Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne A Ithuta mo Diphosong Tsa Gagwe

O ne A Ithuta mo Diphosong Tsa Gagwe

Etsa Tumelo ya Bone

O ne A Ithuta mo Diphosong Tsa Gagwe

JONA o ne a eletsa e kete a ka dira gore medumo e e tshosang e kgaotse. E ne e se fela diphefo tse di galefileng tse di neng di dira gore dikgole tsa sekepe di dire modumo; kgotsa makhubu a magolo a a neng a itaaka matlhakore a sekepe a dira gore mapolanka a sone a tsose modumo. Nnyaa, se se neng se tshosa Jona le go feta ke go goa ga batsamaisasekepe, kapotene le setlhopha sa gagwe fa ba ntse ba leka ka natla gore sekepe se se ka sa nwela. Jona o ne a tlhomamisegile gore banna bao ba ne ba tla tloga ba swa ka ntlha ya gagwe!

Ke eng se se neng sa dira gore Jona a tlalelwe jaana? O ne a direla Jehofa Modimo phoso e e masisi. O ne a dirile eng? A kamano ya gagwe le Jehofa e ne e senyegetse ruri? Dikarabo tsa dipotso tseno di ka re ruta go le gontsi. Ka sekai, kgang eno ya ga Jona e re thusa go lemoga gore tota le batho ba ba nang le tumelo e e nonofileng ba ka dira diphoso—le kafa ba ka di baakanyang ka gone.

Moporofeti yo o Tswang Kwa Galalea

Gantsi fa batho ba akanya ka Jona, go lebega ba akanya ka diphoso tsa gagwe tse di jaaka go se nne kutlo le e leng go nna tlhogoethata ka nakwana. Mme go na le dilo di le dintsi tse re tshwanetseng go di itse ka monna yono. Se lebale gore Jona o ne a tlhophilwe gore e nne moporofeti wa ga Jehofa Modimo. Jehofa o ne a ka se mo tlhophe gore a dire maikarabelo ao a a boima fa e le gore o ne a sa ikanyege kgotsa a sa siama.

Mo go 2 Dikgosi 14:25 ga re bolelelwe go le gontsi ka lefelo le Jona a goletseng mo go lone. O ne a tswa kwa Gathe-hefere e e dikilometara di ka nna nnè go tswa kwa Nasaretha, e leng motse o Jesu Keresete a neng a tla golela kwa go one dingwaga di ka nna 800 moragonyana. * Jona o ne a nna moporofeti fa go ne go busa Kgosi Jeroboame II wa bogosi jwa ditso di le lesome tsa Iseraele. E ne e le lobaka Elija a sule; motlhatlhami wa gagwe e bong Elisha o ne a swa fa go ne go busa rraagwe Jeroboame. Le fa Jehofa a ne a dirisitse banna bano go tlosa kobamelo ya ga Baale, Baiseraele ba ne ba leofa ka boomo. Jaanong lefatshe le ne le laolwa ke kgosi e e neng ya “tswelela go dira se se bosula mo matlhong a ga Jehofa.” (2 Dikgosi 14:24) Ka jalo tiro ya ga Jona e ne e se motlhofo kgotsa e ne e sa itumedise. Le fa go ntse jalo, o ne a e dira ka boikanyegi.

Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe Jona o ne a tshwanelwa ke go dira tshwetso e e masisi. Jehofa o ne a mo naya kabelo e a neng a e fitlhela e le thata go e dira. Jehofa o ne a mo kopa gore a dire eng?

“Nanoga, ya Kwa Ninife”

Jehofa o ne a raya Jona a re: “Nanoga, ya kwa Ninife motse o mogolo, mme o bolele teng gore bosula jwa bone bo tlile fa pele ga me.” (Jona 1:2) Ga go gakgamatse go bo tiro eno e ne e ka bonala e le boima. Ninife e dikilomitara di ka nna 800 go ya kwa botlhaba, e leng loeto lo lo ka tsayang kgwedi fa motho a tsamaya ka dinao. Le fa go ntse jalo, dikgwetlho tsa loeto loo di ne di ka lebega di le motlhofo go na le tiro e a neng a tshwanetse go e dira. Kwa Ninife, Jona o ne a tshwanetse go itsise Baasiria ba ba neng ba itsege ka go nna setlhogo molaetsa wa ga Jehofa wa katlholo. Fa Jona a ne a bone gore batho ba Modimo ba ne ba sa arabela sentle, a o ne a ka solofela gore baheitane bao ba ne ba tla reetsa? Motlhanka a le mongwe wa ga Jehofa o ne a tla atlega jang mo motseng o mogolo wa Ninife o o neng o tla bidiwa “motse wa tshololo ya madi”?—Nahume 3:1, 7.

Go ka direga gore Jona o ne a ipotsa dipotso tseo. Le gale ga re itse. Se re se itseng ke gore o ne a sia. Jehofa o ne a laetse Jona gore a ye kwa botlhaba mme ene o ne a ya kwa bophirima jo bo kgakala. O ne a ya kwa lotshitshing lwa lewatle, kwa motseng o o nang le boemakepe o o bidiwang Jopa, kwa a neng a palama sekepe se se neng se ya kwa Tareshishe. Bakanoki bangwe ba re Tareshishe e ne e le kwa Spain. Fa go le jalo, Jona o ne a tla tsamaya dikilomitara di ka nna 3 500 go tswa kwa Ninife. Loeto leo la go ya kwa bofelong jwa Lewatle le Legolo—jaaka Lewatle la Mediterranean le ne le itsege ka nako eo—lo ne lo ka tsaya ngwaga! Ruri Jona o ne a sa ikaelela go dira tiro e Jehofa a neng a mo neile yone!

A seno se raya gore Jona e ne e le legatlapa? Ga re a tshwanela go itlhaganela go mo atlhola. Jaaka re tla bona, o ne a na le bopelokgale jo bo tlhomologileng. Le fa go ntse jalo, jaaka mongwe le mongwe wa rona, Jona o ne a sa itekanela mme a dira diphoso di le dintsi. (Pesalema 51:5) Ke mang wa rona yo a iseng a boife?

Ka dinako dingwe go ka bonala Modimo a re kopa go dira sengwe se se thata se re ka se kang ra kgona go se dira. Re ka nna ra go fitlhela go le boima go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, e leng se Bakeresete ba tshwanetseng go se dira. (Mathaio 24:14) Go motlhofo gore re lebale boammaaruri jo Jesu a neng a bo bua: “Dilo tsotlhe di a kgonega mo Modimong.” (Mareko 10:27) Fa ka dinako dingwe re lebala boammaaruri jono, gongwe re ka tlhaloganya bothata jo Jona a neng a na le jone. Le fa go ntse jalo, go sia ga ga Jona go ne ga felela ka eng?

Jehofa o Kgalema Moporofeti wa Gagwe yo o Seng Kutlo

Re ka akanya Jona a palama sekepe seo, se gongwe e neng e le sa Bafonekia sa dithoto. O lebile kapotene le setlhopha sa gagwe fa ba ntse ba tshwaregile ka go rulaganya dilo gore ba kgweetse sekepe. Fa lotshitshi lwa lewatle lo ne lo sa tlhole lo bonala fa sekepe se ntse se tsamaya, Jona a ka tswa a ne a akanya gore o falotse se a neng a se boifa thata. Mme ka tshoganyetso maemo a bosa a ne a fetoga.

Diphefo tse di maatla di ne tsa dira gore lewatle le gakale mme makhubu a lone a ne a ka senya le e leng dikepe tsa gompieno. Go ne go ka tsaya lobaka lo lokae gore sekepe seo sa logong se nwele mo makhubung ao a a maatla a lewatle? A ka nako eo Jona o ne a itse se a neng a se kwala moragonyana—gore ‘Jehofa ka boene o romela phefo e kgolo kwa lewatleng’? Go thata go araba potso eo. Le fa go ntse jalo, o ne a bona fa batsamaisasekepe ba goa ba rapela medimo ya bone e e farologaneng mme o ne a itse gore ga e ka ke ya thusa. Pego ya gagwe ya re: “Sekepe se ne se tloga se thubega.” (Jona 1:4; Lefitiko 19:4) Jaanong Jona o ne a ka rapela jang Modimo yo o neng a mo romile mme ene a sa ya kwa Modimo a neng a mo romile gone?

Jona o ne a ikutlwa a feletswe ke maatla a bo a ya kwa tlase mo sekepeng mme a bona lefelo le a neng a ka robala mo go lone. O ne a robala. * Kapotene o ne a fitlhela Jona a robetse mme a mo tsosa a bo a re le ene a rapele modimo wa gagwe fela jaaka mongwe le mongwe a ne a dira. E re ka batsamaisasekepe ba ne ba tlhatswegile pelo gore setsuatsue seno se ne se laolwa ke maatla a a fetang a tlholego, ba ne ba latlhela bola go bona gore ke mang wa batho ba ba neng ba le mo sekepeng yo o ka tswang a dirile gore ba lebane le bothata jono. Ga go pelaelo gore Jona o ne a garoga pelo fa bola bo bontsha gore banna ba ba mo sekepeng ga ba na molato. Go ise go ye kae go ne ga bonala gore ke mang yo o bakileng bothata jono. Jehofa o ne a dira gore setsuatsue le bola di bontshe gore motho a le mongwe e bong Jona o ne a le molato!—Jona 1:5-7.

Jona o ne a bolelela batsamaisasekepe sengwe le sengwe. E ne e le motlhanka wa Modimo mothatayotlhe e bong Jehofa. Ke ene Modimo yo a neng a mo romile mme Jona a sa dira se a se romilweng a bo a kgopisa Modimo, a dira gore botlhe ba tlhagelwe ke kotsi eno. Banna bao ba ne ba tshogile; Jona o ne a kgona go bona seo mo matlhong a bone. Ba ne ba mmotsa gore ba dire eng ka ene gore ba boloke sekepe le matshelo a bone. O ne a reng? Jona a ka tswa a ne a tshosiwa ke go akanya a nwela mo lewatleng le le tsididi le le galefileng. Mme o ne a ka dira jang gore banna bao ba swe a itse gore o ne a ka ba boloka? Ka jalo o ne a re: “Ntsholetseng mme lo ntatlhele mo lewatleng, mme lewatle le tla lo sisibalela; ka gonne ke a lemoga gore ke ka ntlha ya me go bo lo tletswe ke setsuatsue se segolo seno.”—Jona 1:12.

Legatlapa le ne le ka se bue mafoko ano. Go tshwanetse ga bo go ne ga itumedisa Jehofa go bona bopelokgale le moya wa go intsha setlhabelo wa ga Jona mo nakong eo. Re bona tumelo e e nonofileng ya ga Jona. Re ka e etsa ka go dira gore dilo tse batho ba bangwe ba amegileng ka tsone di tle pele ga tsa rona. (Johane 13:34, 35) Fa re bona mongwe a tlhoka dilo tsa senama, a tshwenyegile mo maikutlong kgotsa a tlhoka go nonotshiwa semoyeng, a re a mo thusa? Ruri re itumedisa Jehofa fa re dira jalo!

Gongwe batsamaisasekepe ba ne ba batla go thusa ka gonne la ntlha ba ne ba sa batle go mo latlhela mo lewatleng! Go na le moo, ba ne ba dira sotlhe se ba neng ba ka se kgona go tswa mo setsuatsueng seo—mme ba ne ba se ka ba atlega. Se ne sa gakala. La bofelo ba ne ba lemoga gore ga go sepe se ba neng ba ka se dira. Ba ne ba tlhaeletsa kwa Modimong wa ga Jona e bong Jehofa gore a ba utlwele botlhoko mme ba mo tsholetsa ba mo latlhela mo lewatleng.—Jona 1:13-15.

Jona o Utlwelwa Botlhoko e Bile o a Gololwa

Jona o wela mo makhubung a a bogale. Gongwe o ne a ntse a leka go kokobala mo godimo ga metsi mme fa a le fa gare ga lefulo le metsi o ne a bona sekepe se ntse se tsamaya ka bofefo. Le fa go ntse jalo, makhubu a ne a mo phaila a dira gore a nwele. O ne a nna a ya kwa tlase e bile a se na tsholofelo.

Moragonyana Jona o ne a tlhalosa kafa a neng a ikutlwa ka gone ka nako eo. O ne a akanya ka dikepe tse dingwe. O ne a hutsafetse fa a akanya gore ga a kitla a bona gape tempele e ntle ya ga Jehofa ya kwa Jerusalema. O ne a tsaya gore o ne a tla ya kwa tlase kwa tengteng ga lewatle gaufi le mo dithaba di simologang teng kwa mofero wa mo lewatleng o neng o ka mo thathelela gone. Seno se ne se bonala e ne e tla nna khuti ya gagwe, lebitla la gagwe.—Jona 2:2-6.

Mme iketle pele! Go ne go na le sengwe se se neng se tsamaya fa gaufi—setshedi se segolo, sa mmala o o tseneletseng. Se ne se tla kwa go ene ka bonako. Setshedi seno se ne sa bula molomo wa sone o mogolo mme sa mo kometsa!

O tshwanetse a bo a sule. Le fa go ntse jalo, Jona o ne a utlwa sengwe se se gakgamatsang. O ne a sa swa! O ne a sa robega, a sa silwa e bile a sa hupelwa. O ne a sa ntse a tshela le fa a ne a le mo go se se neng se tshwanetse go nna lebitla la gagwe. Jona o ne a gakgametse. Ga go pelaelo gore ke Modimo wa gagwe e bong Jehofa yo o neng a “rulaganya gore go nne le tlhapi e kgolo gore e metse Jona.” *Jona 1:17.

Go ne ga feta metsotso le diura. A le mo lefifing le a iseng a ko a tsamaye a nne mo go lone, Jona o ne a nna le nako ya go akanya le go rapela Jehofa Modimo. Thapelo ya gagwe e e kwadilweng mo kgaolong ya bobedi ya buka ya ga Jona, e bontsha seo. E bontsha gore Jona o ne a na le kitso e ntsi ya Dikwalo ka go bo gangwe le gape e umaka se se mo go Dipesalema. Gape e bontsha nonofo e e amang pelo: malebogo. Jona o ne a konela jaana: “Nna, ke tla go ntshetsa setlhabelo ka lentswe la go ntsha ditebogo. Se ke se ikanetseng, ke tla se diragatsa. Poloko ke ya ga Jehofa.”—Jona 2:9.

Jona o ne a ithuta gore Jehofa o kgona go boloka mongwe le mongwe, gongwe le gongwe le ka nako nngwe le nngwe. Tota le “mo tengteng ga tlhapi,” Jehofa o ne a bona a bo a boloka motlhanka wa gagwe yo o tshwenyegileng. (Jona 1:17) Ke Jehofa fela yo a ka dirang gore motho a tshele malatsi a le mararo le masigo a le mararo mo mpeng ya tlhapi e kgolo. Gompieno go molemo go gakologelwa gore Jehofa ke “Modimo yo mohemo wa gago o leng mo seatleng sa gagwe.” (Daniele 5:23) Re a hema e bile re a tshela ka ntlha ya gagwe. A re lebogela seo? A ga re ikutlwe re tshwanetse go ikobela Jehofa?

Go tweng ka Jona? A o ne a ithuta go bontsha gore o leboga Jehofa ka go nna kutlo? O ne a dira jalo. Morago ga malatsi a le mararo le masigo a le mararo, tlhapi e ne ya tlisa Jona kwa lotshitshing lwa lewatle mme ‘ya mo tlhatsetsa mo lefatsheng le le omileng.’ (Jona 2:10) Akanya fela—morago ga seno sotlhe, Jona o ne a sa tlhoke go thumela kwa lotshitshing! Ke boammaaruri gore go sa kgathalesege gore lotshitshi loo lo ne lo le kae, o ne a tshwanetse go bona gore o tswa jang koo. Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, moya wa gagwe wa go bontsha tebogo o ne wa lekiwa. Jona 3:1, 2 ya re: “Go tswa foo lefoko la ga Jehofa la tla kwa go Jona lekgetlo la bobedi, le re: ‘Nanoga, ya kwa Ninife motse o mogolo, mme o o bolelele polelo e ke e buang le wena.’” Jona o ne a tla dirang?

Jona o ne a se ka a okaoka. Re bala jaana: “Jona a nanoga mme a ya kwa Ninife tumalanong le lefoko la ga Jehofa.” (Jona 3:3) Ee, o ne a nna kutlo. Eleruri, o ne a ithuta mo diphosong tsa gagwe. Le mo ntlheng eno re tshwanetse go etsa tumelo ya ga Jona. Rotlhe re a leofa e bile re dira diphoso. (Baroma 3:23) Mme gone, a re a ineela kgotsa re ithuta mo diphosong tsa rona re bo re direla Modimo re le kutlo?

A Jehofa o ne a duela Jona ka ntlha ya go nna kutlo? Eleruri o ne a dira jalo. Go bonala gore kgabagare Jona o ne a lemoga gore batsamaisasekepe bale ba ne ba bolokwa. Setsuatsue se ne sa ema ka bonako fela fa Jona a sena go intsha setlhabelo, mme batsamaisasekepe bao ba ne ba “simolola go boifa Jehofa thata” mme ba mo isetsa setlhabelo go na le go se isetsa medimo ya bone ya maaka.—Jona 1:15, 16.

Masego a mangwe a ne a tla moragonyana. Jesu o ne a dirisa nako ya fa Jona a ne a le mo tlhaping e kgolo jaaka setshwantsho sa boporofeti se se bontshang nako ya fa ene a tla bo a le mo lebitleng kgotsa kwa Sheole. (Mathaio 12:38-40) Ruri Jona o tla itumelela go itse ka masego ao fa a tsosediwa mo lefatsheng! (Johane 5:28, 29) Jehofa o batla go go segofatsa. Fela jaaka Jona, a o tla ithuta mo diphosong tsa gago o bo o bontsha moya wa go nna kutlo le wa go intsha setlhabelo?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Kgang ya gore Jona o tswa kwa motseng wa Galalea e a kgatlha ka gonne Bafarasai ba ne ba raya Jesu jaana ka lenyatso: “Hukutsa mme o tlhokomele gore ga go na moporofeti yo ruri a tla tsosiwang kwa Galalea.” (Johane 7:52) Baranodi le babatlisisi ba le bantsi ba akanya gore Bafarasai ba ne ba akaretsa fela fa ba ne ba bua gore ga go na moporofeti ope yo o kileng a nna teng kgotsa yo o tla nnang teng yo o tswang kwa Galalea ya maemo a a kwa tlase. Fa e le gore ba ne ba akanya jalo, ba ne ba itlhokomolosa hisitori le boporofeti.—Isaia 9:1, 2.

^ ser. 17 Fa Septuagint e gatelela kafa Jona a neng a robetse a sa ikutlwe ka gone e oketsa ka gore o ne a gona. Le fa go ntse jalo, go na le gore re tseye gore Jona o ne a robetse ka go bo a sa kgathale, re ka nna ra gakologelwa gore ka dinako tse dingwe batho ba ba kotlomaneng pelo ba fekeediwa ke boroko. Mo diureng tsa bofelo tsa ga Jesu tse di ngomolang pelo kwa tshimong ya Gethesemane, Petere, Jakobe le Johane ba ne ba “otsela ka ntlha ya khutsafalo.”—Luke 22:45.

^ ser. 25 Fa lefoko la Sehebera e leng “tlhapi” le ne le ranolelwa mo Segerikeng le ne la kaya “setshedi se se boitshegang sa mo lewatleng” kgotsa “tlhapi e kgolo.” Le fa go se na tsela epe ya go tlhomamisa gore e ne e le setshedi se se ntseng jang sa mo lewatleng, go ne ga lemogiwa gore mo lewatleng la Mediterranean go na le dishaka tse dikgolo tse di ka kgonang go kometsa motho. Go na le dishaka tse dikgolo kwa mafelong a mangwe; shaka ya leruarua e ka kgona go nna boleele jwa dimetara di le 15—le e leng go feta!

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 29]

Buka ya ga Jona e Tshwaiwa Diphoso

▪ A tota ditiragalo tse di kwadilweng mo bukeng ya ga Jona di diragetse? Fa e sa le mo metlheng ya bogologolo, buka eno e ne e ntse e tshwaiwa diphoso. Mo motlheng wa rona buka eno e ne ya tshwaiwa diphoso thata go tsewa gore ke ya ditlhamane kgotsa ya dikinane. Mokwadi mongwe wa lekgolo la bo19 la dingwaga o ne a tlhalosa gore moruti mongwe o ne a re kgang ya ga Jona le tlhapi e kgolo e ne e le tlhamane fela: Jona o ne a nna kwa hoteleng e e kwa Jopa e e neng e bidiwa Sesupo sa Leruarua. Fa a ne a se na madi a a lekaneng go duela sekoloto sa gagwe, mong wa hotele o ne a mo leleka. Ka jalo, Jona o ne a “komediwa” ke leruarua mme moragonyana la mo “tlhatsa”! Eleruri, go bonala batshwayadiphoso ba Baebele ba ne ba ikaeletse go ganetsa go nna gone ga ga Jona go feta jaaka ba ne ba ganetsa gore o ne a komediwa ke tlhapi e kgolo!

Ke ka ntlha yang fa batho ba akanya gore buka eno ya Baebele e ka se ikanngwe? E tlhalosa dikgakgamatso. Go bonala batshwayadiphoso ba le bantsi ba na le kgopolo ya gore dikgakgamatso tse di mo go yone ga di a ka tsa direga le pele ba e bala. A mme go dira jalo go siame? Ipotse jaana, ‘A ke dumela mola wa ntlha o o mo Baebeleng?’ Wa re: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.” (Genesise 1:1) Batho ba le bantsi ba ba ikokobeditseng mo lefatsheng lotlhe ba dumela boammaaruri joo jo bo motlhofo. Le fa go ntse jalo, ka tsela nngwe, polelo eo ka boyone fela e akaretsa dikgakgamatso tse di fetang le fa e le dipe tse di tlhalosiwang moragonyana mo Baebeleng.

Akanya fela: Ene yo o dirileng dinaledi tse dintsi tsa legodimo le dilo tsotlhe tse di gakgamatsang le tse di raraaneng mo lefatsheng, ke dilo dife mo bukeng ya ga Jona tse di ka mo palelang? Go dira gore go nne le setsuatsue? Go dira gore tlhapi e kgolo e kometse motho? Kgotsa go dira gore yone tlhapi eo e tlhatse motho? Dilo tseo di ka se palele Ene yo o nang le maatla a a sa lekaneng le a ga ope.—Isaia 40:26.

Ka dinako tse dingwe dilo tse di gakgamatsang di direga kwantle ga gore Modimo a di dire. Ka sekai, ga twe ka 1758 motsamaisasekepe mongwe o ne a wela mo Lewatleng la Mediterranean go tswa mo sekepeng sa gagwe a bo a komediwa ke shaka. Le fa go ntse jalo, shaka eo e ne ya thuntshiwa ka tlhobolo. Fa e sena go thuntshiwa, e ne ya tlhatsa motsamaisasekepe yono a sa ntse a tshela e bile a sa gobala. Fa pego eno e le boammaaruri, re ka e leba e tlhomologile mme e se kgakgamatso. A Modimo a ka se kgone go dirisa maatla a gagwe go dira se se fetang seo?

Gape batshwayadiphoso ba re ga go motho yo o ka tswelelang a tshela ka malatsi a le mararo a le mo mpeng ya tlhapi a sa hupelwe. Le fa go ntse jalo, batho ba botlhale mo ba ileng ba kgona go tlatsa ditanka ka moya le go di dirisa gore di ba thuse go hema ka lobaka lo loleele fa ba le kafa tlase ga metsi. A Modimo o ne a ka se kgone go dirisa maatla a gagwe a magolo le botlhale go boloka Jona a tshela le go dira gore a kgone go hema ka malatsi a le mararo? Fela jaaka mongwe wa baengele ba ga Jehofa a kile a bolelela Marea mmaagwe Jesu, “mo Modimong ga go polelo e e se kitlang e kgonega.”—Luke 1:37.

Ke eng se sengwe gape se se bontshang gore buka ya ga Jona e boammaaruri? Tsela e Jona a tlhalosang sekepe le setlhopha sa batsamaisasekepe ka yone e boammaaruri e bile e na le dintlha ka botlalo. Mo go Jona 1:5, re bona batsamaisasekepe ba latlhela dilwana tse di neng di le mo sekepeng mo lewatleng gore ba se tlhofofatse. Baitsehisitori ba bogologolo tota le melao ya borabi e bontsha gore go ne go tlwaelegile go dira jalo fa batsamaisasekepe ba ne ba lebana le maemo a a sa itumediseng a bosa. Tsela e Jona a neng a tlhalosa Ninife ka yone moragonyana e dumalana sentle le bosupi jwa hisitori le jwa thutamarope. Mo godimo ga moo, Jesu Keresete o ne a tshwantshanya malatsi a le mararo a Jona a neng a nna mo teng ga tlhapi e kgolo le boporofeti jwa go nna ga gagwe mo lebitleng. (Mathaio 12:38-40) Bosupi jwa ga Jesu bo bontsha gore pego ya ga Jona e boammaaruri.

“Mo Modimong ga go polelo e e se kitlang e kgonega.”—LUKE 1:37

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Batsamaisasekepe ba ne ba tsholetsa Jona ba mo latlhela mo lewatleng fela jaaka a ne a kopile