Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

Ke tiro efe e Jesu a ka tswang a ne a e dira fa e ne e le mmetli?

Rraagwe Jesu yo o mo godisitseng e ne e le mmetli. Jesu le ene o ne a ithuta tiro eo ya go betla. Fa a ne a simolola bodiredi jwa gagwe a le dingwaga “di ka nna masome a mararo,” o ne a sa tsewe fela e le “morwa mmetli” mme gape e le mmetli yo o thapisitsweng sentle.—Luke 3:23; Mathaio 13:55; Mareko 6:3.

Go ka direga gore kwa motseng o Jesu a tsholetsweng kwa go one batho ba ne ba tlhoka didirisiwa tsa go lema tse di jaaka megoma le dijokwe tse di neng di dirwa ka logong. Dilo tse dingwe tse mmetli a neng a di dira ka metlha e ne e ka nna dilwana tsa fanitšhara—ditafole, ditulo, sebeo sa dinao le letlole la go boloka dilo—mmogo le dilo tse di jaaka dikgoro, difensetere, dilloko tsa logong le ditlhomeso. Tota e bile, tiro ya mmetli e ne e amana le kago.

Mo setshwantshong sengwe, Johane Mokolobetsi o ne a bua ka selepe se Jesu le babetli ba bangwe ba ka tswang ba ne ba se dirisetsa go rema ditlhare. Go tswa foo, ba ne ba tla betla dipale ka tsone gone foo kgotsa ba di ise kwa ba direlang gone. Ga go pelaelo gore tiro eno e tshwanetse ya bo e ne e tlhoka maatla. (Mathaio 3:10) Isaia o umaka didirisiwa dingwe tse di neng di dirisiwa ke babetli ba motlha wa gagwe: “Fa e le mogabi wa logong ene, o otlolotse thapo e e lekanyang; o se thalela ka taka e khibidu; o se dira ka sefadi sa logong; mme o nna a se thalela ka khampase.” (Isaia 44:13) Se baithutamarope ba se ribolotseng se tlhomamisa gore mo motlheng wa go kwalwa ga Baebele go ne go dirisiwa shaga ya tshipi, dinoto tsa leje le dimapo tsa boronse. (Ekesodo 21:6; Isaia 10:15; Jeremia 10:4) Go a utlwala go akanya gore Jesu o ne a dirisa didirisiwa tseo.

Baboloki ba madi’ ba Jesu a neng a bua ka bone mo go sengwe sa ditshwantsho tsa gagwe e ne e le bomang, mme ba ne ba dira dilo jang?

Jesu o ne a bua ka mong yo o neng a omanya motlhanka yo o sa dirang sepe a re: “O ne o tshwanetse wa bo o bolokile madi a me a selefera mo baboloking ba madi, mme fa ke goroga ke ne ke tla amogela se e leng sa me se na le morokotso.”—Mathaio 25:1-27.

Dibanka tse ditona tse di leng gone gompieno di ne di seyo mo motlheng wa ga Jesu. Le fa go ntse jalo, pele Jesu a tla mo lefatsheng, go ne go tlwaelegile gore fa batho ba boloka madi ka lobaka lo lo rileng, baboloki ba madi ba ba tsenyetse morokotso mme fa batho ba adima madi mo go bone ba ne ba batla gore ba duele madi ao a na le morokotso o o kwa godimo. Go ya ka The Anchor Bible Dictionary, mo lekgolong la bonè la dingwaga B.C.E., kwa Gerika go ne go tlwaelegile go duela madi a kadimo a na le morokotso. Mme ka nako ya kagiso ya Baroma seelo sa morokotso wa ngwaga le ngwaga wa sekoloto mo Mmusomogolong wa Roma se ne se nna magareng ga diperesente di le 4 le 6.

Molao wa ga Moshe o ne o iletsa go adima Baiseraele ba ba humanegileng madi ka morokotso. (Ekesodo 22:25) Go bonala molao ono o ne o dira thata fa go adimiwa bahumanegi madi. Le fa go ntse jalo, jaaka go bontshitswe mo setshwantshong sa ga Jesu, go ne go tlwaelegile gore batho ba amogele morokotso wa madi a ba a bolokileng kwa “baboloking ba madi.” Ka jalo, jaaka gale, Jesu o ne a dirisa dilo tse batho ba neng ba tlwaelane le tsone.