Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kafa o Ka Nnang Rre yo O Molemo ka Teng

Kafa o Ka Nnang Rre yo O Molemo ka Teng

Kafa o Ka Nnang Rre yo O Molemo ka Teng

“Borrabana, lo se ka lwa galefisa bana ba lona gore ba se ka ba kgobega marapo.”—Bakolosa 3:21, The Holy Bible—New International Version.

RRE a ka tila jang go galefisa bana ba gagwe? Go botlhokwa gore a lemoge seabe sa gagwe jaaka rre. Lokwalopaka longwe lo lo begang ka malwetse a tlhaloganyo lo ne lwa re: “Go nna rre e ka nna selo se se raraaneng le se se tlhomologileng mme go ka ama maikutlo le go gola ga bana.”

Seabe sa ga rre ke sefe? Mo malapeng a le mantsi rre ke ene a otlhayang bana. Go tlwaelegile go utlwa mmè a raya ngwana yo o sa utlweng a re: ‘Ke tlile go bolelela rrago fa a goroga!’ Ke boammaaruri gore bana ba tshwanetse go kgalemelwa ke batsadi ka bobedi le go se ba letlelele go dira maratwaepelo gore e tle e nne bagolo ba ba dirang dilo ka tekatekano. Le fa go ntse jalo, go nna rre yo o molemo go akaretsa se se fetang seo.

Ka maswabi, ga se borre botlhe ba ba neng ba tlhomelwa sekao se se molemo. Banna bangwe ba godisitswe ba se na rre mo lapeng. Ka dinako tse dingwe, monna yo o godiseditsweng ke rre yo o bogale a ka tshwara bana ba gagwe ka tsela e e tshwanang. Rre yo o godisitsweng jalo a ka tila seo jang mme a nna motsadi yo o botoka?

Go na le motswedi wa kgakololo e e ikanyegang le e e mosola ya kafa o ka nnang rre yo o molemo ka teng. Baebele e na le kgakololo e e molemo e e kaga botshelo jwa lelapa. Kgakololo ya yone ga se kgopolo fela; le kaelo ya yone ga e ka ke ya re utlwisa botlhoko. Kgakololo ya Baebele e bontsha botlhale jwa Mokwadi wa yone, Jehofa Modimo, yo e leng Mosimolodi wa botshelo jwa lelapa. (Baefeso 3:14, 15) Fa o le rre, o tla bo o dira sentle go sekaseka se Baebele e se buang ka go nna motsadi yo o molemo. *

Go nna rre yo o molemo ga go thuse bana ba gago go gola sentle mo mmeleng le mo maikutlong fela mme gape go ba thusa go gola semoyeng. Go ka nna motlhofo gore ngwana yo o nang le kamano e e lorato le rraagwe e bile a atamalane thata le ene a nne le kamano e e gaufi thata le Modimo. Tota e bile, Baebele e bontsha gore Mmopi wa rona e bong Jehofa ke Rraarona. (Isaia 64:8) Jaanong a re sekasekeng dilo di le thataro tse bana ba di tlhokang mo go borraabone. Mo go nngwe le nngwe ya tsone, re tla sekaseka kafa go dirisa melaometheo ya Baebele go ka thusang borre go diragatsa dilo tse bana ba bone ba di tlhokang.

1 Bana ba Tlhoka Lorato Lwa Rraabone

Jehofa o tlhoma sekao se se molemo jaaka Rre. Fa Baebele e tlhalosa kafa Modimo a ikutlwang ka gone ka Jesu, Morwa wa gagwe wa leitibolo, ya re: “Rara o rata Morwa.” (Johane 3:35; Bakolosa 1:15) Mo makgetlong a le mmalwa, Jehofa o ne a bontsha gore o rata Morwawe le gore o a mo amogela. Fa Jesu a ne a kolobediwa, Jehofa o ne a bua a le kwa legodimong a re: “O Morwaake, moratwa; ke go amogetse.” (Luke 3:22) Le ka motlha Jesu ga a ka a belaela lorato lo Rraagwe a mo ratang ka lone. Borre ba ka ithuta eng mo sekaong sa Modimo?

O se ka wa okaoka go bolelela bana ba gago gore o a ba rata. Rre yo o nang le bana ba batlhano e bong Kelvin a re: “Ka metlha ke leka go bontsha banake lorato ka go ba bolelela gore ke a ba rata le ka go bontsha gore ke kgatlhegela mongwe le mongwe wa bone. Ke ne ke ba ntsha mengato le go ba tlhapisa.” Mo godimo ga moo, bana ba gago ba tlhoka go itse gore o a ba rata. Ka jalo, o se ka wa nnela go ba tshwayatshwaya diphoso le go tlhola o ba kgalemeletse ruri. Go na le moo, ba akgole ka metlha. Donizete, rre yo o nang le basetsana ba babedi ba dingwaga tsa bolesome a re, “Rre o tshwanetse go leka ka natla go batla ditshono tsa go akgola bana ba gagwe.” Fa bana ba gago ba itse gore o a ba rata, seo se ka ba thusa gore ba se ka ba inyatsa. Mme seo se ka ba thusa gore ba atamalane thata le Modimo.

2 Bana ba Tlhoka Sekao se se Molemo

Johane 5:19 ya re Jesu o ne a ka dira “fela se a bonang Rara a se dira.” Ela tlhoko gore temana eo ya re Jesu o ne a bona a bo a dira se Rraagwe a neng a se “dira.” Gantsi bana ba dira se se tshwanang. Ka sekai, fa rre a tshwara mosadi wa gagwe ka seriti le tlotlo, morwawe le ene a ka tshwara basadi ka seriti le tlotlo fa a gola. Basimane ga se bone fela ba amiwang ke sekao sa borraabone mme tsela e basetsana ba lebang banna ka yone e ka tlhotlhelediwa ke sekao sa borraabone.

A bana ba gago ba go fitlhela go le boima go kopa maitshwarelo? Le fano, go botlhokwa gore o ba tlhomele sekao. Kelvin o gakologelwa lekgetlo lengwe fa basimane ba gagwe ba babedi ba ne ba sentse khamera e e jeleng madi a mantsi. O ne a galefile thata gore a bo a iteye tafole ya legong gore e kgaogane ka bogare. Morago ga seno, Kelvin o ne a swabile tota mme a kopa maitshwarelo mo go bone le mo mosading wa gagwe ka go bo a paletswe ke go laola bogale jwa gagwe. Kelvin o akanya gore go kopa ga gagwe maitshwarelo go amile bana ba gagwe ka tsela e e molemo; ga ba na bothata jwa go kopa maitshwarelo.

3 Bana ba Tlhoka go Golela mo Lelapeng le le Itumetseng

Jehofa ke “Modimo yo o itumetseng.” (1 Timotheo 1:11) Ga go pelaelo gore Morwawe, e bong Jesu, o ne a itumela tota fa a ne a na le Rraagwe. Diane 8:30 e re thusa go tlhaloganya kamano e Jesu a neng a na le yone le Rraagwe: “Ke ne ke le fa thoko ga gagwe [Rre] ke le modiri yo o setswerere, . . . ke itumela [“ipela,” NIV] fa pele ga gagwe ka dinako tsotlhe.” A bo e ne e le kamano e e molemo jang ya Rre le Morwawe!

Bana ba gago ba tlhoka go golela mo lelapeng le le itumetseng. Go tshameka le bana ba gago go ka dira gore lelapa la lona e nne le le itumetseng. Go tshameka mmogo go thusa batsadi le bana go nna le kamano e e atamalaneng thata. Felix o dumalana le seo. O na le morwa yo o mo dingwageng tsa bolesome mme a re: “Go beela nako kwa thoko ya go itapolosa le morwaake go nnile botlhokwa thata mo kamanong ya rona. Re tshameka mmogo, re iketla le ditsala le go etela mafelo a mantle. Seno se ile sa dira gore re nne le lelapa le le itumetseng le le le atamalaneng.”

4 Bana ba Tlhoka go Rutiwa go Nna le Kamano e e Molemo le Modimo

Jesu o ne a rutwa ke Rraagwe. Ka jalo Jesu o ne a re: “Dilo tse ke di utlwileng mo go ene [Rre] ke di bua mo lefatsheng.” (Johane 8:26) Modimo o tsaya rre a na le boikarabelo jwa go ruta bana ba gagwe dilo tsa semoya le tsa boitsholo. Bongwe jwa maikarabelo a gago o le rre ke go jalelela melaometheo e e siameng mo dipelong tsa bana ba gago. Thapiso e e ntseng jalo e tshwanetse go simologa ba sa le bannye. (2 Timotheo 3:14, 15) Felix o ne a simolola go balela morwawe dipolelo tsa Baebele fa a sa le monnye. Felix o ne a dirisa dipolelo tse di kgatlhang, go akaretsa le tse di mo bukeng ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. * Fa morwawe a ntse a gola, Felix o ne a tlhopha dikgatiso tse dingwe tse di theilweng mo Baebeleng tse di neng di tshwanela dingwaga tse morwawe a neng a le mo go tsone.

Donizete a re: “Ga go motlhofo go dira gore thuto ya Baebele ya lelapa e nne e e itumedisang. Go botlhokwa gore batsadi ba bontshe gore ba anaanela dilo tsa semoya, e re ka bana ba lemoga ka bonako fa batsadi ba sa dire se ba batlang ba se dira.” Carlos yo o nang le barwa ba bararo, a re: “Re kopana beke le beke go sekaseka dilo tse lelapa le tlhokang go di ela tlhoko. Mongwe le mongwe mo lapeng o na le tshono ya go tlhopha gore go tlotlwe ka eng.” Ka metlha Kelvin o leka ka natla go bua le bana ba gagwe ka Modimo gongwe le gongwe fela kwa ba ka tswang ba le teng le fa ba dira sengwe le sengwe. Seno se re gopotsa mafoko ano a ga Moshe: “Mafoko ano a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago; o a jalele kwa teng mo go morwao o bo o bue ka one fa o ntse mo ntlong ya gago le fa o tsamaya mo tseleng le fa o rapama le fa o tsoga.”—Duteronome 6:6, 7.

5 Bana ba Tlhoka go Kgalemelwa

Gore bana e nne bagolo ba ba molemo le ba ba nang le maikarabelo ba tshwanetse go kgalemelwa. Go bonala batsadi bangwe ba akanya gore go otlhaya bana go akaretsa go ba tshwara ka tsela e e setlhogo, go ba galefela kgotsa go ba dira gore ba ikutlwe e se batho ba sepe. Le fa go ntse jalo, Baebele ga e re batsadi ba tshwanetse go nna setlhogo fa ba kgalemela bana. Go na le moo, batsadi ba tshwanetse go otlhaya bana ba bone ka lorato, fela jaaka Jehofa a dira. (Bahebera 12:4-11) Baebele ya re: “Borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.”—Baefeso 6:4.

Ka dinako tse dingwe, go ka tlhokega gore bana ba otlhaiwe. Le fa go ntse jalo, ngwana o tshwanetse go tlhaloganya lebaka la go bo a otlhaiwa. Kotlhao ya batsadi ga e a tshwanela go dira gore ngwana a ikutlwe a sa ratwe. Baebele ga e rotloetse go itaya ngwana ka tsela e e feteletseng gore a bo a gobale. (Diane 16:32) Kelvin a re, “Fa go ne go tlhokega gore ke kgalemele banake ka sengwe se se masisi, ka metlha ke leka go dira gore ba bone gore ke ba kgalemela ka go bo ke ba rata.”

6 Bana ba Tlhoka go Sirelediwa

Bana ba tshwanetse go sirelediwa mo ditlhotlheletsong tse di kotsi le mo ditsaleng tse di sa siamang. Ka maswabi, go na le “batho ba ba boikepo” mo lefatsheng leno ba ba ikaeletseng go sotla bana ba ba se nang molato. (2 Timotheo 3:1-5, 13) O ka sireletsa bana ba gago jang? Baebele e naya kgakololo eno e e botlhale: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.” (Diane 22:3) Gore o sireletse bana ba gago mo masetlapelong, o tshwanetse go lemoga dikotsi tse di ka ba tlhagelang. Bonela pele maemo a a ka dirang gore ba wele mo kotsing, mme o dire se o ka se kgonang go ba sireletsa. Ka sekai, fa o letlelela bana ba gago go dirisa Internet, tlhomamisa gore ba itse kafa ba ka e dirisang ka tsela e e seng kotsi ka gone. Go ka nna molemo gore o beye khomputara mo lefelong le o ka kgonang go bona bana fa ba e dirisa.

Rre o tshwanetse go thapisa le go baakanyetsa bana ba gagwe dikotsi tse ba ka lebanang le tsone mo lefatsheng leno le le sotlang bana. A bana ba gago ba itse se ba tshwanetseng go se dira fa mongwe a leka go ba sotla fa o seyo? * Bana ba tshwanetse go itse tsela e e siameng le e e sa siamang ya go dirisa dirwe tsa bone tsa tsalo. Kelvin o akgela jaana: “Ke ne ke sa lebelela gore batho ba bangwe le e leng barutabana ba rute banake ka kgang eno. Ke ne ke tsaya e le maikarabelo a me go ruta banake ka tlhakanelodikobo le kafa batho ba ba sotlang bana ka tlhakanelodikobo ba leng kotsi ka gone.” Bana ba gagwe botlhe ba ile gola ba sireletsegile mme jaanong ba mo manyalong a a itumetseng.

Senka Thuso ya ga Jehofa

Mpho e kgolo e rre a ka e nayang bana ba gagwe ke go ba thusa go nna le kamano e e nonofileng le Modimo. Sekao sa ga rre se botlhokwa thata. Donizete a re: “Borre ba tshwanetse go bontsha kafa kamano ya bone le Modimo e leng botlhokwa ka teng. Seno se tshwanetse go bonala sentle fa ba lebane le mathata. Mo maemong a a ntseng jalo, rre o bontsha kafa a ikanyang Jehofa ka botlalo ka teng. Fa o rapela le lelapa, gangwe le gape o bontsha gore o anaanela bomolemo jwa Modimo, mme go tla ruta bana botlhokwa jwa go dira Modimo tsala ya bone.”

Mme gone, ke eng se se ka dirang gore o nne rre yo o molemo? Senka kgakololo ya yo o itseng tsela e e molemo ya go godisa bana—Jehofa Modimo. Fa o thapisa bana ba gago go ya ka kaelo ya lefoko la Modimo, o tla bona matswela a a tlhalosiwang mo go Diane 22:6: “Le fa a tsofala ga a na go e fapoga.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Le fa kgakololo eno ya Baebele e go tlotliwang ka yone mo setlhogong seno e bua thata ka seabe sa rre, melaometheo e mentsi e a dira le mo go bomme.

^ ser. 18 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa

^ ser. 25 Go bona tshedimosetso e e kaga go sireletsa bana malebana le go sotliwa ka tlhakanelodikobo, bona makasine wa Tsogang! ya October 2007, tsebe 3–11, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Rre o tshwanetse go tlhomela bana ba gagwe sekao se se molemo

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Rre o tshwanetse go thusa bana ba gagwe ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Bana ba tshwanetse go kgalemelwa ka lorato