Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mmopi yo o Tshwanelwang ke Gore re Mmake

Mmopi yo o Tshwanelwang ke Gore re Mmake

Atamalana le Modimo

Mmopi yo o Tshwanelwang ke Gore re Mmake

Tshenolo 4:11

A O KILE wa ipotsa jaana, ‘A botshelo bo na le bokao?’ Batho ba ba dumelang gore botshelo bo nnile gone ka ntlha ya go iphetola ga ditshedi go nna tse dingwe ga ba bone karabo ya potso eno. Mme ga go a nna jalo ka batho ba ba dumelang boammaaruri jo bo ka se kang jwa ganediwa jwa gore Jehofa Modimo ke ene Motswedi wa botshelo. (Pesalema 36:9) Ba a itse gore Modimo o ne a na le boikaelelo bongwe fa a ne a re bopa. Boikaelelo joo bo tlhalosiwa mo go Tshenolo 4:11. Mma re bone gore mafoko ao a a kwadilweng ke moaposetoloi Johane, a tlhalosa jang lebaka la go bo re le fano.

Johane o ne a kwala pina e e neng e opelwa kwa legodimong e baka Modimo: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.” Jehofa ke ene fela yo o tshwanelwang ke tlotlo e e ntseng jalo. Ka ntlha yang? Ka gonne o “bopile dilo tsotlhe.” Ka jalo, dibopiwa tsa gagwe tse di botlhale di tshwanetse go tlhotlheletsega go dira eng?

Jehofa o tlhalosiwa a tshwanelwa ke “go amogela” kgalalelo, tlotlo le maatla. Ga go pelaelo gore ke Modimo yo o nang le kgalalelo, tlotlo le maatla a magolo go gaisa ope fela mo lobopong. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ga ba dumele gore ke Mmopi wa sengwe le sengwe. Mme gone, go na le batho ba ba kgonang go bona “dinonofo tse di sa bonaleng” tsa Modimo tse di bonwang sentle mo dilong tse a di bopileng. (Baroma 1:20) E re ka dipelo tsa bone di tletse kanaanelo, ba tlhotlheletsega go naya Jehofa kgalalelo le tlotlo. Ba bolelela batho botlhe ba ba tla utlwang bosupi jo bo kgatlhang jwa gore Jehofa ke ene a bopileng dilo tsotlhe tse dintle le gore ke ene yo re tshwanelwang ke go mo naya tlotlo e e boteng.—Pesalema 19:1, 2; 139:14.

Le fa go ntse jalo, Jehofa o amogela maatla mo baobameding ba gagwe jang? Ke boammaaruri gore ga go na sebopiwa sepe se se ka nayang Mmopi mothatayotlhe maatla. (Isaia 40:25, 26) Mme gone, e re ka re bopilwe mo setshwanong sa Modimo, re kgona go bontsha dinonofo tsa Modimo ka selekanyo se se rileng, tse nngwe ya tsone e leng maatla. (Genesise 1:27) Fa tota re anaanela se Mmopi wa rona a re diretseng sone, re tla tlhotlheletsega go dirisa maatla le nonofo ya rona go mo tlotla le go mo galaletsa. Go na le gore re dirise maatla a rona mo dilong tse di tla solegelang rona fela molemo, re na le boikutlo jwa gore Jehofa Modimo ke ene a tshwanelwang ke go amogela maatla a rona otlhe fa re ntse re mo direla.—Mareko 12:30.

Ka jalo, re bopetswe eng? Karolo ya bofelo ya Tshenolo 4:11 e araba jaana: “Ka ntlha ya thato ya gago dilo tsotlhe [tse di bopilweng] di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.” Ga re a nna gone ka go rata ga rona. Re nnile gone ka ntlha ya thato ya Modimo. Ka jalo, fa re tshelela fela go kgotsofatsa dikeletso tsa rona, ga re kitla re bona boitumelo le kgotsofalo ya mmatota. Gore re nne le kagiso ya mogopolo, boitumelo le kgotsofalo, re tshwanetse go ithuta gore thato ya Modimo ke eng mme re bo re dira gore matshelo a rona a dumalane le yone. Fa re dira jalo, re tla bona bokao jwa go bo re bopilwe le jwa go bo re le fano.—Pesalema 40:8.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 31]

NASA, ESA, and A. Nota (STScI)