Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Batla Mongwe ka Tlhoafalo

Go Batla Mongwe ka Tlhoafalo

Lekwalo le le Tswang Kwa Ireland

Go Batla Mongwe ka Tlhoafalo

GO NE go na pula ya masarasarane mme e ne e dira gore ke se kgone go bona motse o ke neng ke le mo go one sentle ka fensetere ya koloi. Fa ke sena go kgweetsa sekgala sa dikilometara di le 16, ke ne ka fitlha kwa setlhoeng sa thota e fa go yone ke neng ke kgona go bona Westport, e leng torotswana e e fa gaufi le lotshitshi kwa bophirima jwa Ireland. La bofelo fa letsatsi le tswa, mouwane o ne wa nyelela mme ditlhaketlhake tse dintsi tse dintle tse di neng di le mo kgogometsong di ne tsa bonala sentle. Batho ba ne ba nna mo ditlhaketlhakeng di le mmalwa fela, ka jalo balemirui ba ne ba tsaya leruo la bone ka mokoro go ya go le fudisa mo go dingwe tsa tsone.

Dithota tse di tlhomaganeng di ne di le fa thoko ga lotshitshi go ela kwa bophirima. Dithota tseno di ne di apesitswe ke dijalo mme motshegare fa go le letsatsi di ne di phatsima jaaka kgotlho. Fa ke le kgakajana ke ne ke kgona go bona thaba ya Croagh Patrick e e neng e le sephara e bile e le motsu kwa setlhoeng, e batho ba lefelo leo ba neng ba e bitsa Reek. Ke ne ka feta mo mebileng ya kwa Westport e e sa bulegang e bile e tletse batho, ka feta Reek mme ka fitlha mo lefelong le le neng le etelwa ke Basupi ba ga Jehofa ka sewelo.

Monna yo ke neng ke ya go mo etela o ne a sa itse gore ke tla ka lone letsatsi leo. Ke ne ke amogetse lekwalo le le neng le re o ne a sa tswa go fuduga mo lefelong leo mme o ne a batla go tswelela a ithuta Baebele le Basupi. Ke ne ka ipotsa jaana: ‘O na le dingwaga tse kae? A o nyetse kgotsa nnyaa? O rata eng?’ Ke ne ka leba kgetsana ya me ya dibuka mme ka gopola gore ke na le Baebele le dikgatiso tse di farologaneng tse di theilweng mo Baebeleng. Ke ne ka akanya ka se ke tla se buang go dira gore a tswelele a kgatlhegela molaetsa wa Bogosi.

Jaanong thaba ya Reek e ne e le fa morago ga lefelo le ke neng ke le mo go lone. Dipota tsa maje tse bontsi jwa tsone di neng di agilwe ka nako ya Leuba le Legolo la lekgolo la bo19 la dingwaga, di ne di dikologile masimo a a se nang sepe go fitlha kwa lewatleng. Mme fa ke leba kwa loaping, nonyane ya metsi e ne e fofa kwa godimo e sa kgorelediwe ke sepe. Gape ke ne ka bona ditlhare tsa mitlwa di obegile jaaka bannabagolo mme di kitlane mmogo di furaletse phefo.

Matlo a mo motseng ono a ne a se na dinomoro le diterata di ne di se na maina. Aterese ya monna yono e ne e na le nomoro ya ntlo le leina la motsesetoropo. * Le fa go ntse jalo, ke ne ke ikaeletse go bona mongwe yo o itseng kwa batho botlhe ba nnang gone—motho yo o tsamaisang poso. Morago ga metsotso e le masome a mararo, ke ne ka fitlha kwa posong, e ne e le phaposi e e neng e le mo ntlong e e neng e tshwaragane le tse dingwe. Letshwao le le neng le le mo kgorong le ne le kwadilwe “Go tswetswe.” E re ka poso e ne e tswetswe ke ne ka botsa mo lebenkeleng la mo lefelong leo mme mong wa lone a mpontsha motsesetoropo o o fa gaufi.

Morago ga go kgweetsa dikilometara di le robedi, ke ne ka bona letshwao le ke neng ke le batla—tselana e e fapogelang ka fa mojeng mme kwa pele e na le tsela e tshesane e e fapogelang kwa molemeng. Ke ne ka kokota mo ntlong e e fa gaufi. Go ne ga bula mosadimogolo mongwe yo o neng a mpolelela gore o nnile mo motseng ono botshelo jotlhe jwa gagwe mme o ne a sa itse kwa monna yo ke neng ke mmatla a neng a nna gone. O ne a nkopa gore ke tsene a bo a re o tla founa.

Fa a ntse a bua ka founo, o ne a tla a nteba mme ga go pelaelo gore o ne a ipotsa gore ke mang le gore ke batla eng. Ke ne ka bona sefikantswe se sennye sa ga Lekgarebane Marea mo kgorong mme mo loboteng go ne go na le setshwantsho se segolo sa ga Keresete. Mo tafoleng e e mo phaposing ya boapeelo go ne go beilwe dibaga tsa rosari. Go dira gore a wele makgwafo ke ne ka mo raya ka re: “Ke mo tshwaretse molaetsa wa botlhokwa o o tswang kwa ditsaleng dingwe.”

Monna wa gagwe o ne a tla go nna le rona mme a simolola go mpolelela hisitori ya lefelo leo. Ka nako eo, mosadi yono ga a ka a bona tshedimosetso epe fa a ne a founa lekgetlo la ntlha mme o ne a nkopa gore ke lete fa a founela ba bangwe. Go ne go lebega go se ope yo o kileng a utlwela ka monna yono kgotsa ntlo ya gagwe. Ke ne ka leba nako. Letsatsi le ne le phirima. Ke ne ka lemoga gore ke tla tshwanelwa ke go tla letsatsi lengwe. Ke ne ka ba lebogela thuso ya bone, ka tsena mo koloing mme ka tsaya loeto lo loleele go boela gae.

Ke ne ka boa mo bekeng e e latelang. Mo lekgetlong leno ke ne ka kopana le motho yo o tsamaisang poso mme a nkaela tsela sentle. Metsotso e le lesome le botlhano moragonyana, ke ne ka fitlha mo makopanelong a ditsela a a neng a buile ka one. Ke ne ka fapogela kwa molemeng mme ka ya kwa tlase le kwa godimo makgetlo a le mmalwa mo mmileng oo, ke ntse ke batlana le letshwao le le latelang e leng borogo jwa bogologolo jwa maje. Ga ke a ka ka bo bona. La bofelo ke ne ka bona letshwao la bofelo le ke neng ke le batla mme kwa godimo kwa thoteng ke ne ka bona ntlo e ke feditseng nako e ntsi ke e batla.

Ke ne ka tsaya metsotso e se kae ke akanya kafa nka simololang motlotlo wa dikgang tse di molemo ka gone. Monnamogolo mongwe o ne a bula kgoro. O ne a nthaya a re: “Ke maswabi, ntlo e o e batlang e ka kwa.” O ne a supa ntlo e e neng e sirilwe ke ditlhare. Ke ne ka ya kwa ntlong eo mme ka kokota. Fa ke ntse ke letile ke ne ka leba Lewatle la Atlantic le le neng le le bokgakala jwa dimetara di le makgolo a le mmalwa. Phefo e ne ya nna maatla mme makhubu a ne a nna masweu fa a ntse a betsagana mo losing lo loleele lwa lewatle. Go ne go se na ope mo ntlong kgotsa fa gaufi.

Ke ne ka ya kwa lefelong leno makgetlo a mangwe a le mabedi pele ke kopana le lekawana lengwe. Le ne la nthaya la re: “Eno ke yone ntlo e o neng o e batla mme monna yo o neng a nna fano yo o mmatlang o fudugile e bile ga ke itse gore o fudugetse kae.” Ke ne ka bolelela lekawana leno lebaka la go bo ke etile mme ka lemoga gore ga le ise le tsamaye le bue le Basupi ba ga Jehofa. Le ne le kile la kgothosiwa mme la ipotsa gore ke eng fa Modimo a letlelela seo le dilo tse dingwe tse di sa siamang go direga. Le ne la itumelela go amogela dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! tse di neng di bua ka kgang eo.

Baebele e re laela go batla batho ba ba dipelo di ikanyegang ba ba batlang boammaaruri. Ka maswabi, ga ke a fitlhela monna yo ke neng ke mmatla. Le fa ke sa mo fitlhela, matsapa a me e ne e se a bophiri. Kwa Ireland, batho ba bantsi ba tlhoafaletse go ithuta molaetsa wa Bogosi mme ka thuso ya ga Jehofa, peo e nnye ya boammaaruri e e jadilweng mo lekawaneng leno e ka ungwa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Kwa Ireland, motsesetoropo ke lefelo le le neng la tlhomiwa mo lekgolong la bo11 la dingwaga. Metsesetoropo eno ga e lekane, e mengwe e na le matlo a le makgolokgolo. Maina a one a dirisiwa mo thulaganyong ya teng ya go tsamaisa poso.