Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batho ba ba Tlhasetsweng ke Sefefo Kwa Myanmar ba Bona Thuso

Batho ba ba Tlhasetsweng ke Sefefo Kwa Myanmar ba Bona Thuso

Batho ba ba Tlhasetsweng ke Sefefo Kwa Myanmar ba Bona Thuso

KA May 2, 2008, Sefefo sa Nargis se ne sa senya kwa Myanmar mme go ise go ye kae go ne ga buiwa ka sone mo dikgannyeng tsa lefatshe. * Go ne ga begwa gore mo e ka nnang batho ba le 140 000 ba sule kgotsa ba timetse fa sefefo seno se se maatla se sena go dira gore metsi a lewatle a bipe kgaolo e e fa thoko ga lone ya kwa Irrawaddy.

Se se gakgamatsang ke gore ga go ope wa Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong leo yo o neng a gobala. Ba ne ba falola ka gonne ba ne ba ya kwa Diholong tsa bone tsa Bogosi tse di agilweng sentle. Kwa lefelong le lengwe, Basupi ba le 20 le batho ba bangwe ba mo motseng ba le 80 ba ne ba dula diura di le robongwe kwa marulelong a Holo ya Bogosi fa metsi a morwalela a ntse a oketsega ka dimetara di ka nna 15. Ba ne ba falola botlhe. Ka maswabi, batho ba bangwe ba le 300 mo motseng ba ne ba swa. Mo metseng e mentsi, Diholo Tsa Bogosi e ne e le tsone fela dikago tse di neng tsa sala di eme.

Malatsi a le mabedi morago ga sefefo, ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Yangon e ne ya romela setlhopha sa thuso ya namolo kwa phuthegong e e mo motseng wa Bothingone o o fa gaufi le lewatle. Fa ba setlhopha seno sa namolo ba tsamaya mo mafelong a a sentsweng thata ke sefefo, ba ne ba feta ditopo tse di senyegileng e bile ba sa batle go kgothosiwa mme ba ne ba fitlha kwa Bothingone ba tshotse raese, dijo tse di omisitsweng, metsi le dikerese. E ne e le bone ba ntlha ba thuso ya namolo ba ba neng ba fitlha kwa lefelong leo. Fa ba sena go naya Basupi ba lefelo leo dilwana tsa thuso ya namolo, ba ne ba neela dipuo tsa Baebele go ba kgothatsa mme ba ba tlogelela Dibaebele le dikgatiso tsa Baebele e re ka sefefo se ne se ba tlogetse ba sena sepe.

Tsela e Basupi ba ba neng ba amilwe ke sefefo ba neng ba leba dilo ka yone e ne e tlhomologile tota. Mosupi mongwe wa kwa phuthegong e e neng e amilwe ke sefefo kwa kgaolong ya Irrawaddy a re: “Re latlhegetswe ke sengwe le sengwe se re neng re na le sone. Matlo a rona otlhe a senyegile. Masimo a rona otlhe a senyegile. Metsi otlhe a leswafetse ka ntlha ya morwalela. Le fa go ntse jalo, bakaulengwe le bokgaitsadi ga ba a tshwenyega thata jaaka batho ba bangwe. Ba ikanya Jehofa le phuthego ya gagwe. Re tla latela kaelo epe fela e re e newang e ka ne re nna mo motseng kgotsa re ya felo gongwe.”

Setlhopha sa Basupi ba le 30 ba le bone ba latlhegetsweng ke sengwe le sengwe, ba ne ba opela dipina tsa Bogosi ka boitumelo fa ba ntse ba tsamaya loeto lwa diura di le lesome go ya kwa lefelong le ditlhopha tsa namolo di neng di ba rulaganyeditse dijo, diaparo le mo ba neng ba tla nna gone. Pele ba fitlha kwa lefelong leo, ba ne ba utlwa gore go na le kopano ya potologo ya Basupi ba ga Jehofa e e neng e tshwaretswe mo toropong e e fa gaufi. Ba ne ba swetsa ka gore ba ye kopanong pele gore ba kgothadiwe ka Baebele le go itumelela botsala jwa Bokeresete.

Mo lefelong leo le le neng la itewa ke sefefo, matlo a Basupi a le 35 a ne a senyegile tota, magae a le 125 a ne a senyegile go se kae mme Diholo Tsa Bogosi di le robedi di ne di sa senyega go le kalo. Se se itumedisang ke gore dikago tsa lekala di ne di sa senyega go le kalo.

Morago fela ga sefefo go ne go se ope yo o neng a kgona go tsena kgotsa go tswa mo ofising ya lekala ka gonne ditlhare tse dikgolo di ne di ole e bile di thibile ditsela tse di fa gaufi. Diura di se kae morago ga gore sefefo se kokobele, maloko a a fetang 30 a lekala a ne a thusa go tlosa ditlhare tseo. Fa ba ntse ba bereka, batho ba ne ba ba lebile ba ba gakgamaletse. Go ise go ye kae, setlhopha sa basadi ba Basupi se ne sa goroga se tshotse dinotsididi le maungo se tliseditse babereki le baagelani ba ba neng ba sa dumele se ba se bonang. Fa mmegadikgang mongwe a bona se se diregang o ne a botsa jaana, “Ke bomang batho bano ba ba berekang ka matlhagatlhaga jaana?” Fa a sena go arabiwa o ne a re, “Ke eletsa e kete batho ba le bantsi ba ka bo ba bontsha moya o o tshwanang le wa Basupi ba ga Jehofa wa go dirisana mmogo!”

Ka bonako fela Basupi ba ne ba tlhoma dikomiti tse pedi tsa thuso ya namolo mo mafelong a a farologaneng a naga go thusa bakaulengwe ba ba leng mo mafelong a a amilweng ke sefefo. Baithaopi ba le bantsi ba ne ba bereka mo ditlhopheng tseno tsa thuso ya namolo. Mo malatsing a le mmalwa fela, Basupi ba ba neng ba senyegetswe ke matlo ba ne ba agelwa a masha. Fa sengwe sa ditlhopha tsa thuso ya namolo se ne se goroga go tla go agela Mosupi mongwe ntlo e ntšha, baagelani ba gagwe ba ne ba lebile ba gakgamatse. Mongwe wa baagelani o ne a re: “Mosadi yono wa Mosupi o agelwa ntlo ke kereke ya gagwe. Ga go ope wa ditsala tsa me tsa Babuda yo o neng a tla go nthusa. Nkabo ke ile ka nna Mosupi fa a ne a ntherela!”

Fa bakaulengwe ba ba berekang mo kagong le ba komiti ya thuso ya namolo ba ne ba sekaseka ntlo nngwe e e neng e senyegile thata kwa Thanlyn, ba ne ba amega tota fa lelapa leno la Basupi le ba raya le re: “Ga e a senyega go le kalo. Re ka kgona go nna mo go yone! Basupi bangwe ga ba na le ntlo e ba nnang mo go yone. Tsamayang lo ba thuse!”

Kwa lefelong lengwe kwa Yangon, batho bangwe ba ne ba leka go tshabela sefefo kwa kerekeng nngwe ya mo lefelong leo. Le fa go ntse jalo, kgoro ya kereke e ne e lotletswe mme go ne go se ope yo o neng a ka kgona go tsena. Batho ba ne ba tenegile fela thata e bile ba batla go roba kgoro ya kereke. Go farologana le seo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thusa batho ba le bantsi gore ba tshabele sefefo mo Diholong Tsa Bogosi. Ka sekai, kwa Dala, banyalani bangwe ba Basupi ba ne ba amogela baagelani ba le 20 ba ba neng ba le mo kotsing ba ba neng ba tshabetse mo Holong ya Bogosi. Mo mosong malapa ao a ne a sena magae a ba neng ba tla boela kwa go one e bile ba ne ba tshwerwe ke tlala. Ka jalo, monna o ne a bona mongwe yo o neng a rekisa raese mme a reka e e neng e tla lekana batho botlhe.

Maloko a lelapa lengwe kwa Yangon ke Basupi ba ga Jehofa, fa ba bangwe bone ba tsena dikereke tse dingwe. Morago ga sefefo, lelapa lotlhe le ne la ya dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Ka ntlha yang? Leloko lengwe la lelapa le ne la re: “Batho ba kereke ya rona ba rile ba tla re etela morago ga sefefo mme ga ba a ka ba tla. Ke Basupi fela ba ba tlileng. Lo re neile raese le metsi. Ga lo tshwane le batho ba dikereke tse dingwe!” Maloko a lelapa a e seng Basupi a ne a itumelela setlhogo se go neng go tlotliwa ka sone sa Tora ya Tebelo se se neng se re “Jehofa O a Re Utlwa fa re Goa re Kopa Thuso,” ba bo ba akgela ka makgetlo a le mmalwa.

Beke morago ga sefefo, mosadi mongwe yo o neng a ithuta Baebele le Basupi o ne a tla kwa dipokanong tsa phuthego. Mo pokanong eo, go ne ga balwa lekwalo le le tswang kwa ofising ya lekala le le neng le tlhalosa se se dirilweng go thusa ba ba falotseng sefefo le maitemogelo a bone. Fa lekwalo le ntse le balwa, mosadi yono o ne a simolola go lela. O ne a itumetse e bile a kgatlhilwe thata ke go utlwa gore Basupi botlhe ba bonwe e bile ba sireletsegile. Morago ga moo, o ne a newa dilwana dingwe tse di tlhokegang mme a tlhomelwa tente gaufi le ntlo ya gagwe. O ne a re Basupi ba ne ba mo tlhokometse tota.

Jesu o ne a re: “Botlhe ba tla itse gore lo barutwa ba me ka seno, fa lo ratana.” (Johane 13:35) Mme morutwa Jakobe o ne a gatelela gore tumelo ya boammaaruri e bonala ka ditiro tse di molemo. (Jakobe 2:14-17) Basupi ba ga Jehofa ba tsaya mafoko ao tsia e bile ba iketleeleditse go bontsha lorato lo lo ntseng jalo ka go thusa le go tshegetsa batho ba ba tlhokang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 The Encyclopædia Britannica ya re: “Gantsi difefo tsa boboatsatsi di bidiwa dikgwanyape kwa dikgaolong tse di kwa Atlantic le kwa Caribbean, fa kwa bophirima jwa Pacific le kwa Lewatleng la kwa China gone di bidiwa setsokotsane.”

[Mafoko a a mo go tsebe 11]

Baebele ya re tumelo ya boammaaruri e bonala ka ditiro tse di molemo