Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu—Sekao se se Molemo Se re Ka se Latelang

Jesu—Sekao se se Molemo Se re Ka se Latelang

Jesu—Sekao se se Molemo Se re Ka se Latelang

A O BATLA go nna motho yo o botoka yo o itumetseng? Moaposetoloi Petere o tlhalosa kafa re ka kgonang go dira seo ka gone. O ne a kwala jaana: “Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (1 Petere 2:21) E re ka Jesu Keresete a ne a tshela botshelo jo bo tlhomologileng, o ne a dira dilo di le dintsi tse re ka ithutang mo go tsone. Fa re ithuta ka ga Jesu mme re tshela ka tsela e a neng a tshela ka yone, ga go pelaelo gore re ka nna batho ba ba botoka le ba ba itumetseng. Mma re sekaseke dinonofo dingwe tse di molemo tse monna yono yo mogolo a neng a na le tsone mme re bone kafa re ka solegelwang molemo ke sekao sa gagwe ka gone.

Jesu o ne a le tekatekano. Le fa Jesu a ne a re “ga a na gope kwa a ka latsang tlhogo ya gagwe gone,” o ne a sa tshele botshelo jo bo gagametseng. (Mathaio 8:20) O ne a ya kwa meletlong. (Luke 5:29) Kgakgamatso ya ntlha e a neng a e dira—go fetola metsi gore a nne beine e e monate kwa moletlong wa lenyalo—e bontsha gore o ne a le botsalano e bile e se motho yo o tshelang botshelo jo bo gagametseng. (Johane 2:1-11) Le fa go ntse jalo, Jesu o ile a dira gore go bonale gore ke eng se se neng se le botlhokwa thata mo go ene. O ne a re: “Dijo tsa me ke gore ke dire thato ya yo o nthomileng le go wetsa tiro ya gagwe.”—Johane 4:34.

A o kile wa sekaseka go bona gore a o tekatekano mo dilong tse o di gagamalelang tsa senama le tsa semoya?

Jesu o ne a atamelesega. Baebele e tlhalosa gore Jesu e ne e le motho yo o lorato le yo o botsalano. O ne a sa galefisiwe ke batho ba ba neng ba tla kwa go ene ba na le mathata kgotsa dipotso tse di raraaneng. Ka nako nngwe fa boidiidi bo ne bo mo dikaganyeditse, mosadi mongwe yo o neng a boga ka ntlha ya bolwetse jo bo neng bo mo tshwere ka dingwaga di le 12, o ne a ama seaparo sa gagwe a solofetse gore o tla fola. O ne a se ka a mo kgalema ka ntlha ya se batho ba bangwe ba neng ba ka se leba e le go ipagololela mogodu, mme ka bopelonomi a mo raya a re: “Morwadiaka, tumelo ya gago e go fodisitse.” (Mareko 5:25-34) Bana le bone ba ne ba ikutlwa ba gololesegile fa ba ne ba na le ene, ba sa boife gore ba tla kgaphelwa kwa thoko. (Mareko 10:13-16) Tsela e a neng a dirisana le barutwa ba gagwe ka yone e ne e bonala kafa ba neng ba tlotla le ene ka gone ka botsalano e bile ba gololesegile. Ba ne ba sa okaoke go mo atamela.—Mareko 6:30-32.

A o a atamelesega?

O ne a amega ka batho e bile a le kutlwelobotlhoko. Nngwe ya dinonofo tse di molemo tse Jesu a neng a na le tsone e ne e le bokgoni jwa gagwe jwa go ipaya mo boemong jwa batho ba bangwe mme a bo a ba thusa. Moaposetoloi Johane a re fa Jesu a ne a bona Marea a lela ka go bo kgaitsadie e bong Lasaro a tlhokafetse, Jesu o ne a “fegelwa mo moyeng mme a tshwenyega” a bo a “tsholola dikeledi.” Go ne go le motlhofo gore batho ba ba neng ba lebile ba kgone go lemoga kafa Jesu a neng a rata lelapa leo thata ka gone le gore o ne a sa tlhabiwe ke ditlhong go bontsha seo phatlalatsa. Ruri o ne a bontsha kutlwelobotlhoko fa a ne a tsosa tsala ya gagwe mo baswing!—Johane 11:33-44.

Ka nako nngwe, monna mongwe yo o neng a na le lepero—bolwetse jo bo maswe jo bo neng bo tlhoka gore a nne kgakala le batho—o ne a kopa Jesu jaana: “Morena, fa fela o batla, o ka mphepafatsa.” Tsela e Jesu a neng a arabela ka yone e ne e ama pelo tota: “Ya re a otlolola seatla sa gagwe, a mo ama, a re: ‘Ke a batla. Phepafadiwa.’” (Mathaio 8:2, 3) Jesu o ne a sa fodise batho fela gore a diragatse boporofeti. O ne a batla go ba thusa. Sengwe le sengwe se a neng a se dira se ne se kaelwa ke nngwe ya dipolelo tsa gagwe tse gantsi di sa lebalegeng: “Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.”—Luke 6:31.

A ditiro tsa gago di bontsha gore o utlwela batho ba bangwe botlhoko?

Jesu o ne a tlhaloganya maemo a batho e bile a na le temogo. Le fa Jesu a ne a sena boleo, le ka motlha o ne a sa lebelela gore batho ba bangwe ba se ka ba dira diphoso kgotsa a akanya gore o botoka mo go bone; kgotsa a dira dilo a sa akanyetsa maemo otlhe a a amegang. Nako nngwe, mosadi mongwe “yo o neng a itsiwe mo motseng e le moleofi” o ne a bontsha tumelo le kanaanelo ya gagwe ka go tlhapisa dinao tsa ga Jesu ka dikeledi tsa gagwe. Jesu o ne a mo letla go dira jalo, mme seo se ne sa gakgamatsa motho yo o neng a mo laleditse yo a neng a atlhotse mosadi yono ka tsela e e sa siamang. E re ka Jesu a ne a lemoga gore mosadi yono o ne a dira seo go tswa pelong, o ne a se ka a mo kgala ka ntlha ya maleo a gagwe. Go na le moo, o ne a re: “Tumelo ya gago e go bolokile; tsamaya ka kagiso.” Gongwe mosadi yoo o ne a fetola tsela e a neng a tshela ka yone pele, ka go bo Jesu a ne a arabela ka lorato.—Luke 7:37-50.

A o itsege o le motho yo o bonako go akgola mme o le bonya go tshwayatshwaya diphoso?

O ne a sa tlhaole batho mme o ne a ba tlotla. Jesu o ne a rata morutwa wa gagwe e bong Johane thata gongwe ka gonne ba ne ba na le botho jo bo tshwanang e bile ba amana ka losika. * Le fa go ntse jalo, o ne a sa mo tlhaole mo barutweng ba bangwe kgotsa a mo tseela kwa godimo go feta ba bangwe. (Johane 13:23) Tota e bile, fa Johane le morwarraagwe e bong Jakobe ba ne ba kopa maemo mo Bogosing jwa Modimo, Jesu o ne a ba araba a re: “Go nna kafa mojeng wa me mono kgotsa kafa molemeng wa me ga se ga me go go naya.”—Mareko 10:35-40.

Ka metlha Jesu o ne a tlotla batho ba bangwe. O ne a sa tlhaole batho jaaka batho ba motlha wa gagwe ba ne ba dira. Ka sekai, go ne go tlwaelegile gore basadi ba tseelwe kwa tlase. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlotla basadi. Lekgetlo la ntlha fa Jesu a ne a bua phatlalatsa ka gore ke ene Mesia, o ne a bolelela mosadi yo e neng e se Mojuda mme e le Mosamarea yo Bajuda ba neng ba ka mo nyatsa e bile ba ne ba ka se mo dumedise. (Johane 4:7-26) Mme Jesu o ne a naya basadi tshiamelo ya gore e nne bone ba ntlha go mmona fa a sena go tsosiwa mo baswing.—Mathaio 28:9, 10.

A o dirisana le batho ba ditso tse di farologaneng, ba bong bo sele, ba puo e nngwe kgotsa ba setšhaba se se rileng ka tsela e e siameng?

O ne a diragatsa maikarabelo a gagwe jaaka morwa le ngwana yo mogolo mo lapeng. Go bonala Josefa e bong rraagwe Jesu yo o mo godisitseng a ne a swa fa Jesu a sa ntse a le mosha. Go ka direga gore Jesu o ne a tlamela mmaagwe le bomonnawe ka go dira tiro ya go betla. (Mareko 6:3) Mo nakong ya bofelo ya botshelo jwa gagwe, Jesu o ne a naya morutwa wa gagwe e bong Johane boikarabelo jwa go tlhokomela mmaagwe.—Johane 19:26, 27.

A o ka kgona go etsa Jesu ka go sikara maikarabelo a lelapa fela jaaka a ile a dira?

Jesu e ne e le tsala ya boammaaruri. Jesu e ne e le tsala e e molemo tota. Ke eng fa re rialo? Ga a ka a tlogela ditsala tsa gagwe fela ka gonne ba dira diphoso e bile ba di boaboeletsa. Ga se ka metlha barutwa ba gagwe ba neng ba dira jaaka a ne a batla. O ne a bontsha gore ke tsala ya bone ka go tlhoma mogopolo mo dinonofong tsa bone tse di molemo go na le go akanya gore ba ne ba na le maitlhomo a a sa siamang. (Mareko 9:33-35; Luke 22:24-27) Jesu o ne a sa batle gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe mme o ne a kopa barutwa ba gagwe gore ba ntshe maikutlo a bone ba gololesegile.—Mathaio 16:13-15.

Mo godimo ga moo, Jesu o ne a rata ditsala tsa gagwe. (Johane 13:1) O ne a ba rata go le kana kang? O ne a re: “Ga go na ope yo o nang le lorato lo logolo go feta lono, gore motho a neele moya wa gagwe mo boemong jwa ditsala tsa gagwe.” (Johane 15:13) A go na le mongwe yo o ka nayang ditsala tsa gagwe sengwe se se tlhwatlhwakgolo go gaisa botshelo jwa gagwe?

A o nna o le tsala tota le fa batho ba bangwe ba go tshwenya kgotsa ba go kgopisa?

O ne a le pelokgale e bile a dira dilo jaaka motho yo o nang le maikarabelo. Jesu o ne a se bokoa jaaka bataki bangwe ba mmontsha mo ditshwantshong tsa bodumedi. Diefangele di mo tlhalosa e le monna yo o nonofileng e bile a le matlhagatlhaga. Ka makgetlo a le mabedi, Jesu o ne a leleka bagwebi ka dithoto tsa bone kwa tempeleng. (Mareko 11:15-17; Johane 2:14-17) Fa segopa se ne se tla go tshwara “Jesu wa Monasaretha,” ka bopelokgale o ne a atamela kwa pele gore a ikitsise le go sireletsa barutwa ba gagwe a bo a re: “Ke nna. Fa e le gore ke nna yo lo mpatlang, lesang bano ba tsamaye.” (Johane 18:4-9) Ga go gakgamatse gore fa Ponto Pilato a ne a bona bopelokgale jwa ga Jesu fa a ne a tshwerwe le go sotlwa, a ileng a re: “Bonang! Monna!”—Johane 19:4, 5.

A o tsaya kgato ka bonako le ka bopelokgale fa go na le sengwe se o tshwanetseng go se dira?

Dinonofo tseno le tse dingwe tse di tlhomologileng di dira gore Jesu e nne sekao se se molemo se re ka se latelang. Fa re itetla go tlhotlhelediwa ke tsela e a neng a itshwere ka yone, re tla nna batho ba ba botoka le ba ba itumetseng. Ke gone ka moo moaposetoloi Petere a neng a kgothaletsa Bakeresete go latela dikgato tsa ga Jesu gaufiufi. A o leka ka natla go latela dikgato tsa ga Jesu gaufiufi?

Sengwe se se Gaisang Sekao Se re Ka se Latelang

Le fa go ntse jalo, Jesu e ne e se sekao fela se re ka se latelang. O ne a re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) Jesu o ne a sa itsise batho boammaaruri ka Modimo fela gore ba atamalane le Modimo mme gape o ne a dira gore batho ba ba ikanyegang ba bone botshelo.—Johane 3:16.

Fa Jesu a ne a bua ka lebaka la go tla ga gagwe mo lefatsheng o ne a re: ‘Morwa motho o ne a tla, e seng go direlwa, fa e se go direla le go ntsha moya wa gagwe e le thekololo gore a bone ba le bantsi.’ (Mathaio 20:28) Jesu o ne a dira gore batho ba kgone go itumelela botshelo ka bosakhutleng, ka go ntsha botshelo jwa gagwe setlhabelo. Ke eng se mongwe le mongwe wa rona a ka se dirang gore a solegelwe molemo ke thekololo eo? Jesu o ne a re: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.”—Johane 17:3.

Gore motho a bone botshelo jo bo sa khutleng o tshwanetse go nna le kitso ka ga Jesu, a etse tsela e a neng a tshela ka yone le go nna le tumelo mo losong lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo. Re go laletsa gore o iphe nako ya go ithuta Baebele, e leng yone motswedi wa kitso e e ntseng jalo mme o leke ka natla go dira se e se buang fela jaaka Jesu a ne a dira. *

Sekao sa ga Jesu se re ruta gore re tshwanetse go nna batho ba mofuta mang. Loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo lo ka kgona go re golola mo boleong le mo dituelong tsa jone e leng loso. (Baroma 6:23) Eleruri seemo sa rona se ne se tla utlwisa botlhoko kwantle ga tlhotlheletso e e maatla ya ga Jesu Keresete! A le ka motlha re se letle go tshwarega le ditlhobaelo tsa botshelo go re amoga tshono ya go akanya le go latela gaufiufi sekao sa monna yo mogolo go gaisa botlhe ba ba kileng ba tshela—Jesu Keresete.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 12 Go ka direga gore mmaagwe Johane e bong Salome e ne le kgaitsadie Marea mmaagwe Jesu. Bapisa Mathaio 27:55, 56 le Mareko 15:40 le Johane 19:25.

^ ser. 26 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka botshelo jwa ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng, bona buka ya Monna Yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 7]

▪ Jesu o ne a sa tlhaole batho mme o ne a ba tlotla

▪ E ne e le tsala ya boammaaruri le e leng go fitlha kwa bokhutlong

▪ O ne a le pelokgale

A o leka ka natla go latela dikgato tsa ga Jesu gaufiufi?

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Jesu o ne a le tekatekano

a atamelesega

a le kutlwelobotlhoko