Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Boifa Baswi?

A o Boifa Baswi?

A o Boifa Baswi?

BATHO ba le bantsi ba araba potso eno ka “Nnyaa. Ke ka ntlha yang fa ke tshwanetse go ba boifa?” Ba dumela gore tota baswi ba sule. Le fa go ntse jalo, batho ba le dimilione ba dumela gore baswi ba tswelela ba tshela e le meya.

Kwa Bophirima jwa Afrika kwa Benin, batho ba le bantsi ba dumela gore baswi ba ka boa go tla go bolaya maloko a mangwe a lelapa la bone. Batho ba rekisa dilo tse ba nang le tsone kgotsa ba itsenya mo dikolotong gore ba duelele diphologolo tse ba tlileng go dira ditlhabelo ka tsone le go dira meletlo go reba ba losika lwa bone ba ba tlhokafetseng bogale. Bangwe ba dira ditiro tse di amanang le tirisabadimo tse di akaretsang kgopolo ya gore moya wa motho o tswelela o tshela fa a sena go swa e bile ba ka kgona go bua le batshedi. Batho ba bangwe ba diragaletswe ke dilo tse di boifisang tse ba akanyang gore di ba diragaletse ka ntlha ya tlhotlheletso ya meya ya batho ba ba tlhokafetseng.

Mongwe wa batho ba ba diragaletsweng ke seo ke Agboola, monna mongwe yo o nnang gaufi le molelwane o o fa gare ga Benin le Nigeria. A re: “Tirisabadimo ke karolo ya botshelo jwa letsatsi le letsatsi mo lefelong la rona. Go tlwaelegile go tlhapisa ditopo ka nako ya moletlo wa go di baakanyetsa lefelo la semoya. Gantsi ke ne ke kokoanya sesepa se se setseng fa go ne go tlhapisiwa ditopo ke bo ke se tlhakanya le makakaba mangwe. Morago ga moo, fa ke ntse ke tshasa motswako ono mo tlhobolong e ke tsomang ka yone, ke ne ke buela kwa godimo gore ke batla go thunya phologolo efe. Mekgwa e e ntseng jalo e tlwaelegile e bile e bonala e atlega. Le fa go ntse jalo, mekgwa mengwe ya tirisabadimo e ne e boifisa.

“Fa bomorwaake ba babedi ba ne ba tlhokafala ka tsela e e gakgamatsang, ke ne ka belaela gore mongwe o ne a nkolopa. Gore ke itse kaga seno, ke ne ka ya kwa monnamogolong mongwe, yo o neng a itsege e le matwetwe. O ne a tlhomamisa gore se ke neng ke se belaela se boammaaruri. Se se maswe le go feta, o ne a tlhalosa gore gone jaanong bomorwaake ba letile mo lefelong la semoya gore e tle e nne batlhanka ba mmolai wa bone fa a tlhokafala. Monnamogolo yono o ne a bo a re morwaake wa boraro le ene o ne a tla tlhokafala. Mme malatsi a le mmalwa morago ga moo, morwaake o ne a tlhokafala.”

Agboola o ne a kopana le John e bong Mosupi wa ga Jehofa yo o tswang kwa nageng ya boagelani ya Nigeria. Se John a neng a se tlhalosa ka boemo jwa baswi se ne se tswa mo Baebeleng. Mme se ne sa fetola botshelo jwa ga Agboola. Gape se ka fetola botshelo jwa gago.

A Baswi ba a Tshela?

Ke mang yo o ka arabang potso eno botoka? E ka se nne motho ope, le fa e ka tswa e le motho yo o itsegeng e le matwetwe. Go na le moo, Jehofa, Mmopi wa botshelo jotlhe “kwa magodimong le mo lefatsheng, dilo tse di bonalang le dilo tse di sa bonaleng,” ke ene fela a ka e arabang. (Bakolosa 1:16) O bopile baengele gore ba nne kwa lefelong la semoya le batho le diphologolo gore ba tshele mo lefatsheng. (Pesalema 104:4, 23, 24) Gongwe le gongwe botshelo bo ikaegile ka Ene. (Tshenolo 4:11) Ka jalo, ela tlhoko se Lefoko la Modimo e leng Baebele le se buang ka loso.

Jehofa ke ene wa ntlha yo o neng a bua ka loso. O ne a tlhagisa Adame le Efa gore ba ne ba tla swa fa ba sa mo ikobele. (Genesise 2:17) Seo se ne se kaya eng? Jehofa o ne a re: “O lorole mme o tla boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) Fa motho a swa mmele o a bola; o boela kwa loroleng. Botshelo bo a fela.

Adame le Efa ba ne ba se ka ba ikobela molao wa Modimo ka boomo mme ba ne ba atlholelwa loso. Le fa go ntse jalo, ga se bone ba ba neng ba swa pele. Morwaabone e bong Abele ke ene a neng a swa pele. O ne a bolawa ke mogolowe e bong Kaine. (Genesise 4:8) Kaine o ne a sa boife gore monnawe yo o tlhokafetseng o tla ipusolosetsa. Go na le moo, o ne a tshwenyegile thata ka se batshedi ba neng ba ka mo dira sone.—Genesise 4:10-16.

Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, Kgosi Herode o ne a tenega fa balepadinaledi ba ne ba mo itsise gore “kgosi ya Bajuda” e tsholetswe mo nageng e a neng a e busa. E re ka Herode a ne a batla go bolaya kgosi eno, o ne a loga leano la gore basimane botlhe mo Bethelehema ba ba nang le dingwaga tse pedi go ya kwa tlase, ba bolawe. Mme moengele o ne a tlhagisa Josefa gore a tseye Jesu le Marea mme a “tshabele mo Egepeto.”—Mathaio 2:1-16.

Fa Herode a sena go swa, moengele o ne a laela Josefa gore a boele kwa Iseraele ka “gonne ba ba neng ba senka moya wa ngwana yo mmotlana yono [ba ne] ba sule.” (Mathaio 2:19, 20) Moengele yono, e bong motho wa semoya, o ne a itse gore Herode o ne a ka se utlwise ngwana botlhoko. Josefa o ne a sa boife Kgosi Herode yo o suleng. Le fa go ntse jalo, o ne a boifa se morwa yo o setlhogo wa ga Herode e bong Arekelao a neng a ka se dira. Ka jalo, Josefa o ne a nna le lelapa la gagwe kwa Galalea, e leng naga e e neng e sa laolwe ke Arekelao.—Mathaio 2:22.

Dipego tseno di re thusa go lemoga gore baswi ga ba na maatla ape. Ka jalo, re ka tlhalosa jang se se diragaletseng Agboola le batho ba bangwe?

Madimona,” Kgotsa Meya e e Seng Phepa

Fa Jesu a ne a godile, o ne a kopana le dibopiwa tsa moya tse di boikepo. Di ne tsa lemoga Jesu di bo di mmitsa “Morwa Modimo.” Jesu le ene o ne a itse gore ke bomang. E ne e se meya ya batho ba ba suleng. Go na le moo, Jesu o ne a re ke “madimona,” kgotsa meya e e seng phepa.—Mathaio 8:29-31; 10:8; Mareko 5:8.

Baebele e bua ka meya e e ikanyegang mo Modimong le e e neng ya mo tsuologela. Buka ya Genesise ya re fa Jehofa a ne a leleka Adame le Efa ba ba neng ba sa mo ikobela kwa tshimong ya Edene, o ne a tlhoma ditšheruba kgotsa baengele kwa botlhaba jwa tshingwana go thibela ope fela go tsena mo go yone. (Genesise 3:24) Leno e ne e le lekgetlo la ntlha dibopiwa tsa moya di iponatsa mo bathong.

Nako nngwe moragonyana, baengele bangwe ba ne ba tla mo lefatsheng ba iphetotse batho. Jehofa o ne a sa ba naya tiro epe e ba neng ba tshwanetse go e dira mo lefatsheng. Go na le moo, ba ne “ba latlha lefelo la bone le le tshwanetseng la bonno,” la semoya. (Jude 6) Ba ne ba dira seno ka ntlha ya bopelotshetlha. Ba ne ba itseela basadi ba ba neng ba tshola bana le bone mme bana bao ba ne ba bidiwa Banefilime. Banefilime bano le borraabone ba batsuolodi ba ne ba tlatsa lefatshe ka thubakanyo le bosula jo bo seng kana ka sepe. (Genesise 6:1-5) Jehofa o ne a baakanya boemo joo ka go tlisa morwalela wa lefatshe lotlhe mo motlheng wa ga Noa. Morwalela oo o ne wa nyeletsa banna le basadi ba ba boikepo mmogo le bana ba bone. Go ne ga direga eng ka baengele bao?

Morwalela o ne wa dira gore ba patelesege go boela kwa lefelong la semoya. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a ba thibela go boela kwa ‘boemong jwa bone jwa kwa tshimologong.’ (Jude 6) Baebele ya re: ‘Modimo a se ka a ithiba go otlhaya baengele ba ba neng ba leofa, mme, ka go ba latlhela mo teng ga Tatarase, o ne a ba tsenya mo dikhuting tsa lefifi le le kwenneng gore ba beelwe katlholo.’—2 Petere 2:4.

Tatarase ga se lefelo lengwe le le rileng; e ntse jaaka kgolegelo, boemo jo mo go jone baengele bano ba sa kgoneng go dira dilo tse ba neng ba di dira pele. Madimona ga a tlhole a kgona go iphetola batho mme a sa ntse a na le maatla a magolo le tlhotlheletso mo megopolong le mo matshelong a batho. A ka laola batho le diphologolo. (Mathaio 12:43-45; Luke 8:27-33) Mme gape a tsietsa batho ka go itira meya ya batho ba ba tlhokafetseng. Goreng? Gore batho ba se ka ba obamela Jehofa ka tsela e e mo itumedisang le go ba tlhakanya tlhogo malebana le boemo jwa mmatota jwa baswi.

Kafa o ka Fenyang Poifo ka Gone

Agboola o ne a lemoga gore se Baebele e se tlhalosang malebana le loso le gore meya ke eng se a utlwala. O ne a lemoga gore o ne a tshwanetse go ithuta mo go oketsegileng. O ne a simolola go bala Baebele le dikgatiso tsa Baebele le John. Agboola o ne a gomodiwa ke go itse gore bomorwawe ba ne ba robetse mo lebitleng e seng gore ba ne ba letile mo lefelong la semoya gore e nne batlhanka ba mmolai wa bone.—Johane 11:11-13.

Gape Agboola o ne a lemoga gore o ne a tshwanetse go tlogela go dira ditiro dipe tse di amanang le tirisabadimo. O ne a fisa dilwana tsotlhe tse di neng di amana le boloi. (Ditiro 19:19) Batho bangwe mo motseng ba ne ba re o tla tlhaselwa ke meya. Le fa go ntse jalo, Agboola o ne a sa boife sepe. O ne a reetsa kgakololo e e mo go Baefeso 6:11, 12 e e reng: “Aparang diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong . . . ka gonne re lwa . . . le mephato ya meya e e boikepo.” Diaparo tseno tse di feletseng tsa tlhabano di akaretsa boammaaruri, tshiamo, dikgang tse di molemo tsa kagiso, tumelo le tšhaka ya moya, e leng Lefoko la Modimo. Diaparo tseno di tswa kwa Modimong mme di maatla!

Fa Agboola a tlogela go dira meetlo e e amanang le tirisabadimo, ditsala dingwe tsa gagwe le ba losika ba ne ba se ka ba tlhola ba dirisana le ene. Le fa go ntse jalo, kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa o ne a nna le ditsala tse disha tse di dumelang se Baebele e se rutang.

Jaanong Agboola o a itse gore Jehofa o tla tloga a tlosa boikepo mo lefatsheng le go tlosa ditiro tsotlhe tsa madimona. Kgabagare o tla a fedisa. (Tshenolo 20:1, 2, 10) Modimo o tla tsosetsa “botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo” mo lefatsheng. (Johane 5:28, 29) Ba tla akaretsa Abele, bana ba ba se nang molato ba Kgosi Herode a ba bolaileng le batho ba bangwe ba le dimilione. Agboola o dumela gore go tla tsosiwa le bomorwawe ba bararo. Batho ba o ba ratang ba ba tlhokafetseng le bone ba ka tsosiwa. Batho bano botlhe ba ba tsositsweng ba tla tlhomamisa gore fa ba ne ba sule go fitlha ka nako ya fa ba tsosiwa ba ne ba sa ikutlwe gotlhelele—ba sa bone meletlo epe e ba neng ba e direlwa.

Ga o na lebaka lepe la go boifa baswi. Go na le moo, o ka lebelela pele go kopana gape le batho ba o ba ratang ba ba suleng. Fa o ntse o letile seo, ke eng o sa nonotshe tumelo ya gago ka go ithuta Baebele? Itsalanye le batho ba ba dumelang se Baebele e se rutang. Fa o dirisa mekgwa epe fela ya tirisabadimo, e tlogele gone jaanong. Itshireletse mo madimoneng ka go apara “diaparo tse di feletseng tsa tlhabano tse di tswang kwa Modimong.” (Baefeso 6:11) Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa. Ba tshwarela batho dithuto tsa Baebele tsa legae tsa mahala ba dirisa buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? *

Agboola ga a tlhole a boifa baswi e bile o ithutile gore a ka lwantsha madimona jang. A re: “Ga ke itse gore ke mang yo o bolaileng bomorwaake ba bararo. Mme gone, fa e sa le ke direla Jehofa, ke ile ka nna le bana ba bangwe ba le supa. Ga go ope yo o kwa lefelong la semoya yo o ileng a ba utlwisa botlhoko.”

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 25 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Mafoko a a mo go tsebe 13]

Agboola ga a tlhole a boifa baswi e bile o ithutile gore a ka lwantsha madimona jang

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Kaine o ne a sa boife gore monnawe yo o tlhokafetseng o tla ipusolosetsa