Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batlana le Diphoso go Ile ga Dira Gore ke Bone Boammaaruri

Go Batlana le Diphoso go Ile ga Dira Gore ke Bone Boammaaruri

Go Batlana le Diphoso go Ile ga Dira Gore ke Bone Boammaaruri

Jaaka go boletse R. Stuart Marshall

Moruti wa kereke ya Katoliki o ne a re: “Ga re bue le Basupi ba ga Jehofa. Ba dirisa Baebele.” Ke ne ka gakgamadiwa ke karabo ya gagwe ka gonne ke ne ke sa tswa go mo kopa gore a bontshe mogatsake ntlha nngwe e e ka supang gore dingwe tsa dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa di a ikganetsa. Ke ile ka swetsa ka gore ke ithute Baebele le Basupi ba ga Jehofa gore ke kgone go bona sengwe se se phoso mo dithutong tsa bone se nka kgonang go se bontsha mosadi wa me.

GO SIMOLOLA ka nako eo, fa ke ne ke na le dingwaga di le 43, ke ne ka tsaya matsapa a go batla sengwe se se phoso ka dilo tse Basupi ba ga Jehofa ba di rutang, ke dirisa kitso e ke neng ke na le yone ya go ntsha mabaka le ya dithuto tsa bodumedi. Ke simolotse sekolo ka bo ka ya kholetšheng ke tsena mo dikolong tsa Katoliki. Le fa ke ne ke amogetse dikirii ya bachelor of arts mo dithutong tsa ikonomi ka 1969 le go tsaya dikhoso mo dithutong tsa filosofi le tsa thutabodumedi, mo dithutong tsotlhe tse ke neng ka di rutiwa tsa Katoliki go ne go se na e e rutang ka Baebele.

Fa ke sena go fetsa dithuto tsa me tsa kholetšhe, ke ne ka nyala Patricia McGinn yo le ene e neng e le Mokatoliki. Morago ga moo, re ne ra tsweletsa dithuto tsa rona mme ra amogela dikirii ya doctorate kwa Yunibesithing ya Stanford. Morwaarona e bong Stuart, o ne a tsholwa ka 1977, mme kgabagare re ne ra fudugela kwa Sacramento, California, U.S.A. Mo dingwageng di le 23 tse di latelang, ke ne ke berekela puso ya California ke dira mo Ofising ya Basekaseki ba go Tlhomiwa ga Melao (Legislative Analyst’s Office [LAO]), re sekaseka tekanyetso ya madi a puso e a dirisang mo dikgannyeng tse di amanang le thuto. Ke ne ke dira ka natla e bile ke tshela monate. Ke ne ke itumelela go godisa morwaarona. Mosadi wa me yo o rategang o ne a nkeme nokeng mme le nna ke ne ke mo eme nokeng.

Karabo ya Disente di le 25

Fa morwaarona a ne a na le dingwaga di le pedi, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba naya Patricia Baebele mme ba simolola go e ithuta le ene. O ne a kolobediwa dingwaga di le tharo morago ga moo. Ke ne ke na le boikutlo jwa gore Basupi ba ga Jehofa ga ba batle go fetola pono ya bone ka malatsi a boikhutso le go tshelwa madi, mme gone ke ne ke lemoga gore mo dikgannyeng dingwe mabaka a bone a ne a utlwala. Letsatsi lengwe ka 1987 ke ne ka tlhalosa kafa ke ikutlwang ka gone fa ke ne ke kopiwa gore ke tle go neela bosupi fa pele ga lekgotla le le tlhomang melao le maloko a lefapha la thuto mabapi le kakantsho e ke neng ka e dira mo lekgotleng la go tlhomiwa ga melao.

Yunibesithi ya California e ne e batla go tshegediwa ka madi gore e kgone go gaisana le dinaga tse dingwe go gapa porojeke ya puso ya didolara di le dibilione di le thataro. Porojeke eo e ne e le go aga sedirisiwa se segolo se se ka thusang mo dipatlisisong tsa saense. Ke ne ke sa dumalane le kgang ya gore puso e tshegetse yunibesithi eo ka madi, ke tlhalosa gore e tla bo e le go senya madi a puso fela. Yunibesithi e ne ya ikarabelela ka go romela baitsesaense ba babedi ba ba gapileng sekgele sa Nobel mo go tsa saense, gore ba tle go neela bosupi fa pele ga lekgotla leno. Mongwe le mongwe wa bone o ne a tlhalosa kafa sedirisiwa seno se neng se tla thusa baitsesaense ka gone. Mongwe wa bone o ne a bolela gore se ne se tla araba dipotso tsa gore lobopo lo bopilwe ke mang. Yo mongwe o ne a re se tla re thusa go tlhaloganya gore botshelo bo simologile jang mo polaneteng ya rona.

Modulasetulo wa lekgotla o ne a nteba.

Mme a mpotsa jaana: “A o akanya gore didolara di le dibilione di le thataro di dintsi thata gore re bone dikarabo tsa dipotso tseno?”

Ke ne ka re: “Ke boammaaruri gore dipotso tseno di botlhokwa. Le fa go ntse jalo, Basupi ba ga Jehofa ba tla kwa lelapeng la me Matlhatso mongwe le mongwe mo mosong mme ba nnaya makasine o o ka arabang tsone dipotso tseno ka moneelo wa disente di le 25. Mme gone, ke tlhomamisegile gore karabo ya bone ya disente di le 25 e botoka go gaisa dikarabo tse re ka nnang ra di bona fa re ntsha dibilione di le thataro go tshegetsa porojeke eno.”

Batho ba ba neng ba le mo kokoanong eo ba ne ba ipolaya ka ditshego, go akaretsa le baitsesaense bano ba babedi. Tota le fa lekgotla leno le ne la ntsha madi go tshegetsa porojeke eno, ga go ope yo o neng a ganetsa se ke ileng ka se bua.

Fa nako e ntse e tsamaya, go ne ga tsoga seemo se ke neng ke tshwanetse go se rarabolola mo lelapeng la me. Morago ga dingwaga di le thataro ke tlotla le Patricia ka Baebele le ka Basupi ba ga Jehofa, ke ne ka swaba fa a mpolelela gore o batla go dirisa nako e e oketsegileng mo bodireding jwa tshimo. Seno se ne se tla raya gore a fokotse tiro e a neng a e dira kwa yunibesithing. Ke ne ke ipotsa gore go tla jang gore motho yo o rutegileng a batle go dira selo se se ntseng jalo, mme go ne go bonala go se sepe se nka se buang kgotsa go se dira go fetola mogopolo wa gagwe.

Ke ne ka ya go kopa thuso mo moitseng mongwe wa Baebele, yo o neng a e itse go nkgaisa, yo ke neng ke akanya gore go ne go tla nna motlhofo fela gore a mmontshe gore dithuto tsa Basupi ba ga Jehofa di ne di sa dumalane le se se mo Baebeleng. Fa a ne a ka mmontsha nngwe ya dithuto tsa bone tse di sa dumalaneng le Baebele, seo se ne se tla dira gore a belaele le tse dingwe. Ke sone fela se ke neng ke tshwanetse go se dira gore ke kgone go fetola mogopolo wa mosadi wa me. Ke ne ka ya go kopa thuso kwa moruting wa kereke ya Katoliki e nna le Patricia re neng re e tsena. Motlotlo wa rona o ne wa felela kafa go tlhalositsweng ka gone kwa tshimologong ya setlhogo seno. Fa moruti yono a ne a gana go bua le mosadi wa me, ke ne ke itse gore le fa go ne go ka ntsaya lobakanyana, ke ne ke tshwanetse go batla diphoso tseo mme ke di bontshe Patricia.

Go Batlana le Diphoso

Fa ke ntse ke ithuta Baebele le Basupi, ke ne ka kgatlhwa thata ke boporofeti jwa Baebele. Ke ne ka bala boporofeti jwa ga Isaia jo bo kaga go menolwa ga Babelona jo bo kwadilweng dingwaga di ka nna 200 pele tiragalo eo e direga, jo bo tlhalosang gore Kurose e ne e tla nna mofenyi le tsela e a neng a tla faposa metsi a Noka ya Euferatese ka yone gore a fenye Babelona. (Isaia 44:27–45:4) Dingwaga pelenyana, ke ne ke ithutile ka go menolwa ga Babelona mo tlelaseng e e neng e ruta masole maano a ba neng ba ka a dirisa go tlhasela. Gape ke ne ka ithuta gore moporofeti Daniele o ne a bolelela pele gore bogosi jwa kgosi e e maatla ya Gerika bo ne bo tla kgaoganngwa go nna dipuso tse nnè tse di senang maatla fa a sena go swa, mme o ne a bolela seo dingwaga di feta 200 pele se direga. (Daniele 8:21, 22) Ke ne ka gakologelwa ntlha eno e e kaga Alexander yo Mogolo go tswa mo go se ke neng ke se rutilwe mo dithutong tsa hisitori ya bogologolo. Fa ke ne ke itirela dipatlisiso ke ne ka lemoga gore ruri dibuka tseno tsa Baebele di kwadilwe pele ditiragalo tse di buang ka tsone di direga.

Fa ke ntse ke tsweletse ke ithuta le Basupi, ke ne ka tlhatswega pelo gore Baebele ke Lefoko la Modimo, e leng sengwe se thutabodumedi ya Katoliki e ke e rutilweng dingwagangwaga e sa kgonang go nthuta sone. Ke ne ke tla dira eng ka kitso eno? Ke ne ka swetsa ka gore ke neele botshelo jwa me mo go Jehofa mme ka nna mongwe wa Basupi ba gagwe. (Isaia 43:10) Ke ne ka kolobediwa ka 1991, dingwaga di le pedi fela morago ga go buisana le moruti yole wa Katoliki. Morwaarona o ne a kolobediwa ngwaga morago ga foo.

E re ka jaanong re ne re leba dilo ka tsela e e farologaneng, re ne ra fetola mekgele ya lelapa la rona. Sengwe sa dilo tsa ntlha tse ke neng ka di dira fa ke sena go kolobediwa e ne e le go dira thulaganyo ya gore morago ga dingwaga di le tlhano fa mosadi wa me a tshwara dingwaga di le 50 a tlogele tiro ya go ruta kwa yunibesithing. O ne a batla go nna mmulatsela, yo ka nako eo a neng a tshwanetse go dirisa diura di le 1 000 ka ngwaga, kgotsa di le 83 ka kgwedi, gore a thuse batho ba bangwe go ithuta boammaaruri jwa Baebele. Ka 1994, o ne a setse a fokoditse diura tse a di berekang gore a kgone go simolola go bula tsela. Mokgele wa me wa ntlha e ne e le go tokafatsa bodiredi jwa me, go thusa kafa nka kgonang ka gone mo phuthegong ya rona le go dirisa kitso e ke neng ke na le yone go tlhatlhoba diakhaonto tsa kago ya Diholo tsa Bogosi mo lefelong la rona.

Nako nngwe ke ne ka nna le tshono ya go tlotla ka Baebele kwa tirong. Mosekaseki mongwe yo mosha wa tekanyetso ya madi wa LAO e ne e le Mosupi yo o neng a sa tlhole a dira se a neng a se dumela. Dipelaelo tse a neng a na le tsone ka Baebele di ne di koafaditse tumelo ya gagwe. Ke ne ka itumelela go mo thusa go baakanya kamano ya gagwe le Jehofa. O ne a boela kwa nageng e a goletseng kwa go yone mme a simolola go bulatsela.

Ka 1995, ke ne ka nna gone kwa kokoanong ya lekgotla le le tlhomang melao le maloko a lefapha la thuto mabapi le patlisiso nngwe e e neng e tshegediwa ke puso ka madi. Modulasetulo wa komiti eno o ne a botsa moemedi wa puso gore go diragetse eng ka porojeke ya go aga sedirisiwa se segolo sa saense. Moemedi wa puso o ne a mo raya a re porojeke eo e neilwe puso ya Texas mme gone ba ne ba se ka ba e fetsa ka ntlha ya mabaka a le mararo. Sa ntlha, pele porojeke eo e ka simololwa madi a yone a ne a oketsega go tswa go didolara di le dibilione tse thataro go ya go didolara di le dibilione tse robonngwe. Sa bobedi, puso e ne e batla gore madi ao a dirisediwe sengwe se sele, segolobogolo go tshegetsa ntwa ya kwa Iraq ya 1991. Sa boraro, ba ile ba lemoga gore ba ka kgona go bona dikarabo tsa dipotso tsa botshelo mo Basuping ba ga Jehofa ka disente di le 25! Go ne go bonala sentle gore se ke neng ka se bua se ne sa boaboelediwa ke batho ba le bantsi mme gape se ne sa boelediwa mo kokoanong eno ya maloko a lefapha la thuto.

Fa batho botlhe ba tshega, maloko mangwe a lefapha la thuto a ne a nteba. Ke ne ka itsise botlhe ba ba neng ba le teng ka diphetogo tse di neng di dirilwe ka re, “Jaanong lo ka kgona go bona dikarabo tseo mahala fa fela lo ka bala dikgatiso tsa bone.”

Botshelo jo bo Kgotsofatsang Le jo Bo Nang le Bokao

Fa mosadi wa me a sena go tlogela tiro, re ne ra dira thulaganyo ya gore morago ga dingwaga di le tlhano ke bereke tiro ya nakwana. Ka botlhale ke ne ka botsa dikhampani tse dingwe ka tiro ya nakwana ka gonne ke ne ke batla go dirisa nako e e oketsegileng go ruta batho boammaaruri jwa Baebele. Ke sa lebelela, LAO e ne ya rulaganya gore ke fokolediwe diura tse ke neng ke di bereka. Ka jalo, ka 1998 le nna ke ne ka simolola go nna mmulatsela.

Moso mongwe fa nna le mogatsake re ne re ipaakanyetsa go ya bodireding, ke ne ka amogela mogala go tswa kwa ofising ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa United States, kwa Brooklyn, New York. Pelenyana ga moo, ofisi ya lekala e ne e kopile bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba nang le bokgoni bongwe jo bo kgethegileng gore ba tsenye dikopo tsa go direla kwa ofising ya lekala, mme mokaulengwe yo o neng a founa o ne a mpotsa gore a nka se rate go bereka mo porojekeng nngwe kwa Brooklyn. Ke ne ka dumela ke sa okaoke. Mme seo se ne sa dira gore re bereke dikgwedi di le 18 kwa ntlokgolong ya Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka feleletsa ke tlogetse tiro kwa pusong ya California gore ke kgone go feleletsa porojeke eno. Morago ga moo, re ne ra ithaopela go dirisa kitso e re neng re na le yone fa go ne go agiwa Holo ya Kopano ya Basupi ba ga Jehofa kwa Fairfield, California. Re ne ra rekisa ntlo ya rona e e kwa Sacramento mme ra fudugela mo foleteng e nnye kwa Palo Alto. Go tlogela tiro go ne ga dira gore ke nne le ditshiamelo tse di oketsegileng. Fa e sa le ka nako eo, re berekile mo diofising tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Nigeria, Afrika Borwa, Canada, Boritane le Jeremane.

Fela jaaka Basupi ba ba neng ba re thusa, jaanong nna le mogatsake re itumelela go thusa batho ba bangwe go ithuta boammaaruri jo bo mo Baebeleng. Go bua boammaaruri fela, thuto ya ga Jehofa e solegela molemo thata go gaisa thuto e ke nang le yone ya maemo a a kwa godimo. E botoka go gaisa thuto epe fela ya lefatshe ka gonne e ruta dilo di le dintsi tse di farologaneng ka tsela e e tlhaloganngwang sentle. Jehofa o thapisitse Basupi ba gagwe gore ba kgone go ruta Baebele ka tsela e e amang mogopolo le pelo. Ke sone selo se se dirang gore ke tswelele ke ithuta. Nna le mosadi wa me re leboga Jehofa ka ntlha ya botshelo jo re bo tshelang gone jaanong le tshiamelo ya go dirisa thutego ya rona go direla Molaodimogolo wa lobopo lotlhe, Jehofa Modimo.

[Mafoko a a mo go tsebe 27]

Fa ke ntse ke ithuta Baebele le Basupi, ke ne ka kgatlhiwa thata ke boporofeti jwa Baebele

[Setshwantsho mo go tsebe 27]

Ke na le Patricia ka letsatsi la rona la lenyalo

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Re itumelela go thusa batho ba bangwe go ithuta boammaaruri jwa Baebele