Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne A Dira “Ditshwetso mo Pelong ya Gagwe”

O ne A Dira “Ditshwetso mo Pelong ya Gagwe”

Etsa Tumelo ya Bone

O ne A Dira “Ditshwetso mo Pelong ya Gagwe”

MAREA o ne a lapisitswe ke go palama phologolo e nnye e e rwalang merwalo. O ne a e palame ka diura di le mmalwa. Fela fa pele ga gagwe, Josefa o ne a tsamaya ka iketlo, a mo eteletse pele go ya kwa Bethelehema e e kgakala. Marea o ne a utlwa ngwana a tlola mo sebopelong sa gagwe.

Marea o ne a setse a le gaufi le go tshola ngwana; Baebele e tlhalosa gore mo nakong eno o ne “a goletswe.” (Luke 2:5) Fa banyalani bano ba feta mo masimong, gongwe balemi bangwe ba ba neng ba lema kgotsa ba jala ba ne ba ba bona mme ba ipotsa gore ke eng fa mosadi yo o mo boemong jo bo ntseng jalo a ka tsaya loeto. Ke eng se se dirileng gore Marea a ye kgakala le legae la gagwe le le kwa Nasaretha?

Dilo tseno tsotlhe di simologile dikgwedi di le mmalwa pelenyana fa lekgarebe leno la Mojuda le ne le amogela kabelo e e neng e sa tshwane le epe mo hisitoring yotlhe ya batho. O ne a tla tshola ngwana yo a neng a tla nna Mesia, Morwa Modimo! (Luke 1:35) Fa nako ya gore a tshole ngwana e ntse e atamela, go ne ga tlhokega gore a tseye mosepele ono. Fa ba ne ba le mo mosepeleng oo, Marea o ne a lebana le dilo di le dintsi tse di neng tsa leka tumelo ya gagwe. Mma re bone gore ke eng se se mo thusitseng go nna a nonofile semoyeng.

Mosepele Wa go Ya Kwa Bethelehema

Josefa le Marea e ne e se bone fela batho ba ba neng ba tsere mosepele. Kaesara Aguseto o ne a sa tswa go laela gore batho ba ye go ikwadisa kwa dinagagaeng tsa bone. Josefa o ne a tsibogela seo jang? Pego ya re: “Ee, Josefa le ene a tlhatloga go tswa Galalea, a tswa kwa motseng wa Nasaretha, a ya Judea, kwa motseng wa ga Dafide, o o bidiwang Bethelehema, ka gonne a le leloko la ntlo le la lelapa la ga Dafide.”—Luke 2:1-4.

Go ne go sa itiragalela fela gore Kaesara a ntshe taelo eno ka nako eo. Boporofeti jo bo neng bo kwadilwe makgolo a ka nna supa a dingwaga pelenyana bo ne bo boleletse pele gore Mesia o ne a tla tsholelwa kwa Bethelehema. Go ne go na le motse o o bidiwang Bethelehema mme o ne o le bokgakala jwa dikilometara di le 11 fela go tswa mo Nasaretha. Le fa go ntse jalo, boporofeti bo ne bo boletse ka tlhamalalo gore Mesia o ne a tla tsholelwa kwa “Bethelehema Eferatha.” (Mika 5:2) Gompieno, motho a ka tsamaya dikilometara di ka nna 150 mo tseleng eo e e palamelang, go tswa kwa borwa jwa motse oo o monnye go ya kwa Nasaretha. Ke one motse wa Bethelehema o Josefa a neng a laetswe go ya kwa go one, ka e ne e le motse wa losika lwa lelapa la ga Kgosi Dafide—lelapa le Josefa le mosadi wa gagwe ba tsholetsweng mo go lone.

A Marea o ne a tla ema Josefa nokeng mo kgannyeng eno? Tota e bile, mosepele oo o ne o se kitla o nna motlhofo mo go ene. E ne e le gone go simololang letlhabula, ka jalo dipula di ne di ka na ka gonne selemo se ne fetile. Mo godimo ga moo, polelwana e e reng “a tlhatloga go tswa mo Galalea” e a tshwanela, ka gonne Bethelehema e ne e le bogodimo jwa dimetara di feta 760—e ne e le kwa godimo tota, e leng se se neng se ka dira gore go nne thata go feleletsa mosepele wa malatsi a le mmalwa. Gongwe go ne go tlile go ba tsaya lobakanyana, e re ka boemo jwa ga Marea bo ne bo ka mo tlhoka gore a ikhutse gangwe le gape. Mo nakong eno ya fa lekgarebe leno le ne le tloga le tshola ngwana le ne le ka batla go nna kwa gae, kwa ba losika le ditsala ba neng ba tla le thusa fa ditlhabi tsa lone tsa pelegi di simolola. Ga go pelaelo gore o ne a tshwanetse go nna pelokgale gore a tseye mosepele ono.

Le fa go ntse jalo, Luke o ne a kwala gore Josefa o ne a ya “go kwadisiwa le Marea.” Gape a kwala gore Marea ‘o ne a neetswe Josefa ka nyalo jaaka go ne go solofeditswe.’ (Luke 2:4, 5) E re ka Marea e ne e le mosadi wa ga Josefa, seo se ne se ama tsela e a neng a dira ditshwetso ka yone fela thata. O ne a leba monna wa gagwe e le ene a etelelang pele mo dilong tsa kobamelo, e bile a amogela seabe se a se neilweng ke Modimo sa go nna mothusi wa gagwe ka go tshegetsa ditshwetso tse a neng a di dira. * Ka jalo o ne a lebana le kgwetlho eno e e neng e leka tumelo ya gagwe ka go nna boikobo.

Ke eng gape se se ka tswang se ile sa tlhotlheletsa Marea go ikoba? A o ne a itse ka boporofeti jo bo neng bo re Bethelehema ke lefelo le Mesia a neng a tla tsholelwa kwa go lone? Baebele ga e bue sepe ka gone. Go ka direga gore o ne a itse ka gonne kgang eno e ne e itsewe ke baeteledipele ba bodumedi tota le batho fela. (Mathaio 2:1-7; Johane 7:40-42) Marea o ne a itse Dikwalo. (Luke 1:46-55) Mme gone, le fa Marea a ne a sweditse go tsamaya ka ntlha ya go ikobela monna wa gagwe, taelo ya puso kgotsa boporofeti jwa ga Jehofa—kgotsa e le ka ntlha ya mabaka ano otlhe—o tlhomile sekao se se molemo tota. Ruri Jehofa o tsaya boikutlo jwa go ikoba le go nna kutlo jo banna le basadi ba nang le jone bo le botlhokwa. Mo metlheng eno ya rona, e go ikoba go sa rategeng, sekao sa ga Marea se tlhotlheletsa batho ba ba ikanyegang gongwe le gongwe.

Botsalo Jwa ga Keresete

Marea o tshwanetse a bo a ile a itumela tota fa a ne a bona Bethelehema a le kgakajana. Marea le Josefa ba ka tswa ba ile ba akanya ka hisitori ya motsana ono fa ba ntse ba palama dithaba, ba feta go ralala masimo a motlhware—mangwe a maungo a bofelo go rojwa. Fela jaaka Mika a ne a boletse, e ne e le motsana o o seng botlhokwa e bile o sa akarediwe mo metseng ya Juda; le fa go ntse jalo, e ne e le lefelo le Boase, Naomi mme moragonyana Dafide, ba neng ba tsholelwa mo go lone dingwaga di feta sekete pele Jesu a tsholwa.

Marea le Josefa ba ne ba fitlhela motse o tletse thata. Ba bangwe ba ne ba setse ba fitlhile pele ga bone go tla go ikwadisa, mo e leng gore go ne go se na bonno mo phaposing ya baeng. * Go ne go se na se ba ka se dirang ntle le go robala mo setaleng sa diruiwa mo bosigong joo. Akanya fela gore Josefa o ne a ikutlwa jang fa a bona mosadi wa gagwe a nna le ditlhabi tse a iseng a ko a tsamaye a nne le tsone pele, e bile di ntse di oketsega! O ne a simolola go utlwa ditlhabi tsa pelegi fa a ne a le mo lefelong leno le le nyatsegang—setale sa diruiwa.

Basadi ba le bantsi ba ne ba ka tlhomogela Marea pelo. Dingwaga di ka nna 4 000 pelenyana, Jehofa o ne a boleletse pele gore basadi botlhe ba ne ba tla nna le ditlhabi fa ba tshola bana ka ntlha ya boleo jo re bo ruileng. (Genesise 3:16) Ga go na bosupi bope jo bo bontshang gore Marea ene ga a ka a nna le ditlhabi tseo. Pego ya ga Luke ga e bolele gore Marea o ne a nna le ditlhabi, mme ya re: “A belega morwawe, leitibolo.” (Luke 2:7) Ee, “leitibolo” la gagwe le ne la tsholwa—ngwana wa ntlha mo go ba le bantsi ba ga Marea ba gongwe ba neng ba le supa. (Mareko 6:3) Le fa go ntse jalo, yono o ne a se kitla a tshwana le bone. E ne e se fela leitibolo la ga Marea mme gape e ne e le “leitibolo la popo yotlhe” ya ga Jehofa, Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo!—Bakolosa 1:15.

Jaanong pego eno e akaretsa le ntlha eno e e itsegeng thata: “A mo phuthela ka dihapo tsa matsela a bo a mo latsa mo bojelong jwa diruiwa.” (Luke 2:7) Metshameko, ditshwantsho le dipontsho tse di kaga botsalo jwa ga Jesu mo lefatsheng ka bophara di feteletsa dilo fa di bontsha tiragalo eno. Mme gone, akanya ka se tota se diragetseng. Bojelo jwa diruiwa ke mogopo o go fepelwang diphologolo mo go one e bile di jela mo go one. Ka jalo lelapa leno le ne le le mo bojelong jwa diruiwa, e leng lefelo le le neng le se na moya o o phepa kgotsa le sa siamela gore batho ba nne mo go lone—ka nako eo le gompieno. Tota ga go batsadi bape ba ba neng ba ka tlhopha go tsholela ngwana wa bone mo bojelong jwa diruiwa fa go ne go na le lefelo le lengwe. Batsadi ba le bantsi ba batlela bana ba bone se se molemo. Ruri Marea le Josefa ba ne ba batlela Morwa Modimo se se molemo bogolo!

Le fa go ntse jalo, ga ba a ka ba letla gore maemo a bone a ba kgobe marapo; ba ne ba dira sotlhe se ba neng ba ka se kgona. Ka sekai, ela tlhoko gore Marea o ne a tlhokomela losea, a lo hapa ka dihapo tsa matsela, a bo a lo robatsa mo bojelong jwa diruiwa gore lo thuthafale. Marea ga a ka a letla gore go tlhobaela ka maemo a gagwe a nako eo go mo kgoreletse gore a dire sotlhe se a neng a ka se kgona. Tota e bile, Marea le Josefa ba ne ba itse gore selo sa botlhokwa thata se ba neng ba ka se direla ngwana yono ke go mo tlhokomela ka dilo tsa semoya. (Duteronome 6:6-8) Gompieno, batsadi ba ba botlhale le bone ba akanyetsa kgang eno ya botlhokwa fa ba godisa bana ba bone mo lefatsheng leno le le sa reng sepe ka go direla Modimo.

Go Kgothadiwa ke Ketelo

Ka tshoganyetso go ne ga direga sengwe se se neng sa fetola boemo. Badisa ba ne ba tla ka potlako mo setaleng, ba tlhoafaletse go bona lelapa leno mme segolobogolo ngwana. Banna bano ba ne ba itumetse tota. Ba ne ba tla ba potlakile jalo ba tswa kwa dithabeng kwa ba neng ba nna gone le matsomane a bone. * Ba ne ba bolelela batsadi bano ba ba gakgametseng ka sengwe se se kgatlhang se ba sa tswang go se bona. Fa ba ntse ba le kwa dithabeng ba disitse, ka tshoganyetso fela moengele o ne a iponatsa kwa go bone. Kgalalelo ya ga Jehofa e ne ya nyedima mo lefelong lotlhe, mme moengele o ne a ba bolelela gore Keresete, kgotsa Mesia, o sa tswa go tsholwa kwa Bethelehema. Ba ne ba tla fitlhela ngwana a robetse mo bojelong jwa diruiwa, a hapilwe ka dihapo tsa matsela. Morago ga moo, ba bona sengwe se se kgatlhang thata—lesomo le legolo la baengele la bonala, le opela ka kgalalelo ya ga Jehofa!

Ga go gakgamatse go bo banna bano ba ba boikobo ba ile ba potlakela kwa Bethelehema. Ba tshwanetse ba bo ba ile ba itumelela go bona losea lo lo sa tswang go tsholwa lo robetse fa moengele a neng a rile ba tla le fitlhela gone. Ga ba a ka ba nna fela ka dikgang tseno tse di molemo ba sa di bolelele ba bangwe. ‘Ba ne ba itsise lefoko. Mme botlhe ba ba neng ba utlwa ba gakgamala ka ntlha ya dilo tse ba neng ba di bolelelwa ke badisa.’ (Luke 2:17, 18) Go lebega baeteledipele ba bodumedi ba metlha eo ba ne ba nyatsa badisa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tseela banna bano ba ba ikokobeditseng le ba ba ikanyegang kwa godimo. Mme gone, ketelo eno e ile ya ama Marea jang?

Le fa Marea a ne a sa ntse a lapisitswe ke ditlhabi tsa pelegi, o ne a reetsa lefoko lengwe le lengwe ka kelotlhoko. Mme ga a ka a reetsa fela: “Marea a simolola go boloka mafoko ano otlhe, a dira ditshwetso mo pelong ya gagwe.” (Luke 2:19) Ruri lekgarebe leno le ne le akanyetsa dilo. O ne a itse gore molaetsa ono wa moengele o ne o le botlhokwa thata. Modimo wa gagwe, Jehofa, o ne a batla gore a itse le go lemoga gore morwawe o botlhokwa go le kana kang. Ka jalo ga a ka a reetsa fela. O ne a boloka mafoko ano mo pelong ya gagwe gore a nne a tlhatlhanya ka one gangwe le gape mo dikgweding le mo dingwageng tse di neng di tla latela. Seno ke sone selo se se tlhomologileng se se dirileng gore Marea a nne le tumelo mo botshelong jotlhe jwa gagwe.

A o tla latela sekao sa ga Marea? Jehofa o tladitse Lefoko la gagwe ka boammaaruri jwa dilo tsa botlhokwa tsa semoya. Le fa go ntse jalo, boammaaruri joo bo ka re solegela molemo, fa fela re ka bo tsaya tsia. Re dira jalo ka go bala Baebele ka metlha—e seng e le buka fela e e kwadilweng mme e le Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng. (2 Timotheo 3:16) Go tswa foo, fela jaaka Marea, re tshwanetse go boloka dilo tsa semoya mo dipelong tsa rona le go dira ka natla gore re di tlhaloganye ka botlalo. Fa re tlhatlhanya ka se re se balang mo Baebeleng, re akanyetsa ditsela tse re ka dirisang kgakololo ya ga Jehofa ka botlalo ka gone, re tla nonotsha tumelo ya rona gore e gole.

Dipolelo Tse Dingwe Tse di Neng di Tshwanetse go Bolokwa

Fa ngwana a na le malatsi a le robedi, Marea le Josefa ba ne ba mo rupisa go ya ka Molao wa ga Moshe, mme ba mo raya leina ba re ke Jesu jaaka ba laetswe. (Luke 1:31) Morago ga moo, ka letsatsi la bo40, ba tsamaya le ene go tswa kwa Bethelehema go ya kwa Jerusalema, e e leng sekgala sa dikilometara di le mmalwa, mme ba ntsha tshupelo ya go itshekisa e Molao o neng o letla gore batho ba ba humanegileng ba e ntshe—maeba a mabedi kgotsa maphoi a mabedi. Ba ne ba se ka ba itetla go tlhajwa ke ditlhong ka go bo ba ne ba sa kgone go ntsha phelefu le leeba tse batsadi ba bangwe ba neng ba kgona go di ntsha. Le fa ba ntshitse go le gonnye fela, ba ne ba kgothadiwa tota fa ba ne ba le koo.—Luke 2:21-24.

Monnamogolo mongwe yo o bidiwang Simeone o ne a ba atamela mme a bolelela Marea dilo tse dingwe tse a neng a di boloka mo pelong ya gagwe. Simeone o ne a solofeditswe gore o ne a tla bona Mesia pele a swa, mme moya o o boitshepo wa ga Jehofa o ne wa mo itsise gore Jesu yo mmotlana e ne e le Mmoloki yo o boleletsweng pele. Gape Simeone o ne a bolelela Marea ka botlhoko jo a neng a tla tshwanelwa ke go bo itshokela letsatsi lengwe. O ne a re Marea o ne a tla ikutlwa e kete tšhaka e telele e ne e phunyeleditswe mo go ene. (Luke 2:25-35) Tota le mafoko ao a a neng a tlhalosa se se utlwisang botlhoko se se neng se tla direga, a ka tswa a ile a thusa Marea go itshoka fa nako eo e e boima e fitlha masome a le mararo a dingwaga moragonyana. Fa Simeone a sena go bua dilo tseno, moporofeti wa mosadi yo o bidiwang Ana o ne a bona Jesu yo mmotlana mme a simolola go bua ka ene mo go botlhe ba ba neng ba letetse kgololo ya Jerusalema.—Luke 2:36-38.

Ruri Marea le Josefa ba ne ba dirile tshwetso e e molemo ka go tlisa ngwana wa bone mo tempeleng ya ga Jehofa kwa Jerusalema! Go dira jalo go ne ga thusa ngwana wa bone gore a nne gone ka metlha kwa tempeleng ya ga Jehofa. Fa ba le koo, ba ne ba dira sotlhe se ba ka se kgonang mme ba ne ba rutiwa le go kgothadiwa. Ruri tumelo ya ga Marea e ne e nonofile fa a tswa mo tempeleng letsatsi leo, pelo ya gagwe e tletse ka dilo tse di botlhokwa tse a neng a tla tlhatlhanya ka tsone le go di bolelela batho ba bangwe.

Go itumedisa tota go bona batsadi gompieno ba latela sekao seo. Ka metlha batsadi ba Basupi ba ga Jehofa ba tla le bana ba bone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Batsadi bano ba dira sotlhe se ba ka se kgonang mo tirelong ya Modimo, e bile ba kgothatsa badumedi ka bone. Mme fa ba tswa kwa dipokanong ba tswa ba nonofile, ba itumetse e bile ba na le dilo di le dintsi tse di molemo tse ba ka di bolelelang batho ba bangwe. O lalediwa ka lorato gore o kopanele le bone. Fa o dira jalo, tumelo ya gago e tla nonofa le go feta, fela jaaka ya ga Marea.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 Ela tlhoko pharologanyo e e leng teng ya polelo eno le tlhaloso ya mosepele o o nnileng gone pele ga ono: “Marea a nanoga . . . a ya” go etela Elisabetha. (Luke 1:39) Ka nako eo, e re ka Marea a ne a beeleditswe mme a ise a nyalwe a ka tswa a ile a tsamaya a sa buisana le Josefa. Fa ba sena go nyalana, le fa gone ba ne ba tsere mosepele mmogo, Baebele e tlhalosa fa Josefa e le ene a neng a tsaya mosepele, e seng Marea.

^ ser. 14 Go ne go tlwaelegile gore mo ditoropong go nne le lefelo le baeti le ditlhopha tsa batho ba ba tsayang loeto ba robalang mo go lone.

^ ser. 19 Lebaka la go bo badisa bano ba ne ba le kwa ntle le matsomane a bone le bontsha boammaaruri jwa se se bolelwang ke ditiragalo tsa Baebele: Keresete ga a tsholwa ka December, ka nako ya fa matsomane a ne a tla bo a tswaletswe gaufi le legae, go na le moo, o ne a tsholwa mo masimologong a October.

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Simeone o ne a segofadiwa ka gore a bone Mmoloki yo o neng a boleletswe pele