Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu—Se Batho ba Se Buang ka Ene

Jesu—Se Batho ba Se Buang ka Ene

Jesu—Se Batho ba Se Buang ka Ene

“Ga go pelaelo gore Jesu wa Monasaretha . . . e ne e le motho yo o itsegeng thata mo hisitoring.”—H. G. Wells, rahisitori wa Moesemane.

“Keresete . . . o tlhomologile thata mo bagakeng botlhe mo hisitoring.” —Philip Schaff, rahisitori le moithutabodumedi yo o tsholetsweng kwa Switzerland.

KE MANG yo o tshwanelwang ke go bidiwa monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela? Ke eng se se supang gore motho ke yo mogolo? A ke ka go bo a le botlhale mo dilong tsa sesole? A na le maatla? A ke ka ntlha ya botlhale jwa gagwe? Kgotsa ke ka go bo batho ba amiwa thata ke se a neng a se bua le go se dira le sekao se a ba tlhomelang sone?

Ela tlhoko se baitsehisitori, baitsesaense, bakanoki, bakwadi, baeteledipele ba dipolotiki le batho ba bangwe—ba nako e e fetileng le ba gone jaanong—ba neng ba se bua ka monna yo o tswang kwa Nasaretha, e bong Jesu Keresete:

“Fa motho a ganetsa gore Jesu wa Monasaretha ke monna yo o neng a tlhotlheletsa matshelo a batho—e seng fela mo dingwageng di le dikete tse pedi tse di fetileng mme le mo hisitoring yotlhe—o tshwanetse go nna le bosupi jo bo utlwalang sentle.”—Reynolds Price, mokwadi wa Moamerika le mokanoki wa Baebele.

“Monna yo o neng a se na molato o ne a intsha setlhabelo mo boemong jwa batho ba bangwe, go akaretsa le baba ba gagwe mme a nna thekololo ya lefatshe. O ne a dira selo se se molemo tota.”—Mohandas K. Gandhi, moeteledipele wa dipolotiki le wa bodumedi wa kwa India.

“Fa ke ne ke le monnye, ke ne ka rutiwa Baebele le melao ya bogologolo ya Bajuda. Ke Mojuda, le fa go ntse jalo ke kgatlhwa thata ke tsela e Jesu a neng a tlhomologile ka yone.”Albert Einstein, rasaense yo o tsholetsweng kwa Jeremane.

“Ke tsaya gore Jesu Keresete, o na le botho jo bo tlhomologileng mo hisitoring yotlhe e le Morwa wa Modimo le Morwa Motho. Sengwe le sengwe se a neng a se bua kgotsa a se dira se botlhokwa mo go rona gompieno, mme ke sengwe se o ka se kang wa se bua ka monna ope yo o tshelang kgotsa yo o suleng.”—Sholem Asch, mokwadi yo o tsholetsweng kwa Poland jaaka go nopotswe mo makasineng wa Christian Herald; mokwalo o o sekameng ke wa bone.

“Ka dingwaga di le masome a mararo le botlhano ke ne ke sa kgatlhegele bodumedi gotlhelele. Mo dingwageng di le tlhano tse di fetileng ke ne ka dumela gore Jesu e ne e le motho wa mmatota. Ke ne ka dumela dithuto tsa ga Jesu Keresete mme ka tshoganyetso botshelo jwa me bo ne jwa fetoga.”—Count Leo Tolstoy, mokwadi wa dibuka le rafilosofi wa kwa Russia.

“Ga go na motho ope mo hisitoring yo o kileng a ama matshelo a batho ba le bantsi mme a sa ntse a tswelela a dira jalo jaaka Jesu.”—Kenneth Scott Latourette, rahisitori le mokwadi wa kwa Amerika.

“A re ka re hisitori ya botshelo jwa ga Jesu ke tlhamane fela? Eleruri, seno ga se lebege e le tlhamane. Go farologana le seo, hisitori ya ga Socrates e go bonalang go se na ope yo o e belaelang ga e na bosupi jaaka ya ga Jesu Keresete.”—Jean-Jacques Rousseau, rafilosofi wa kwa Fora.

Ga go pelaelo gore Jesu Keresete ke ene a tshwanelwang ke go nna motlhoma sekao wa rona mo botshelong. Paulo, monna yo o neng a rutegile wa lekgolo la ntlha la dingwaga yo o neng a tlhophilwe ke Jesu gore e nne molatedi wa gagwe le gore a bue ka ene mo ditšhabeng, o re kgothaletsa go “leba ka tlhomamo” kwa go Jesu. (Baheb. 12:2; Dit. 9:3) Ke eng se Jesu a ka re rutang sone malebana le kafa re tshwanetseng go tshela ka gone? Botshelo jwa gagwe bo ka go solegela molemo jang?