Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa Tumelo ya Me e Nthusitseng Ka Teng go Lebana le Masetlapelo

Kafa Tumelo ya Me e Nthusitseng Ka Teng go Lebana le Masetlapelo

Kafa Tumelo ya Me e Nthusitseng Ka Teng go Lebana le Masetlapelo

Jaaka go boletse Soledad Castilo

Nkabo ke fekeeditswe ke go jewa ke bodutu makgetlo a le mmalwa mo botshelong jwa me—mme ga go a ka ga nna jalo. Fa ke ne ke na le dingwaga di le 34, monna wa me yo o rategang o ne a tlhokafala. Dingwaga di le thataro moragonyana, rre o ne a tlhokafala. Dikgwedi di le robedi morago ga loso lwa ga rre, ke fa ke lemoga gore morwaake yo o esi o ne a tshwerwe ke bolwetse jo bo sa alafegeng.

LEINA la me ke Soledad, mo go rayang “Bodutu.” Le fa go ka se ka ga utlwala, tota ga ke ise ke ikutlwe ke jewa ke bodutu. Fa ke ne ke lebana le masetlapelo, ke ne ke dumela gore Jehofa Modimo o teng, ‘o ntshwara ka seatla le go nthusa gore ke se ka ka boifa.’ (Isaia 41:13) Mma ke go tlhalosetse gore ke falotse jang masetlapelo a me le kafa a ileng a dira gore ke atamalane le Jehofa ka teng.

Botshelo jo bo Itumedisang le Mathata a le Mmalwa

Ke tsholetswe kwa Barcelona, kwa Spain, ka May 3, 1961, ke nna ngwana yo o esi wa batsadi ba me e bong José le Soledad. Fa ke le dingwaga di le robongwe, mmè o ne a ithuta boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. O ne a batlile dikarabo tsa dipotso tsa gagwe malebana le bodumedi mme kereke ya gagwe ga ya ka ya mo kgotsofatsa. Letsatsi lengwe, Basupi ba babedi ba ga Jehofa ba ile ba mo etela kwa lapeng mme ba araba dipotso tsa gagwe tsotlhe ka Baebele. O ne a itumelela go tshwarelwa thuto ya Baebele.

Go ise go ye kae, ke fa mmè a nna Mosupi wa ga Jehofa yo o kolobeditsweng, mme dingwaga di se kae moragonyana, rre o ne a latela sekao sa ga mmè. Eliana yo o neng a ithuta le mmè, o ne a lemoga ka bonako gore ke kgatlhegela Lefoko la Modimo. Le fa ke ne ke le mosetsanyana, Eliana o ne a akantsha gore ke tshwarelwe thuto ke le esi. Ka thuso ya gagwe le kgothatso ya ga mmè, ke ile ka kolobediwa ke na le dingwaga di le 13.

Fa ke sa le mo dingwageng tsa bolesome, gantsi ke ne ke rapela Jehofa—segolobogolo fa ke ne ke tshwanetse go dira ditshwetso. Boammaaruri ke gore ke nnile le mathata a sekae fela fa ke le mo dingwageng tsa bolesome. Ke ne ke na le ditsala tse dintsi mo phuthegong e bile ke atamalane le batsadi ba me. Ka 1982, ke ne ka nyalwa ke Felipe, Mosupi yo o neng a na le mekgele ya semoya jaaka nna.

Go Godisa Ngwana wa Rona Gore a Rate Jehofa

Dingwaga di le tlhano moragonyana, ke ne ka tshola ngwana yo montle wa mosimane yo re neng ra mmitsa Saúl. Nna le Felipe re ne re itumeletse go nna le ngwana. Re ne re solofela gore Saúl o tla nna ngwana yo o nang le botsogo jo bo molemo, a ritibetse e bile a rata Modimo. Nna le Felipe re ne re fetsa nako e ntsi le Saúl, re mmolelela ka Jehofa, re ja mmogo, re mo isa kwa parakeng le go tshameka metshameko mengwe le ene. Saúl o ne a rata go tsamaya le Felipe fa a ya go rerela ba bangwe boammaaruri jwa Baebele, mme Felipe a dira gore a nne le seabe mo bodireding a sa ntse a le monnye, e nna ene a kokotang le go tsamaisetsa batho dipampitshana.

Saúl o ne a amogela thapiso le lorato lwa rona sentle. Fa a le dingwaga di le thataro, o ne a rera le rona ka metlha. O ne a rata go reetsa dipolelo tsa Baebele, e bile a nna a lebeletse pele thuto ya rona ya lelapa ya Baebele. Fela fa a simolola go tsena sekolo, o ne a simolola go dira ditshwetso tse dinnye go ya ka kitso e a neng a na le yone ya Baebele.

Le fa go ntse jalo, fa Saúl a tshwara dingwaga di le supa, botshelo jwa rona jwa lelapa bo ne jwa fetoga fela thata. Felipe o ne a tshwaediwa ke mogare mo makgwafong. O ne a itshokela bolwetse jono ka dikgwedi di le 11, a sa kgone go dira mme gantsi a nna fela mo bolaong. O ne a tlhokafala a le dingwaga di le 36.

Ke sa ntse ke tsholola dikeledi fa ke gopola ngwaga oo o o boima. Ke ne ka bona mogatsake a gatelelwa ke bolwetse ka iketlo, mme go ne go se na sepe se ke neng nka se dira. Mo nakong eno yotlhe ke ne ka nna ke kgothatsa Felipe le fa tota ke ne ke lemoga gore ga nkitla ke kgona go nna le botshelo jwa lelapa jo ke neng ke bo solofetse. Ke ne ke mmalela ditlhogo tse di theilweng mo Dikwalong, mme seno se ile sa re nonotsha fa re ne re sa kgone go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete. Fa a ne a tlhokafala ke ne ka ikutlwa ke se motho wa sepe.

Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ntlhokomela. Ka dinako tsotlhe ke ne ke mo kopa gore a nneye moya wa gagwe. Ke mo lebogela dingwaga tse di itumedisang tse nna le Felipe re di feditseng mmogo le tsholofelo ya gore ke tla mmona gape ka tsogo. Ke ne ka kopa Modimo gore a nthuse go gopola dilo tse nna le mogatsake re neng re di dira mmogo le gore a nneye botlhale jwa go godisa ngwana wa rona gore e nne Mokeresete wa boammaaruri. Le fa ke ne ke utlwile botlhoko thata, ke ne ka gomotsega.

Batsadi ba me le bakaulengwe mo phuthegong ba ne ba ntshegetsa tota. Le fa go ntse jalo, e ne e le nna ke neng ke tshwanetse go ruta Saúl Baebele le kafa a ka direlang Jehofa ka gone. Mothapi wa me wa pele o ne a nnaya tiro e e molemo ya ofisi, mme ke ne ka bona go le botoka go dira tiro ya go phepafatsa gore ke kgone go nna le nako e ntsi le Saúl le gore a mphitlhele kwa gae fa a tswa sekolong.

Lokwalo longwe lo ne lwa mpontsha botlhokwa jwa go ruta Saúl ditsela tsa Modimo: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng; le fa a tsofala ga a na go e fapoga.” (Diane 22:6) Temana eno e ne ya nnaya tsholofelo ya gore fa ke dira sotlhe se nka se kgonang go bua le Saúl ka dilo tsa semoya, Jehofa o tla segofatsa maiteko a me. Ke boammaaruri gore, ke ne ka tshwanelwa ke go itima dilo dingwe, ke ne ke tlhoka go nna le nako le morwaake, mme seno e ne e le sone selo sa botlhokwa thata mo go nna go feta dithoto dipe fela tse ke neng nka nna le tsone.

Fa Saúl a le dingwaga di le 14, rre o ne a tlhokafala. Saúl o ne a amiwa thata ke seno, e re ka loso lwa ga rraagwemogolo lo ne lwa dira gore a nne le kutlobotlhoko e a ileng a nna le yone fa rraagwe a tlhokafala. Rre le ene o ne a tlhomile sekao se se molemo sa go rata Jehofa. Morago ga loso lwa ga rraagwemogolo, Saúl o ne a akanya gore e re ka jaanong e le ene “monna” fela mo lapeng o ne a tshwanelwa ke go tlhokomela mmaagwe le mmaagwemogolo.

Go Lwantsha Bolwetse Jwa Lukemia

Dikgwedi di le robedi morago ga loso lwa ga rre, ngaka ya rona ya lelapa e ne ya re ke ise Saúl kwa bookelong jwa lefelo la rona, e re ka a ne a na le letsapa le le tseneletseng. Fa dingaka di sena go dira diteko tse dintsi di ne tsa mpolelela gore Saúl o na le bolwetse jwa lukemia. *

Mo dingwageng tse pedi le sephatlo tse di latelang, Saúl o ne a ya gangwe le gape kwa bookelong fa mmele wa gagwe o ntse o lwantsha kankere le kalafi ya dikhemikale e dingaka di neng di e dirisa go e alafa. Thulaganyo ya kalafi e a neng a e newa mo dikgweding tsa ntlha tse thataro e ile ya dira gore a nne botoka ka dikgwedi di le 18 fela. Le fa go ntse jalo, kankere e ne ya mo tlhasela gape, mme Saúl o ne a newa kalafi e nngwe ya dikhemikale e e ileng ya mo koafatsa fela thata. Kankere e ne ya okobala ka lobakanyana fela, mme mmele wa ga Saúl o ne o sa kgone go emelana le kalafi ya boraro e a neng a e newa ya dikhemikale. Saúl o ne a ineetse mo Modimong e bile a bontshitse gore o batla go kolobediwa gore a nne mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, mme o ne a tlhokafala fa a sena go tshwara dingwaga di le 17.

Gantsi dingaka di akantsha gore molwetse a tshelwe madi go lwantsha tsela e e botlhoko e kalafi ya dikhemikale e nang le go ama balwetse ka yone. Mme gone, go tshelwa madi ga go alafe bolwetse. Fa dingaka di ne di lemoga gore Saúl o na le bolwetse jwa lukemia, nna le Saúl re ne ra ba tlhalosetsa ka tsela e e utlwalang sentle gore ga re kitla re amogela kalafi eo, e re ka re ne re batla go ikobela molao wa ga Jehofa wa gore re “ithibe . . . mo mading.” (Ditiro 15:19, 20) Mo makgetlong a le mmalwa fa ke ne ke seo, Saúl o ne a tshwanelwa ke go tlhomamisetsa dingaka gore ke ene a itiretseng tshwetso ya gore a se ka a tshelwa madi. (Bona lebokoso le le mo tsebe  31.)

La bofelo dingaka di ne tsa fetsa ka gore Saúl ke ngwana yo o godileng sentle mo tlhaloganyong e bile o itse sentle kafa bolwetse jwa gagwe bo tlileng go mo ama ka teng. Le fa ba ne ba re gatelela ka metlha gore re fetole tshwetso ya rona ba ne ba tlotla boemo jwa rona mme ba dumela go dirisa kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone. Ke ne ka nna motlotlo ka Saúl fa ke ne ke mo utlwa a tlhalosetsa dingaka gore o ne a sa amogele tshelo ya madi. Go bonala sentle gore o ne a setse a na le kamano e e gaufi le Jehofa.

Ka paka ya selemo e re neng ra itse ka bolwetse jwa ga Saúl ka yone, buka ya setlhogo se se reng Atamalana le Jehofa e ne ya gololwa kwa kopanong ya kgaolo kwa Barcelona. Buka eno e e botlhokwa thata e ne ya itshupa e le tshetledi e e re bolokang re nitame fa re ntse re lebana le isagwe e e sa tlhomamang le e e tlhobaetsang. Re ne ra bala dikarolo tsa yone mmogo mo diureng tse re di feditseng kwa bookelong. Gantsi re ne re gopola diteng tsa yone mo dinakong tse di boima tse re neng ra di itshokela moragonyana. Lokwalo lwa Isaia 41:13, lo lo umakilweng mo ketapeleng ya buka eno, lo ne lwa nna le bokao jo bo kgethegileng mo go rona. Lwa re: “Nna, Jehofa Modimo wa gago, ke tshwere seatla sa gago sa moja, Nna yo ke go rayang ke re, ‘O se ka wa boifa. Nna ke tla go thusa.’”

Tumelo ya ga Saúl e Ama Dipelo Tsa Batho ba Bangwe

Tsela e Saúl a neng a godile sentle ka yone mo tlhaloganyong e bile a na le tsholofelo, e ile ya kgatlha dingaka le baoki fela thata kwa bookelong jwa Vall d’Hebrón. O ne a ratwa ke setlhopha sotlhe sa batho ba ba neng ba mo tlhokometse. Ngaka e kgolo e e alafang malwetse a kankere ya madi ga a bolo go alafa bana ba Basupi ba ba tshwerweng ke lukemia, mme o ne a ba tlotla thata. O gopola tshwetso e Saúl a neng a e dira ya go emela se a se dumelang, bopelokgale jwa gagwe fa a ne a lebane le loso le tsela e a neng a na le tsholofelo ka yone mo botshelong. Setlhopha sa baoki se ne sa bolelela Saúl gore e ne e le molwetse yo o molemo go gaisa botlhe ba ba kileng ba nna le bone. Ba ne ba re ga a ise a ko a ngongorege e bile o ne a sa ntse a kgona go dira metlae le go tshega le ba bangwe—le fa a ne a tloga a swa.

Moithutatlhaloganyo mongwe o ne a mpolelela gore bana ba le bantsi ba dingwaga tseno ba ba tshwerweng ke bolwetse jono jo bo sa alafegeng ba a tle ba tsuologele dingaka le batsadi ka ntlha ya kutlobotlhoko le go betwa ke pelo. O ile a lemoga gore Saúl ene ga a ka a dira jalo. O ne a gakgamadiwa ke go bona Saúl a ritibetse e bile a na le tsholofelo. Seno se ile sa dira gore nna le Saúl re nne le tshono ya go mmolelela ka tumelo ya rona.

Gape ke gopola kafa Saúl a ileng a thusa Mosupi mongwe ka gone a sa lemoge mo phuthegong ya rona. O ne a tshwenyega thata mo maikutlong ka dingwaga di ka nna thataro, mme melemo e ne e sa tokafatse boemo jwa gagwe. Mo makgetlong a le mmalwa, o ne a fetsa bosigo jotlhe a tlhokometse Saúl kwa bookelong. O ne a mpolelela gore boikutlo jo Saúl a neng a na le jone ka lukemia bo mo kgatlhile tota. O ne a lemoga gore le fa Saúl a ne a le bokoa, o ne a leka go kgothatsa mongwe le mongwe yo o neng a mo etela. Mosupi yono a re: “Sekao sa ga Saúl se nneile nonofo ya go lwantsha go tshwenyega mo maikutlong.”

Go setse go fetile dingwaga di le tharo Saúl a tlhokafetse. Gone mme, ke sa ntse ke utlwile botlhoko. Ga ke na maatla, mme Modimo o nneile “maatla a a fetang a a tlwaelegileng.” (2 Bakorintha 4:7) Ke lemogile gore le fa motho a diragalelwa ke dilo tse di utlwisang botlhoko le go lebana le maemo a a boima a ka ithuta sengwe se se molemo go tswa mo maemong ao. Go itshokela loso lwa mogatsake, lwa ga rre, le lwa morwaake go nthusitse go nna pelotshweu le go tlhaloganya maemo a batho ba bangwe ba lebanang le one. Mo godimo moo, seno se ile sa dira gore ke atamalane thata le Jehofa. Nka kgona go lebana le isagwe ke sa boife ka gonne Rre yo o kwa legodimong o ntse a nthusa. O sa ntse a ntshwara ka seatla.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 19 Saúl o ne a na le bolwetse jwa lymphoblastic leukemia, ke mofuta mongwe o o kotsi wa kankere ya madi e e bolayang disele tse ditshweu.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 31]

A o Kile wa Ipotsa?

O ka tswa o ile wa utlwa gore Basupi ba ga Jehofa ga ba tshele madi. A o kile wa ipotsa lebaka la seo?

Gantsi batho ga ba tlhaloganye lebaka la bone la Dikwalo. Ka dinako dingwe batho ba akanya gore Basupi ba ga Jehofa ba gana mefuta yotlhe ya kalafi kgotsa ga ba lebe botshelo bo le botlhokwa. Mme seo ga se boammaaruri. Basupi ba ga Jehofa ba batlela bone le ba malapa a bone kalafi e e molemolemo. Le fa go ntse jalo, ba batla kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone. Ka ntlha yang?

Lebaka la bone le ikaegile ka molao wa botlhokwa o Modimo a neng a o naya batho. Morago fela ga Morwalela wa motlha wa ga Noa, Modimo o ne a letlelela Noa le lelapa la gagwe go ja nama ya diphologolo. Modimo ga a ka a ba letlelela go dira selo se le sengwe: Ba ne ba sa tshwanela go ja madi. (Genesise 9:3, 4) Batho ba ditso tsotlhe ke ditlogolwana tsa ga Noa, ka jalo molao ono o ba ama botlhe. Mme ga o a fetolwa. Mo makgolong a a fetang a le robedi a dingwaga moragonyana, Modimo o ne a gatelela molao oo gape mo setšhabeng sa Iseraele a tlhalosa gore madi a boitshepo e bile a emela moya kgotsa botshelo. (Lefitiko 17:14) Dingwaga tse di fetang 1 500 morago ga moo, baaposetoloi ba Bakeresete ba ne ba laela Bakeresete botlhe ‘go nna ba ithiba mo mading.’—Ditiro 15:29.

Basupi ba ga Jehofa ba bona gore ba tla bo ba sa ithibe mo mading fa ba a tsenya mo mmeleng ka go a tshelwa. Ka jalo, ba dirisa kalafi e nngwe e e sa diriseng madi. Tshwetso ya bone e e theilweng mo Dikwalong e dira gore ba bone kalafi ya maemo a a kwa godimo. Ga go gakgamatse go bo batho ba e seng Basupi ba ga Jehofa le bone ba batla kalafi e go sa dirisiweng madi mo go yone.

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke na le mogatsake, Felipe le morwa wa rona Saúl

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Batsadi ba me e bong José le Soledad

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Kgwedi pele Saúl a tlhokafala