore go tle go diragadiwe se se neng sa buiwa ka Isaia moporofeti . . . ‘Ga a na go tatalala, le fa e le go goela kwa godimo . . . Ga go na lotlhaka lope lo lo phitsegileng lo a tla lo tšhwetlang.’”—Mathaio 8:16, 17; 12:10-21; Isaia 42:1-4; 53:4, 5.

Dintlha Tse di Kaga go Boga ga ga Mesia. Isaia o ne a bolelela pele gore Mesia o ne a se kitla a amogelwa ke bontsi jwa batho ba Iseraele, go na le moo, o ne a tla nna “leje le le kgopang” mo go bone. (1 Petere 2:6-8; Isaia 8:14, 15) Tota e bile, le mororo Jesu a ne a dira dikgakgamatso tse dintsi thata jalo, batho “ba ne ba sa dumele mo go ene, mo lefoko la ga Isaia moporofeti le neng la diragadiwa le a neng a le bua a re: ‘Jehofa, ke mang yo o dumetseng mo selong se se utlwilweng ke rona?’” (Johane 12:37, 38; Isaia 53:1) Lebaka lengwe le le neng le dira gore Bajuda ba se ka ba dumela gore Jesu ke Mesia e ne e le kgopolo e e tumileng e bile e se boammaaruri ya gore Mesia o ne a tla fedisa puso ya Baroma le go busetsa bogosi jwa ga Dafide mo lefatsheng. E re ka Jesu a ne a boga le go swa, Bajuda ba le bantsi ba ne ba sa dumele gore e ne e le Mesia. Mme gone, Isaia o ne a boleletse pele gore Mesia o ne a tla boga pele a nna Kgosi.

Mesia o ne a bua jaana a porofeta mo bukeng ya Isaia: “Ke ne ka naya baitei mokwatla wa me . . . Ga ke a ka ka fitlha sefatlhego sa me mo dilong tse di tlhabisang ditlhong le mo go kgwelweng mathe.” Mathaio o bega jaana ka se se neng sa diragala fa Jesu a ne a sekisiwa: “Ba kgwela sefatlhego sa gagwe mathe ba bo ba mo itaya ka mabole. Ba bangwe ba mo faphola mo sefatlhegong.” (Isaia 50:6; Mathaio 26:67) Isaia o ne a kwala jaana: “O ne a itetla gore a bogisiwe; le fa go ntse jalo o ne a sa bule molomo.” Ka jalo, fa Pilato a ne a botsa Jesu ka ditatofatso tse Bajuda ba neng ba mo latofatsa ka tsone, Jesu “o ne a se ka a mo araba, nnyaa, le fa e le ka lefoko, mo molaodi a neng a gakgamala fela thata.”—Isaia 53:7; Mathaio 27:12-14; Ditiro 8:28, 32-35.

Dintlha Tse di Kaga Loso Lwa ga Mesia. Boporofeti jwa ga Isaia bo ne jwa tswelela pele bo diragadiwa fa Jesu a ne a bolawa le e leng morago ga loso lwa gagwe. Isaia o ne a bolelela pele jaana: “O tla dira gore lefelo la gagwe la go fitlhela le nne le baikepi, le setlhopha sa bahumi fa a swa.” (Isaia 53:9) Boporofeti jono jo bo neng bo bonala bo ikganetsa bo ne bo tla diragadiwa jang? Fa Jesu a swa, o ne a bapolwa a le fa gare ga dinokwane tse pedi. (Mathaio 27:38) Mme moragonyana, Josefa yo o humileng wa Arimathea o ne a tsaya mmele wa ga Jesu a o latsa mo lebitleng la gagwe le lesha le a neng a le gabile mo lefikeng. (Mathaio 27:57-60) Kgabagare, loso lwa ga Jesu lo ne lwa diragatsa karolo e e botlhokwa ya boporofeti jwa ga Isaia. Isaia o ne bua jaana ka Mesia: “Mosiami, motlhanka wa me, o tla dira gore batho ba le bantsi ba nne le boemo jo bo siameng; mme o tla sikara ditlolo tsa bone.” Eleruri loso lwa ga Jesu lo ne lwa nna thekololo gore batho botlhe ba ba ikanyegang ba imololwe mathata a a bakilweng ke boleo.—Isaia 53:8, 11; Baroma 4:25.

Boporofeti jo Ruri bo Tla Diragadiwang

E le gore Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba tlhalose Mesia go ya ka Dikwalo, gangwe le gape ba ne ba nopola boporofeti jwa ga Isaia go na le buka epe e nngwe ya Baebele. Le fa go ntse jalo, buka ya Isaia e ne e se yone fela e e neng e bolelela pele isagwe. Boporofeti jo bongwe jo bontsi jo bo mo Dikwalong Tsa Sehebera le jone bo ne jwa diragadiwa mo go Jesu, mo Bogosing jwa gagwe le mo dilong tse di molemo tse Bogosi joo bo neng bo tla di dira mo isagweng. * (Ditiro 28:23; Tshenolo 19:10) Re tlhomamisegile go le kana kang gore boporofeti joo bo tla diragadiwa? Jesu o ne a bolelela bareetsi ba gagwe ba Bajuda a re: “Lo se ka lwa akanya gore ke tlile go senya Molao kgotsa Baporofeti [ke gore Dikwalo Tsa Sehebera]. Ke tlile, e seng go senya, mme go diragatsa; gonne ammaaruri ke a lo raya ka re legodimo le lefatshe di tla feta ka bonako go na le gore tlhaka e le nngwe e nnye thata kgotsa ntlhana e le nngwe ya tlhaka ya Molao e fete ka gope mme dilo tsotlhe di sa diragala.”—Mathaio 5:17, 18.

Gape Jesu o ne a bua ka go diragadiwa ga boporofeti jwa Baebele jo bo buang ka ditiragalo tse di neng di mo diragalela le tse di neng di tla diragala. (Daniele 9:27; Mathaio 15:7-9; 24:15) Mo godimo ga moo, Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba bolelela pele ditiragalo tse di neng di tla direga morago ga motlha wa bone, go akaretsa le tse dingwe tse dintsi tse re di boneng di direga gompieno. Setlhogo se se latelang se tla sekaseka go diragadiwa ga boporofeti joo jwa Baebele le jo bongwe jo bo tla diragadiwang mo isagweng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 9 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka boporofeti jo bo neng jwa diragadiwa mo go Jesu, bona buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? tsebe 200, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

“Kgarebane . . . e tla tshola morwa”

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

“Ga ke a ka ka fitlha sefatlhego sa me mo dilong tse di tlhabisang ditlhong”