Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Basupi ba ga Jehofa ba Dumela mo Tesetamenteng e Kgologolo?

A Basupi ba ga Jehofa ba Dumela mo Tesetamenteng e Kgologolo?

Babadi ba a Botsa

A Basupi ba ga Jehofa ba Dumela mo Tesetamenteng e Kgologolo?

Basupi ba ga Jehofa ba leba Baebele e le Lefoko la Modimo e bile ba tsaya Tesetamente e Kgologolo le Tesetamente e Ntšha e le dikarolo tsa botlhokwa tsa yone. Le fa go ntse jalo, ba rata go dirisa maina a a tshwanelang a dibuka tseno e leng “Dikwalo Tsa Sehebera” le “Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika,” ka gonne Tesetamente e Kgologolo e ne e kwadilwe ka Sehebera mme Tesetamente e Ntšha ka Segerika mo mekwalong ya ntlhantlha.

Batho bangwe ba ba ipolelang fa e le Bakeresete ba okaoka go amogela Tesetamente e Kgologolo. Ba re e bua ka Modimo yo o bogale, yo o letlelelang dintwa, dipolaano le ditiro tse dingwe tse di sa dumalaneng le tsa Modimo yo o lorato yo o tlhalosiwang mo Tesetamenteng e Ntšha. Kgotsa ba re e re ka Tesetamente e Kgologolo e bua thata ka tumelo ya Sejuda, ga e ame Bakeresete ka gope. Le fa go ntse jalo, go ya ka taelo ya Modimo e e mo go Duteronome 12:32 ya gore go se ka ga okediwa kgotsa ga tlosiwa sepe mo lefokong la gagwe, a mabaka a bone a go gana Tesetamente e Kgologolo a a utlwala?

Nako nngwe ka 50 C.E., fa moaposetoloi wa Mokeresete e bong Paulo a ne a etetse baagi ba Thesalonika kwa Gerika, o ne a “ba bontsha mabaka go tswa mo Dikwalong, a tlhalosa e bile a ntsha bosupi ka go nopola gore go ne go tlhokega gore Keresete a boge le go tsoga mo baswing.” (Ditiro 17:1-3) Bangwe ba batho ba ba neng ba mo reeditse ba ne ba nna Bakeresete, mme moragonyana Paulo o ne a ba kgothatsa a re: “E rile lo amogela lefoko la Modimo, le lo neng lwa le utlwa mo go rona, lwa le amogela, e seng jaaka lefoko la batho, mme, fela jaaka ruri le ntse, jaaka lefoko la Modimo.” (1 Bathesalonika 2:13) Ka nako ya fa a ne a etile koo, mo dibukeng tse 27 tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika, go bonala Efangele ya ga Mathaio e ne e le yone fela e e neng e kwadilwe ka nako eo. Ka jalo, ga go pelaelo gore “Dikwalo” tse Paulo a neng a di dirisa go “ntsha bosupi” e ne e le ditemana tse di tswang mo Dikwalong Tsa Sehebera.

Tota e bile, batho ba ba neng ba kwala Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ba ne ba nopola ditemana dingwe ka tlhamalalo go tswa mo Dikwalong Tsa Sehebera makgetlo a ka nna 320 mme ba nopola tse dingwe e se ka tlhamalalo makgetlo a ka nna 890. Ka ntlha yang? “Gonne dilo tsotlhe tse di neng tsa kwalwa go sa le pele di ne tsa kwalelwa go re laya, gore ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” (Baroma 15:4) Seno se bontsha sentle gore batho ba ba dumelang Baebele yotlhe ba solegelwa molemo fela thata.

Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika tse di theilweng mo Dikwalong Tsa Sehebera, di tsweletsa pele se se kwadilweng mo Lefokong la Modimo go senola boikaelelo jwa Modimo kgato ka kgato. Ga di dire gore Dikwalo Tsa Sehebera di lebege di se botlhokwa. Porofesara nngwe ya thutobomodimo kwa Yunibesithing ya Cambridge e bong Herbert H. Farmer, a re ‘gore re kgone go tlhaloganya Diefangele, re tshwanetse go tlhaloganya pele se se neng sa diragalela batho ba ba neng ba laolwa ke kgolagano e kgologolo jaaka se tlhalosiwa mo Tesetamenteng e Kgologolo.’

Lefoko la Modimo ga le tlhoke go fetolwa. Le fa go ntse jalo, “tselana ya basiami e tshwana le lesedi le le phatsimang le ntse le phatsimela pele go fitlha motshegareng o mogolo.” (Diane 4:18) Fa Modimo a ne a dira gore Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di kwalwe mo lenaaneng la dibuka tsa Baebele, o ne a senola kgato ka kgato kafa boikaelelo jwa gagwe bo tla diragadiwang ka gone, a sa dire gore Dikwalo Tsa Sehebera di lebege di se botlhokwa. Tsotlhe ke karolo ya ‘lefoko la ga Jehofa le le nnetseng ruri.’—1 Petere 1:24, 25.