Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A o Ne o Itse?

A Ponto Pilato o ne a na le lebaka la go boifa Kaesara?

Baeteledipele ba Bajuda ba ne ba tlhotlheletsa Mmusi wa kwa Roma e bong Ponto Pilato gore a bolaye Jesu, ka gore: “Fa o golola monna yono, ga o tsala ya ga Kaesara.” (Johane 19:12) “Kaesara” yo o umakiwang fano ke Mmusimogolo wa Roma e bong Tiberio. A Pilato o ne a na le lebaka lengwe la go boifa Kaesara yono?

Tiberio Kaesara e ne e le motho yo o ntseng jang? The New Encyclopædia Britannica ya re dingwaga pele Jesu a sekisiwa, Tiberio e ne e setse e le “motho yo go neng go lebega a batla go ikgotsofatsa mme a dira jalo ka ditsela tse di sa siamang.” Go belaela batho go ne ga mo tlhotlheletsa gore a bogise le go bolaya mongwe le mongwe fela yo a neng a akanya gore ga a ikanyege. Buka eo ya re “fa e le gore se baitsehisitori ba motlha wa gagwe ba se kwadileng se boammaaruri, o ne a rata boitlosobodutu jo bosetlhogo le jo bo makgapha. Tota le batho ba ba sa mmueng bosula ba bontsha gore o ne a bolaya setlhogo e bile a bolaya mo e batlileng e le mongwe le mongwe, gongwe le gongwe fela.”

Ka jalo, tsela e Tiberio a neng a itshwara ka yone e ka tswa e le yone e e neng ya dira gore Pilato a ineele go tlhotlhelediwa ke baeteledipele ba Bajuda le go laela gore Jesu a bolawe.—Johane 19:13-16.

Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a tlhapisa baaposetoloi ba gagwe dinao?

Kwa Iseraele wa bogologolo, batho ba le bantsi ba maemo a a kwa tlase ba tshwanetse ba bo ba ne ba dira ditiro tsa bone tsa letsatsi le letsatsi ba sa rwala ditlhako. Batho ba ba neng ba rwala ditlhako ba ne ba rwala dimphaatšhane tse di nang le solo mme di bofelelwa go tswa mo lengenaneng go fitlha mo lonaong. E re ka ditsela le masimo a ne a na le lorole kgotsa seretse, maoto a batho a ne a tla nna leswe.

Ka jalo, go ne go tlwaelegile gore motho a role dimphaatšhane fa a tsena mo ntlong. Go amogela moeng go ne go akaretsa go mo tlhapisa dinao. Tiro eno e ne e dirwa ke mong wa ntlo kgotsa motlhanka. Baebele e na le dikai di le mmalwa tse di buang ka mokgwa ono o o neng o tlwaelegile. Ka sekai, Aborahame o ne a bolelela baeng ba ba neng ba le kwa mogopeng wa gagwe a re: “Mma go tseweng metsi a mannye, tsweetswee, mme dinao tsa lona di tlhapisiwe. Morago ga moo lo nne ka go sekama kafa tlase ga setlhare. Mme mmang ke tle le thathana ya senkgwe, ke lapolose dipelo tsa lona.”—Genesise 18:4, 5; 24:32; 1 Samuele 25:41; Luke 7:37, 38, 44.

Tshedimosetso eno e re thusa go tlhaloganya gore ke eng fa Jesu a ne a tlhapisa barutwa ba gagwe dinao fa a ne a na le bone kwa moletlong wa gagwe wa bofelo wa Tlolaganyo. Ka nako eo, go ne go se na mong wa ntlo kgotsa motlhanka yo o neng a ka dira tiro eno e bile go bonala go se ope wa barutwa yo o neng a ithaopela go e dira. Ka jalo, fa Jesu a ne a tsaya mogotšwana wa metsi le seiphimolo go tlhapisa le go phimola dinao tsa baaposetoloi ba gagwe, o ne a ba ruta go ratana le go ikokobetsa.—Johane 13:5-17.