Nako Ya fa Ke ne Ke Tlogela Karate
Lekwalo le le Tswang Kwa Ghana
Nako Ya fa Ke ne Ke Tlogela Karate
KE NE ke sa akanye gore ke motho yo o ntseng jalo. O apere diaparo tsa gagwe tse ditshweu, o bofile letheka la gagwe le le sesane ka lebanta le lentsho la bophara jwa disentimetara di le tlhano, o ema e kete o batla go lwa, a gagamaditse diatla tsa gagwe, a ipaakantse e bile a sa rwala ditlhako. O lebega a galefile; o menne phatla e bile o tlhomile mogopolo. Matlho a gagwe a masesane e bile a a tshosa—go bonala go se sepe se se ka dirang gore a nne bonolo.
Ka tshoganyetso, o goela kwa godimo a bo a re “Hyat!” O tsamaisa diatla tsa gagwe mo moyeng ka bonako. O thubaganya polanka ka bogare ka seatla sa gagwe e bo e wela fa fatshe. O tlolela kwa godimo a ntse a dikologa, mme o tsamaisa dinao le diatla tsa gagwe ka bofefo mo moyeng a di lebagantse e kete o lwa le mongwe. A ruri yono ke monna yo o batlang go rutiwa Baebele?
Ke ne ka atamela, ke otlolotse seatla sa me gore ke mo dumedise. “A ke wena Kojo? Ke utlwa go twe o batla go ithuta Baebele.” O tshwara seatla sa me a bo a nyenya, mme a le botsalano. Matlho a gagwe a ne a sa tlhole a tshosa, go na le moo a bonala a tlhoafaletse go utlwa se ke tla se buang. O ne a re: “Ee, nka itumela thata fa o ka nthuta Baebele. Re tla simolola leng?”
Re ne ra nna mo mathuding a ntlo ya gagwe re tshwere Dibaebele tsa rona le buka e re ithutang yone. Go ne go se mogote e bile go se modumo moo mme go se sepe se se re itayang tsebe. Re ne re le bararo: nna, Kojo le tshwenyana ya gagwe. Tshwenyana eno, e e boleele jwa disentimetara di ka nna 35, e na le boboa jo bohibidu mo tlhogong le moririnyana o mosweu mo seledung, o o dirang gore e lebege e tshegisa e bile e sa utlwe. Tshwenyana eno e ntle, e e ratang go tshameka, e bile e rata go lekeletsa dilo, e ne e tsamaya gongwe le gongwe fela mo e batlang teng, mo godimo ga dibuka tsa rona, e phamola dipene mo go rona, e tsenya diatla tsa yone tse dinnye mo dipotleng tsa dihempe tsa rona e batla sengwe se se monate. Fela jaaka motsadi yo o tlwaetseng modumo le go tshwenya ga bana ba bannye, Kojo o itlhokomolosa tshwenyana eno mme o tlhoma mogopolo mo thutong. Dipotso tse dintsi tse a di botsang di mpontsha gore o a akanya le gore o tlhoafaletse go ithuta. Gongwe karate e mo rutile gore a nne kelotlhoko le go tlhoma mogopolo, ka gonne ga a dumele sengwe le sengwe fela se a se bolelelwang, ntle le fa a tlhomamisegile gore se boammaaruri le gore se tswa mo Dikwalong.
Thuto ya rona e ne e tswelela pele sentle. Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, ke ne ka lemoga gore o lebane le go dira tshwetso e e neng e se motlhofo ya go tlogela karate. O ne a nthaya a re: “Ke rata karate ka pelo ya me yotlhe go feta sepe fela mo lefatsheng.” Ke ne ke lemoga gore monna yono o rata ntwa thata, e bile ke setswerere mo motshamekong ono. Fa a na le dingwaga di le 26 o ne a sa rate motshameko ono fela mme e ne e le setswerere mo go one e bile o ne a setse a gapile lebanta le lentsho, e leng maemo a a fitlhelelwang ke batho ba le mmalwa fela kgotsa a go seng ope yo o ka a fitlhelelang.
Tota ke ne ke sa itse gore a Kojo o ne a tla tlogela karate kgotsa nnyaa. Ke akanya gore o ne a lemogile gore go nna motshameki wa karate, yo o dirisang diatla le dinao go utlwisa batho ba bangwe botlhoko, go ne go sa tsamaisane le go nna kutlwelobotlhoko, pelotlhomogi le go akanyetsa ba bangwe e leng dinonofo tse di bontshang gore Bakeresete ba boammaaruri ba a ratana. Le fa go ntse jalo, ke a itse gore boammaaruri jwa Baebele bo kgonne go fetola batho ba ba bogale. Fa Kojo a amogela se a se rutiwang, maatla a Lefoko la Modimo a ka dira gore kgabagare a nne motho yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelonomi. Ke tshwanetse go nna pelotelele.
Motshegare mongwe o o mogote fa re ne re tloga re konela thuto ya rona, re ne ra bala temana ya Baebele e e neng ya garola Kojo pelo jaaka e kete o ragilwe ke motho yo o neng a lwa le ene. O ne a e bala: “Jehofa ka boene o tlhatlhoba mosiami le moikepi, mme moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.” (Pesalema 11:5) O boeletsa mafoko ao a buela kwa tlase, “Ope fela yo o ratang thubakanyo.” Matlho a gagwe a a thokwa, a pele a neng a tshosa, jaanong a simolola go nolofala. O a nteba mme a bo a simolola go nyenya. “Ke setse ke dirile tshwetso.”
Nna le Kojo jaanong re dira tiro e re e ratang thata—go nna barutisi ba Baebele ba ba ithaopetseng go ruta batho ba ba tla reetsang kwantle ga tuelo. Mo mosong mongwe re ne re tshwanetse go etela lekawana lengwe le le bidiwang Luke.
Fa re le mo tseleng e e yang kwa ga Luke, tsela e re neng re tsamaya mo go yone e ne e pitlagane, e tletse batho e bile e feta mo marekisetsong. Fa thoko ga mebila, go na le barekisi ba ba tlhomagantseng ditafole tse ba beileng dilwana tse ba di rekisang mo go tsone: ditšhilisi tse dintsi tse dikhibidu le tse ditala, diroto tse di tletseng ka ditamati tse di buduleng, mekoa ya merogo ya okra le diradio, dikhukhu, disepa, diwiki, didirisiwa tsa go apaya le mekoa ya ditlhako le diaparo tse di setseng di dirisitswe. Basetsana ba tsamaya ba rwele dijana tse dikgolo tsa aluminiamo ba di leseleditse mo ditlhogong di tsentse dijo tse di tswaisitsweng. Ba feta mo boidiiding jwa batho, ba gogela bareki ba ba tshwerweng ke tlala ka monkgo o o monate wa sopo le setshuu sa tlhapi, lekakauwe le dikgopa gore ba reke dijo tsa bone. Dintša, dipodi le dikoko tse di tsositseng modumo di feta fa dinaong tsa bone. Mme diradio, dihutara tsa dikoloi le batho ba dira modumo o o seng kana ka sepe.
Re ne ra tsamaya mo tseleng ya mmu e e tswang ka toropo eno e e modumo mme ra goroga mo kagong ya bogologolo e e nang le letshwao le le sa bonaleng sentle: “Lefelo le Batho ba ba Tsayang Mesepele e Meleele ba Ikhutsang mo go Lone.” Lekawana lengwe le le mo dingwageng tsa bo20 e bong Luke, le ne la ema mo kgorong ya ntlo mme la re re tsene gore re se fisiwe ke letsatsi. Ntlo e a nnang mo go yone e tletse ka dikgetsi le mabokose a a nang le ditlhatsana le medi e e omisitsweng, matlhare a a bofeletsweng ka megala le makwati a magolo a ditlhare—dilo tseno tsotlhe e ne e le tsa ga rakgadiagwe Luke yo e neng e le ngaka ya setso. O ne a dira metswako e a ithutileng yone mo bagologolwaneng ba gagwe, segolobogolo e e thugilweng le go bedisiwa mme e ne e tsewa e kgona go fodisa malwetse a mefuta yotlhe. Luke o ne a re emetse. O feetse matlakala e bile o setse a beile ditulo tse tharo tsa legong. Ditulo tsa rona di ne di bapile thata mme ra simolola thuto ya rona ya Baebele.
Kojo ke ene a rutang Luke Baebele. Ke ne ke ntse ke reeditse fa makawana ano a mabedi a ntse a tlotla kafa Baebele e arabang potso ya gore ke eng fa go na le pogo e e kana kana mo lefatsheng. Fa Kojo a thusa Luke go bona temana nngwe mo Baebeleng, ke ne ke lebile seatla sa gagwe se segolo fa se phetlha ditsebe tse di tshesane tsa Baebele. Mme ka gakologelwa sengwe. Mo nakong e e fetileng o ne a dirisa tsone diatla tseno go lwa. Maatla a Lefoko la Modimo a kgona go ntsha mekgwa e e sa siamang e e tseneletseng kwa teng mo pelong ya motho, e e tlwaelegileng thata mo bathong ba lefatshe leno le le senang boitsholo mme a mo dire gore e nne motho yo o nang le dinonofo tse di molemo tsa bopelotlhomogi le lorato. Ruri Lefoko la Modimo le kgona go fetola motho!
Fa re boela kwa gae, re ne ra bua le monna mongwe yo o neng a dutse mo tlase ga moruti wa setlhare sa menku. O reeditse ka tlhoafalo fa Kojo a bula Baebele le go bala temana nngwe. Fa monna yono a lemoga gore re Basupi ba ga Jehofa, o ne a tlola. O ne a bua jaana a galefile: “Ga ke lo rate lona Basupi ba ga Jehofa!” Ka yone nako eo, Kojo o ne a galefa. Morago ga moo, o ne a ritibala re bo re tsamaya.
Fa re ntse re le mo tseleng, Kojo o ne a nkatamela a bo a ntshebela a re: “Ke ne ke tlalelana fa monna yole a ntse a bua. A o a itse gore ke ka bo ke mo dirile eng?” Ke ne ka bua jaana ke nyenya: “Ke a itse.” Le ene o a nyenya re bo re tswelela ka loeto lwa rona.