Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bophepa—Ke Eng Fa bo Le Botlhokwa?

Bophepa—Ke Eng Fa bo Le Botlhokwa?

Bophepa—Ke Eng Fa bo Le Botlhokwa?

Malwetse a leroborobo a ile a ama batho ka diketekete tsa dingwaga. Batho bangwe ba akanya gore seno ke sesupo sa kgalefo ya Modimo le gore ke tsela e a otlhayang badirabosula ka yone. Dipatlisiso tse di dirilweng fa go tlhokometswe balwetse mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng di bontsha gore gantsi ditshenekegi tse di re dikologileng ke tsone tse di bakang malwetse.

Babatlisisi ba tsa kalafi ba lemogile gore magotlo, dipeba, mafele, dintshi le menang di anamisa malwetse. Gape ba lemogile gore gantsi batho ba dira gore go nne motlhofo go anamisa malwetse a a tshelanwang ka ntlha ya go se nne phepa. Go bonala bophepa bo ka dira gore motho a tshele lobakanyana kgotsa a swe ka bonako.

Ga go pelaelo gore bophepa bo farologana go ya ka ditso le maemo. Mo mafelong a go se nang metsi mo matlong kgotsa go se na diphaepe tse di tsamaisang leswe, go nna phepa e ka nna kgwetlho e kgolo. Le fa go ntse jalo, Modimo o ne a naya Baiseraele ba bogologolo ditaelo tse di malebana le bophepa fa ba ne ba tsamaya mo nageng—ba ne ba tla lebana le maemo a a thata gore ba ipoloke ba le phepa.

Ke ka ntlha yang fa bophepa bo le botlhokwa mo Modimong? Ke tsela efe e e siameng e re ka lebang bophepa ka yone? Ke dikgato dife tse di motlhofo tse wena le ba lelapa la gago lo ka di tsayang go fokotsa malwetse?

SEKOLO se dule, mme Max * yo monnye yo o nnang kwa Cameroon o goroga mo lapeng. O tshwerwe ke tlala e bile o nyorilwe, o tsena mo legaeng la maemo a a kwa tlase le a nnang mo go lone, o tlamparela ntša ya gagwe e e ntseng e mo letile a bo a baya kgetsana ya gagwe ya dibuka mo godimo ga tafole e e mo phaposing ya go jela mme a bo a dula fa fatshe a leta dijo tsa gagwe.

Mmaagwe yo o kwa phaposing ya go apeela, o utlwa fa Max a tsena mme o mo tlisetsa raese le dinawa. Mme tebego ya gagwe ya sefatlhego e ne ya fetoga fa a bona kgetsana ya dibuka ya ga Max e le fa godimo ga tafole e e phepa. O leba morwawe a bo a bua lefoko le le lengwe ka bogale a re, “Maaaax!” Morwawe o lemoga gore bothata ke eng, ka bonako o tlosa kgetsana ya gagwe a bo a tabogela kwa ntle go ya go tlhapa diatla. Go ise go ye kae o a boa go tla go ja dijo tse a sa bolong go di leta. “Intshwarele, Mama. Ke lebetse,” a bua ka lentswe le le kwa tlase a ipona molato.

Mmè yo o lorato a ka dira go le gontsi gore lelapa la gagwe le nne le le phepa e bile le na le botsogo jo bo molemo mme o tlhoka kemonokeng ya maloko otlhe a lelapa la gagwe. Jaaka kgang ya ga Max e bontshitse, go botlhokwa go nna o thapisa ngwana ka gonne bophepa bo tlhoka gore o tseye matsapa mme bana ba tlhoka gore o nne o ba gakolola.

Mmaagwe Max o lemogile gore dijo di ka tsenwa ke megare ka ditsela tse di farologaneng. Ka jalo ga a tlhape fela diatla tsa gagwe pele a tshwara dijo mme gape o boloka dijo di khurumeditswe go thibela megare e e tlang ka dintshi. Ka go tlhomamisa gore dijo ga di tlogelwe fela di sa khurumediwa le go boloka ntlo e le phepa, ga a nne le mathata a magotlo, dipeba le mafele.

Lebaka le lengwe la botlhokwa la go bo mmaagwe Max a le kelotlhoko jalo ke ka gonne a batla go itumedisa Modimo. A re: “Baebele ya re batho ba Modimo ba tshwanetse go nna boitshepo ka gonne Modimo o boitshepo.” (1 Petere 1:16) O oketsa jaana: “Boitshepo bo tshwana le bophepa. Ka jalo, ke batla gore legae la me le ba lelapa la me ba nne ba le phepa. Gone ke boammaaruri gore seno se kgonega ka gonne mongwe le mongwe mo lelapeng a thusa.”

Go Botlhokwa go Dirisana mo Lelapeng

Jaaka mmaagwe Max a lemogile, gore go nne phepa mo lapeng go tlhoka gore mongwe le mongwe a nne le seabe. Nako le nako malapa mangwe a dula mmogo go tlotla ka dilo tse ba di tlhokang le diphetogo tse di ka dirwang mo teng ga ntlo le kwa ntle. Gape seno se dira gore lelapa le nne seoposengwe le go gakolola mongwe le mongwe mo lapeng ka seabe se a nang le sone mo go direng gore botlhe mo lapeng ba nne le botsogo jo bo molemo. Ka sekai, mmè a ka tlhalosetsa bana ba ba godileng gore ke ka ntlha yang fa ba tshwanetse go tlhapa diatla fa ba tswa kwa ntlwaneng ya boithomelo le pele ba ja le fa ba tshwere dilo tse di jaaka madi. Mme bone ba ka ruta bana ba bangwe ba bannye go tsaya kgang eno masisi.

Mongwe le mongwe mo lapeng a ka abelwa ditiro tse di farologaneng. Lelapa le ka dira tshwetso ya gore le phepafatse ntlo ka metlha beke le beke le go rulaganya gore go phepafadiwe ka botlalo gangwe kgotsa gabedi mo ngwageng. Jaanong go tweng ka go phepafatsa kwa ntle? Mmueledi wa tikologo e bong Stewart L. Udall fa a bua ka United States a re: “Re tshela mo lefatsheng le le latlhegelwang ke bontle, le le nnelang maswe go ya pele, le le felelwang ke mafelo a a bulegileng a naga le tikologo ya lone e tswelelang go amiwa ke kgotlelo le modumo letsatsi le letsatsi.”

A le wena o ikutlwa jalo ka tikologo ya lona? Mo metlheng ya bogologolo tota le gompieno mo ditoropong dingwe kwa Bogareng jwa Afrika, morongwa wa toropo o ne a letsa bele gore batho ba reetse se a tlileng go se bua. O ne a bua ka lentswe le le kwa godimo a gakolola baagi go phepafatsa toropo, go ntsha leswe le le mo diforong tsa metsi, go poma ditlhare, go kumola mofero le go latlha matlakala.

Go latlhwa ga matlakala ke bothata jwa lefatshe lotlhe e bile mo dipusong tse dintsi ke bothata jo go bonalang bo ka se ka jwa rarabololwa. Bommasepala bangwe ba diega go tsaya matlakala mme a bo a koama mo diterateng. Baagi ba lefelo leo ba ka nna ba kopiwa go thusa. E re ka Bakeresete e le baagi ba ba molemo, ke bangwe ba ntlha go ithaopa le go dira tumalanong le melao ya ga Kaesara ntle le go ngongorega. (Baroma 13:3, 5-7) Bakeresete ba boammaaruri ba iketleeditse go dira mo go oketsegileng gore ba nne le seabe mo go seo. Ba kgatlhegela tikologo e e phepa e bile ba tsaya matsapa go phepafatsa ba sa letele gore morongwa wa toropo a ba gakolole. Ba a itse gore bophepa bo bontsha gore motho o thapisitswe sentle le gore o kgona go sikara maikarabelo. Lelapa lengwe le lengwe le motho ka bongwe o na le maikarabelo a go dira gore go nne phepa. Go tlosa leswe le go phepafatsa mo teng ga ntlo le kwa ntle go tla dira gore re nne le botsogo jo bo botoka mme go tla tokafatsa tsela e tikologo ya rona e lebegang ka yone.

Go Nna Phepa go Tlotla Modimo Yo re Mo Obamelang

Go nna phepa le go apara sentle ke karolo ya kobamelo ya rona mme gantsi seno se dira gore batho ba lemoge gore re farologane le batho ba bangwe. Setlhopha sa basha ba ka nna 15 se ne sa tsena mo resetšhurenteng fa se tswa kopanong ya Basupi ba ga Jehofa kwa Toulouse kwa Fora. Banyalani bangwe ba ba godileng ba ba neng ba dutse mo tafoleng e e bapileng le ya bone ba ne ba lebeletse gore ba ne ba se kitla ba itshwara sentle—ba buela kwa godimo le go nna letshwenyo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba kgatlhiwa ke boitshwaro le metlotlo e e molemo ya basha bano ba ba apereng sentle. Fa setlhopha seno se ipaakanyetsa go tsamaya, banyalani bano ba ne ba ba akgolela boitshwaro jwa bone jo bo molemo ba bo ba bolelela mongwe wa basha bano gore boitshwaro jo bo ntseng jalo ga bo a tlwaelega gompieno.

Gantsi baeng ba ba etelang diofisi tsa makala, mafelo a bogatisetso le a bonno a Basupi ba ga Jehofa ba kgatlhwa ke bophepa jo ba bo bonang koo. Go lebeletswe gore baithaopi ba ba nnang mo mafelong ano e bile ba bereka mo go one ba tlhape ka metlha le go apara diaparo tse di phepa. Go dirisa dinkgisamonate ga go reye gore motho a se ka a tlhapa. Fa baithaopi bano ba e leng badiredi ba nako e e tletseng ba rerela baagelani ba bone maitseboa kgotsa ka mafelobeke, tsela e ba leng phepa ka yone e dira gore molaetsa wa bone o amogelwe.

“Nnang Baetsi ba Modimo”

Bakeresete ba kgothalediwa go ‘nna baetsi ba Modimo.’ (Baefeso 5:1) Moporofeti Isaia o ne a kwala ponatshegelo e mo go yone baengele ba tlhalosang Mmopi ka mafoko a a reng “O boitshepo, o boitshepo, o boitshepo.” (Isaia 6:3) Mafoko ano a gatelela bophepa le boitsheko jo bo sa tshwaneng le bope jwa Modimo. Ka jalo, Modimo o batla gore batlhanka botlhe ba gagwe ba nne boitshepo, ba nne phepa. O ba raya a re: “Lo nne boitshepo, ka gonne nna ke boitshepo.”—1 Petere 1:16.

Baebele e kgothaletsa Bakeresete gore ba “apare ka tsela e e siameng.” (1 Timotheo 2:9, The New English Bible) Ga go gakgamatse go bo mo bukeng ya Tshenolo, “leloba le le phatsimang, le le phepa, le le boleta” go twe le emela ditiro tse di siameng tsa batho ba Modimo a ba lebang ba le boitshepo. (Tshenolo 19:8) Ka fa letlhakoreng le lengwe, gantsi boleo bo tlhalosiwa mo Dikwalong e le selabe kgotsa leswe.—Diane 15:26; Isaia 1:16; Jakobe 1:27.

Gompieno, batho ba le dimilione ba tshwanelwa ke go tshela mo mafelong a go leng thata mo go one go tswelela ba le phepa mo mmeleng, mo boitsholong le mo semoyeng. Bothata jono bo tla rarabololwa la bofelo fa Modimo a “dira dilo tsotlhe disha.” (Tshenolo 21:5) Fa tsholofetso eo e diragadiwa, leswe le go sa nne phepa ga mofuta mongwe le mongwe ga di kitla di tlhola di nna gone.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Maina a fetotswe.

[Lebokoso mo go tsebe 10]

Modimo o Batla Gore re Nne Phepa

Ka nako ya fa Baiseraele ba ne ba tsere loeto kwa nageng, ba ne ba laelwa se ba tshwanetseng go se dira ka mantle. (Duteronome 23:12-14) E ne e le tiro e e lapisang ka gonne bothibelelo bo ne bo le bogolo, mme ga go pelaelo gore go ne go ba sireletsa mo malwetseng a a jaaka letshoroma la mala le kholera.

Baiseraele ba ne ba laetswe gore ba tlhatswe kgotsa ba latlhe selo sepe fela se se neng se ka ama setopo. Le fa ba ka tswa ba ne ba sa tlhaloganye mabaka a seno, ba ne ba thusiwa go tila go tshwaediwa ke megare le go tshwarwa ke malwetse.—Lefitiko 11:32-38.

Baperesiti ba ne ba tshwanetse go tlhapa diatla le dinao pele ba dira ditiro tsa bone kwa motlaaganeng. Go ne go se motlhofo go tlatsa mogotšwana wa kgotlho ka metsi, le fa go ntse jalo ba ne ba tshwanetse go tlhapa.—Ekesodo 30:17-21.

[Lebokoso mo go tsebe 11]

Dikgakololo Tsa Ngaka

Metsi a botlhokwa mo botshelong, mme metsi a a kgotletsweng a ka baka bolwetse le loso. Molaodimogolo wa lefapha la kalafi kwa toropong ya Douala, kwa Cameroon, e bong Dr. J. Mbangue Lobe, o ne a ntsha dikakantsho dingwe tse di molemo fa a ne a botsolodiwa.

“Fa o belaela gore metsi a o tlileng go a nwa ga a phepa, o tshwanetse go a bedisa.” Mme o ne a tlhagisa jaana: “Go dirisa bleach kgotsa dikhemikale tse dingwe go siame mme di ka nna kotsi fa di sa dirisiwe sentle. Ka metlha tlhapa diatla ka sesepa le metsi pele o ja le fa o sena go dirisa ntlwana ya boithomelo. Sesepa ga se je madi a mantsi, tota le bahumanegi ba ka kgona go se reka. Fa e le gore o na le bothata jwa letlalo kgotsa bolwetse bongwe, tlhatswa diaparo tsa gago ka metlha, o dirisa metsi a a bolelo.”

Ngaka eno e ne ya tswelela jaana: “Maloko otlhe a lelapa a tshwanetse go boloka legae la bone le le phepa mo teng le kwa ntle. Gantsi matlwana a boithomelo le a go bolokela dilo a a tlhokomologiwa mme a tlala ka mafele le dintshi.” Fa a bua sengwe se se botlhokwa se a se lemogileng ka bana, o ne a tlhagisa jaana: “Elang tlhoko gore ba se ka ba tlhapa mo melatswaneng e e mo tikologong ya lona. E tletse ka megare e e kotsi. Tlhapa maitseboa mangwe le mangwe pele o robala, tlhapa meno mme o robale kafa tlase ga nnete ya menang.” Boikaelelo jwa dikakantsho tseno tsotlhe ke gore o akanye ka tsone go sa le gale, go di dirisa le go tila mathata a a ka bakwang ke go se nne phepa.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Go tlhatswa diaparo tsa gago go thusa go thibela malwetse a letlalo le a mangwe

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Bakeresete ba tsaya matsapa a go phepafatsa tikologo ya bone

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Mmè yo o lorato a ka dira go le gontsi gore lelapa la gagwe le nne le le phepa