Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Mang Yo o Ka Bonelang Isagwe Pele?

Ke Mang Yo o Ka Bonelang Isagwe Pele?

Ke Mang Yo o Ka Bonelang Isagwe Pele?

“Ke nna Yo ke Leng Modimo . . . , Ene yo o bolelang bokhutlo go tswa kwa tshimologong, le dilo tse di iseng di dirwe go tswa bogologolong.”—Isaia 46:9, 10.

MO DINAKONG tseno tse di sa tlhomamang, basekaseki ba tsa dipolotiki, ba tsa maemo a ikonomi le a loago ba sekaseka hisitori le mekgwa ya bosheng go leka go bonela pele se se tla diregang mo isagweng. Ba bangwe ka ntlha ya go bo ba batla go itse se isagwe e ba tsholetseng sone ba ya kwa balepadinaleding kgotsa kwa bathong ba ba dirisanang le meya. Gantsi batho bano ga ba bone se ba neng ba se lebeletse. A tota ga go kgonege gore re itse se se tla diregang ka lefatshe leno, ka malapa a rona le ka mongwe le mongwe wa rona? Mme gone, a go na le mongwe yo o ka kgonang go bonela isagwe pele?

Mo mafokong a a nopotsweng fa godimo a Jehofa, Modimo Mothatayotlhe a neng a a bolelela Isaia, o tlhalosa bokgoni jwa gagwe jwa go bolelela isagwe pele. Modimo o ne a dirisa Isaia go bolelela pele go gololwa ga Baiseraele ba bogologolo kwa botshwarong jwa Babelona le go boela ga bone kwa Jerusalema go ya go e aga le go aga tempele sesha. A boporofeti joo bo ne jwa diragala? Mo e ka nnang dingwaga di le 200 pele ga moo, Isaia o ne a bolelela pele leina la motho yo o neng a tla gapa Babelona, e bong Kurose. Mo godimo ga moo, Isaia o ne a tlhalosa leano la ga Kurose ka tlhomamo—gore o ne a tla faposa metsi a Noka ya Euferatese e e neng e sireleditse motse. O ne a ba a bolelela pele gore Kurose o ne a tla fitlhela dikgoro tse pedi tse dikgolo tsa motse di tlogetswe di sa tswala, e leng se se neng se tla dira gore a gape motse oo motlhofo.—Isaia 44:24–45:7.

Fa motho a bapisiwa le Modimo, ga a na maatla a go bonela isagwe pele. Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “O se ka wa ipelafatsa ka letsatsi le le latelang, gonne ga o itse gore letsatsi leo le tla tla ka eng.” (Diane 27:1) Mafoko ano a sa ntse a le boammaaruri. Ga go na motho ope yo o ka kgonang go bonela isagwe ya gagwe pele? Ke eng se se dirang gore Modimo a farologane le batho? O tlhaloganya ka botlalo sengwe le sengwe se a se bopileng, go akaretsa mekgwa ya batho le botho jwa bone. Fa Modimo a batla, a ka kgona go bonela pele se tota mongwe le mongwe wa rona kgotsa ditšhaba tsotlhe di tla se dirang. Gape, o na le bokgoni jo bogolo jwa go laola tsela e ditiragalo dingwe di tla felelang ka yone. Fa a dirisa baporofeti ba gagwe go bolelela pele se se tla diregang, o nna “Yo o dirang gore lefoko la motlhanka wa gagwe le diragale, le Yo o diragatsang boikaelelo jwa barongwa ba gagwe ka botlalo.” (Isaia 44:26) Ke Jehofa Modimo fela a ka buang mafoko ao.

Isaia o ne a tshela dingwaga tse di fetang 700 pele Jesu, yo e neng e le Mesia a goroga. O ne a bolelela pele kaga go tla ga ga Mesia. Le fa go ntse jalo, segolobogolo go tloga mo lekgolong la bo18 la dingwaga go ya pele, batshwayadiphoso ba Baebele ba ne ba belaela gore buka ya Isaia e boammaaruri. Ba ne ba re boporofeti jwa Isaia bo ne jwa se ka jwa bolelelwa pele mme bo ne jwa kwalwa fa bo sena go direga, mokwadi a kwala fela se se diragetseng. A seo se boammaaruri? Ka 1947 go ne ga bonwa khopi ya buka ya Isaia le memeno e mengwe ya bogologolo mo legageng le le gaufi le Lewatle le le Suleng. Baitse ba ne ba lemoga gore khopi eno e ne e kwadilwe makgolokgolo a dingwaga pele Mesia kgotsa Keresete, yo go neng go boleletswe pele ka ene a tsholwa. Ee, Baebele e ne ya bolelela pele se se tla diregang mo isagweng!

Isaia le bakwadi ba bangwe ba Baebele ba ne ba ka se kgone go bolelela pele ditiragalo tsa mo isagweng ba ikaegile fela ka botlhale jwa bone. Go na le moo, “ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong e re ka ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.” (2 Petere 1:21) Mo ditlhogong tse di latelang, re tla sekaseka dintlha dingwe ka botshelo jwa ga Jesu tse di neng tsa bolelelwa pele ke Isaia. Morago ga moo, re tla sekaseka dilo tse Jesu le barutwa ba gagwe ba neng ba bolelela pele gore di tla direga mo motlheng wa rona le mo isagweng.