Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta Bana ba Gago

A o Fufegetse Ruri? Bomorwarraagwe Josefa Ba ne Ba Ntse Jalo

A o Fufegetse Ruri? Bomorwarraagwe Josefa Ba ne Ba Ntse Jalo

MMA re tlotle ka se go nna lefufa go se bolelang. A o kile wa go fitlhela go le boima go rata motho mongwe ka gonne batho ba bangwe ba re o molemo, o montle kgotsa o botlhale? *— Ke seo se ka diregang fa o fufegela mongwe.

Go ka nna le lefufa mo lapeng fa batsadi ba rata ngwana yo mongwe go feta yo mongwe. Baebele e re bolelela ka lelapa lengwe le mo go lone lefufa le neng la baka bothata jo bogolo. Mma re sekaseke gore lefufa leo le ne la baka bothata bofe le gore re ka ithuta eng mo go se se neng sa direga.

Josefa e ne e le morwa wa bolesomenngwe wa ga Jakobe, mme bomorwarraagwe Josefa ka rraagwe ba ne ba mo fufegela. A o itse gore ke ka ntlha yang?— E ne e le ka ntlha ya gore rraabone e bong Jakobe, o ne a rata Josefa. Ka sekai, Jakobe o ne a diretse Josefa seaparo se sentle se se methalo. Jakobe o ne a rata Josefa thata “ka gonne e ne e le morwa wa botsofe jwa gagwe” le ngwana wa ntlha wa mosadi wa gagwe yo a mo ratang e bong Ragele.

Baebele ya re ‘fa bomorwarraagwe Josefa ba bona gore rraabone o mo rata thata, ba ne ba tlhoa Josefa.’ Letsatsi lengwe Josefa o ne a bolelela lelapa la gaabo gore o ne a lorile botlhe ba mo ikobela, go akaretsa le rraagwe. Baebele ya re “bomorwarraagwe ba mo fufegela,” tota e bile rraagwe o ne a mo kgalemelela go bua ka toro eo.—Genesise 37:1-11.

Nako nngwe moragonyana, fa Josefa a ne a na le dingwaga di le 17, bomorwarraagwe ba ne ba le kgakala thata le legae la bone ba disitse dinku le dipodi. Ka jalo Jakobe o ne a romela Josefa go ya go tlhola bomorwarraagwe. A o a itse gore bangwe ba bone ba ne ba batla go dira eng fa ba ne ba mmona a tla?— Ba ne ba batla go mmolaya! Mme gone, bomorwarraagwe ba le babedi, Rubene le Juda, ba ne ba sa batle gore a bolawe.

Fa bagwebi bangwe ba ne ba feta ka tsela ba ya kwa Egepeto, Juda o ne a re: ‘A re mo rekiseng.’ Ba ne ba dira jalo. Morago ga moo ba ne ba bolaya podi mme ba ina seaparo sa ga Josefa mo mading a yone. Moragonyana fa ba ne ba bontsha rraabone seaparo seo, o ne a re: ‘Sebatana se se bogale sa naga se tshwanetse sa bo se jele Josefa!’—Genesise 37:12-36.

Fa nako e ntse e ya, Faro, mmusi wa Egepeto o ne a rata Josefa. Seno ke ka gonne o ne a kgona go tlhalosa bokao jwa ditoro tse pedi tsa ga Faro a thusiwa ke Modimo. Toro ya ntlha e ne e le kaga dikgomo tse supa tse di nonneng di latelwa ke tse supa tse di bopameng. Toro ya bobedi e ne e le kaga diako di le supa tse di nonneng tsa dijo tsa ditlhaka go tswa foo, tsa di le supa tse di omeletseng. Josefa o ne a re ditoro tseo ka bobedi di ne di bolela gore go tla nna le dingwaga di le supa tsa thobo e kgolo mme di latelwe ke dingwaga di le supa tsa leuba. Ka taelo ya ga Faro, Josefa o ne a newa boikarabelo jwa gore a boloke dijo mo dingwageng tsa kgora go baakanyetsa nako ya leuba.

Fa leuba le tsena, lelapa la gaabo Josefa le le neng le nna kgakala thata, le ne le tlhoka dijo. Jakobe o ne a romela bomogoloe Josefa ba le lesome kwa Egepeto go ya go batla dijo. Ba ne ba ema fa pele ga Josefa, mme ba ne ba sa mo lemoge. Kwantle ga gore Josefa a ipolele gore ke mang, o ne a leka bomorwarraagwe mme a lemoga gore ba ne ba utlwisitswe botlhoko ke tsela e e sa siamang e ba ileng ba mo tshwara ka yone. Morago ga moo Josefa o ne a ba ikitsise. Ba ne ba itumelela go bonana gape!—Genesise, kgaolo 40 go ya go 45.

O ithuta eng ka lefufa mo pegong eno ya Baebele?— Lefufa le ka baka mathata a magolo, e bile le ka dira gore motho a batle go utlwisa morwarraagwe botlhoko! A re bale Ditiro 5:17, 18 le Ditiro 7:54-59 mme re bone gore lefufa le ne la dira gore batho ba tshware barutwa ba ga Jesu jang.— Fa o sena go bala pego eno, a o kgona go bona gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ikela tlhoko gore re se ka ra nna lefufa?—

Josefa o ne a tshela go fitlha a nna dingwaga di le 110. O ne a godisa bana, ba ba neng ba mo tsholela ditlogolwana tse le tsone di ileng tsa tshola bana. Re ka tlhomamisega gore gangwe le gape Josefa o ne a ba ruta go ratana le go tila go nna lefufa.—Genesise 50:22, 23, 26.

^ ser. 3 Fa o bala le bana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o ba kgothaletse go ntsha maikutlo a bone.