Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ruta Bana ba Gago

Dafide—Lebaka La go Bo A ne A sa Boife

Dafide—Lebaka La go Bo A ne A sa Boife

A O TLE o boife?— * Bontsi jwa rona re a tle re boife ka dinako tse dingwe. Ke eng se o ka se dirang fa o le boboi?— O ka nna wa ya go kopa thuso kwa mothong mongwe yo mogolo e bile a le maatla go go gaisa. Gongwe rraago kgotsa mmaago a ka go thusa. Re ka ithuta go le gontsi mo go Dafide malebana le kgang ya gore re ka ya go kopa thuso kwa go mang. O ne a opelela Modimo jaana: “Nna, ke tla go ikanya. . . . Ke ikantse Modimo; ga ke na go boifa.”—Pesalema 56:3, 4.

O akanya gore Dafide o ithutile go se boife mo go mang? A ke mo batsading ba gagwe?— Ga go pelaelo gore o ithutile mo go bone. Rraagwe e bong Jese, e ne e le rraagwemogolo yo o ikanyegang wa ga Jesu Keresete, yo Modimo a neng a solofeditse gore o tla nna “Kgosana ya Kagiso.” (Isaia 9:6; 11:1-3, 10) Rraagwe Jese e bong Obede e ne e le rraagwemogolo wa ga Dafide. Buka nngwe ya Baebele e bidiwa ka leina la ga mmaagwe Obede. A o itse leina la gagwe?— Ke Ruthe, mosadi yo o ikanyegang yo monna wa gagwe e neng e le Boase.—Ruthe 4:21, 22.

Ke boammaaruri gore Ruthe le Boase ba ne ba swa dingwaga di le dintsi pele Dafide a tsholwa. Gongwe o ka tswa o itse leina la ga mmaagwe Boase, yo e neng e le mmaagwemogologolwane wa ga Dafide. O ne a nna kwa Jeriko mme o ne a thusa go sireletsa ditlhola dingwe tsa Iseraele. Fa dipota tsa Jeriko di ne di wa, o ne a sireletsa ene le ba lelapa la gagwe ka go bofelela mogala o o bohibidu jo bo letlhololo mo fensetereng ya ntlo ya gagwe. Leina la gagwe ke mang?— Ke Rahabe—yo o neng a nna moobamedi wa ga Jehofa, mme o ne a tlhomela Bakeresete sekao se ba ka se latelang sa go nna pelokgale.—Joshua 2:1-21; 6:22-25; Bahebera 11:30, 31.

Re ka tlhomamisega gore batsadi ba ga Dafide ba ile ba mo ruta ka batlhanka bao ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ka gonne batsadi ba ne ba laetswe go ruta bana ba bone dilo tse di ntseng jalo. (Duteronome 6:4-9) Go ne ga tla nako ya gore moporofeti wa Modimo e bong Samuele a laelwe go ya go tlhopha Dafide, morwa yo mmotlana wa ga Jese, gore a nne kgosi ya mo isagweng ya setšhaba sa Iseraele.—1 Samuele 16:4-13.

Letsatsi lengwe Jese o ne a roma Dafide gore a ise dijo kwa go bomorwarraagwe ba bararo ba ba neng ba ile go lwantsha baba ba Modimo e bong Bafilisitia. Fa Dafide a goroga koo, o ne a tabogela kwa meleng ya tlhabano mme a utlwa Goliathe a kgoba ba ba neng ba le mo ‘moleng wa tlhabano ya Modimo yo o tshelang.’ Botlhe ba boifa go tlhabana le Goliathe. Kgosi Saulo o ne a utlwa gore Dafide o ikemiseditse go ya go tlhabana le ene, ka jalo a mmitsa. Mme fa Saulo a bona Dafide a mo raya a re: “O mosimane fela.”

Dafide o tlhalosetsa Saulo gore o ne a bolaya tau le bera tse di neng di leka go bolaya dinku tsa lelapa la gaabo. Dafide o ne a re Goliathe “o tla nna jaaka nngwe ya tsone.” Saulo o mo raya a re: “Tsamaya, mme e kete Jehofa a ka nna le wena.” Dafide o tsaya maje a matlhano a a borethe, o a tsenya mo kgetsing ya gagwe ya badisa, a bo a tsaya motsekedi wa gagwe mme a ya go lwantsha mokaloba yono. Fa Goliathe a bona go tla mosimanyana fela, o ne a goeletsa a re: ‘Tla kwa go nna fela, mme ke tla naya dinonyane nama ya gago.’ Dafide o mo araba ka gore: “Nna ke tla kwa go wena ka leina la ga Jehofa,” mme a bo a goeletsa a re: “Ruri ke tla go itaya ke go latlhela fa fatshe.”

Ka yone nako eo Dafide a tabogela kwa go Goliathe, a ntsha leje mo kgetsing ya gagwe a le tsenya mo motsekeding, a bo a konopa Goliathe mo phatleng ka lone. Fa Bafilisitia ba bona gore mokaloba wa bone o sule, ba ne ba tshoga mme ba tshaba. Baiseraele ba ne ba ba lelekisa mme ba fenya ntwa eo. Tsweetswee bala pego eno yotlhe e e mo go 1 Samuele 17:12-54 le lelapa la gago.

E re ka o le mosha, ka dinako tse dingwe o ka nna wa boifa go latela ditaelo tsa Modimo. Kwa tshimologong Jeremia o ne a boifa e re ka e ne e le mosimanyana, mme Modimo o ne a mo raya a re: “O se ka wa boifa . . . gonne ‘Ke na le wena.’” Jeremia o ne a nna pelokgale mme a rera, a dira fela jaaka Modimo a ne a mo laetse. Fela jaaka Dafide le Jeremia, le wena o ka nna pelokgale fa o ikanya Jehofa.—Jeremia 1:6-8.

^ ser. 3 Fa o bala le bana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o ba kgothaletse go ntsha maikutlo a bone.