Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bolelela Pele se se Tla Tlogang se Direga mo Isagweng

Go Bolelela Pele se se Tla Tlogang se Direga mo Isagweng

Go Bolelela Pele se se Tla Tlogang se Direga mo Isagweng

FA MOAPOSETOLOI Petere a ne a bua ka isagwe ya batho le lefatshe o ne a kwala jaana: “Go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe [Modimo], mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.” (2 Petere 3:13) Pele ga moo, moporofeti Isaia o ne a bolelelwa ka tsholofetso ya “magodimo a masha le lefatshe le lesha.” (Isaia 65:17; 66:22) Fa Petere a ne a umaka boporofeti jono, o ne a bontsha gore mo motlheng wa gagwe bo ne bo ise bo diragadiwe ka botlalo.

Moragonyana, mo e ka nnang ka 96 C.E., Tshenolo e e neng ya kwalwa ke moaposetoloi Johane e ne ya amanya ‘lefatshe leo le lesha’ le masego a a tla nnang teng mo Bogosing jwa Modimo. (Tshenolo 21:1-4) Mafoko a ga Jesu le a ga moaposetoloi Paulo a a kaga maemo a lefatshe pele Bogosi jwa Modimo bo tla a a diragadiwa gone jaanong. Ka jalo, re ka solofela gore Bogosi joo bo tla tloga bo lere lefatshe le lesha. Lefatshe leo le lesha le tla bo le ntse jang? Buka ya Baebele ya Isaia e a re bolelela.

Masego a a Tla Nnang Teng mo Lefatsheng le Lesha

Kagiso ya Lefatshe Lotlhe le go Obamela Modimo ka Kutlwano. “Ba tla thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma le marumo a bone ba a dira dikere tse di pomang. Setšhaba ga se kitla se tsholeletsa setšhaba se sengwe tšhaka, le gone ga ba kitla ba tlhola ba ithuta ntwa gape.”—Isaia 2:2-4.

Kagiso fa Gare ga Batho le Diphologolo. “Phiri e tla nna nakonyana le kwanyana e tonanyana, mme lengau le tla botha le potsane, le namane le tawana e e seriri le phologolo e e fepilweng sentle tsotlhe di tla nna mmogo; mme mosimanyana o tla di etelela pele. Le kgomo le bera di tla fula mmogo; bana ba tsone ba tla botha mmogo. Le tau e tla ja lotlhaka jaaka poo. . . . Ga di kitla di utlwisa botlhoko le fa e le go senya mo thabeng ya me yotlhe e e boitshepo; ka gonne lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.”—Isaia 11:6-9.

Batho ba Tla Nna le Dijo Tse Dintsi. “Jehofa wa masomosomo ruri o tla direla ditšhaba tsotlhe, mo thabeng eno, mokete wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi, mokete wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, wa dijo tse di tsentsweng leokwane le lentsi tse di tletseng moko, wa beine e e bolokilweng mo dintsheng, e e tlhotlhilweng.”—Isaia 25:6.

Ga go Kitla go Tlhola go Nna le Loso. “Ruri [Modimo] o tla kometsa loso ka bosaengkae, mme Morena Molaodimogolo Jehofa o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe. Mme kgobo ya batho ba gagwe o tla e tlosa mo lefatsheng lotlhe, gonne Jehofa ka boene o go buile.”—Isaia 25:8.

Baswi ba Tla Tsosiwa. “Baswi ba tla tshela, ditopo tsa bone di tla tsoga. Ba ba robetseng mo loroleng ba tla tsoga mme ba goe ka boipelo . . . Lefatshe le tla dira gore ba ba sa bolong go swa ba tshele gape.”—Isaia 26:19, The New English Bible.

Mesia, Moatlhodi yo o Siameng. “Ga a kitla a atlhola go ya ka sepe fela se a se bonang ka matlho, le fa e le go kgalemela go ya fela ka se a se utlwileng ka ditsebe. O tla atlhola batho ba maemo a a kwa tlase ka tshiamo, mme o tla naya ba ba pelonolo ba lefatshe kgalemelo ka thokgamo.”—Isaia 11:3, 4.

Difofu le Bosusu ba Tla Fodisiwa. “Matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa.”—Isaia 35:5.

Naga e e Kgakgabetseng e Tla Lemiwa Gape. “Naga le kgaolo e e se nang metsi di tla itumela, le lebala le le sekaka le tla ipela le bo le ntsha dithunya jaaka saferone. Ruri le tla ntsha dithunya, mme le tla ipela ka boipelo le ka selelo sa boitumelo.”—Isaia 35:1, 2.

Lefatshe le Lesha. “Ke bopa magodimo a masha [puso e ntšha ya kwa legodimong] le lefatshe le lesha [mokgatlho o mosha wa batho ba ba siameng]; mme dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong. Mme itumeleng, lo ipele ka bosaengkae mo go se ke se bopang. . . . Ruri [baagi ba lefatshe le lesha le le solofeditsweng ke Modimo] ba tla aga matlo ba nne mo go one; ruri ba tla jala masimo a mofine ba je maungo a one. Ga ba kitla ba aga mme go nne o sele; ga ba kitla ba jala mme go je o sele. Gonne fela jaaka malatsi a setlhare a ntse, malatsi a batho ba me a tla nna fela jalo; mme batho ba me ba ba tlhophilweng ba tla dirisa tiro ya diatla tsa bone ka botlalo. Ga ba kitla ba direla ka natla lefela, le fa e le go tsholela pheretlhego; ka gonne ke bana ba ba bopilweng ka basegofadiwa ba ga Jehofa, mmogo le ditlogolwana tsa bone. Mme go tla diragala gore ba ise ba tlhaeletse, nna ke tla araba; fa ba sa ntse ba bua, nna ke tla utlwa.” “‘Fela jaaka magodimo a masha le lefatshe le lesha tse ke di dirang di eme fa pele ga me,’ go bua Jehofa, ‘fela jalo bana ba lona le leina la lona le tla nna le eme.’”—Isaia 65:17-25; 66:22.

Go Bolelela Pele Isagwe e e Itumedisang

Buka ya Baebele ya Isaia ga se yone fela e e bolelelang pele masego a a tla nnang teng mo isagweng. Baebele e tletse ka boporofeti jo bo tlhalosang dilo tse di itumedisang tse Modimo a tla di dirang ka Bogosi jwa gagwe jo bo eteletsweng pele ke Keresete. * A o ka rata go tshela mo maemong ao a mo paradaiseng? O ka kgona! Bona gore ke eng se tota Baebele e se rutang malebana le maikaelelo a a molemo a Modimo mo isagweng le gore o ka a bona jang. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka Bogosi jwa Modimo le se bo tla se dirang, bona tsebe 76-85 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Batho ba tla tshedisana ka kagiso e bile ba tla tshedisana ka kagiso le diphologolo

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Baswi ba tla tshela gape

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Lefatshe lotlhe e tla nna paradaise