Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Nna le Lorato Lwa Modimo

Go Nna le Lorato Lwa Modimo

Go Nna le Lorato Lwa Modimo

LORATO lwa mmatota ke lone lwa ntlha mo lenaaneng la leungo la moya wa Modimo. (Bagalatia 5:22, 23) Motho o tshwanetse go rata Modimo, Morwawe le bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete mo lefatsheng lotlhe. (Duteronome 6:5; Baefeso 6:24; 1 Johane 2:10) Batho botlhe tota le baba ba motho ba tshwanetse go ratiwa le go direlwa dilo tse Bakeresete ba di direlang batho botlhe. (Mathaio 5:44) Lorato lono lo bontshiwa batho botlhe. Lo ka bontshiwa ka nako nngwe le nngwe kgotsa kwa lefelong lengwe le lengwe le go bontshiwa mongwe le mongwe yo lo mo tshwanetseng.

Kafa Lorato Lwa Modimo lo Dirang ka Gone

Lorato lwa Modimo lo a gakgamatsa mo e leng gore go thata go lo tlhalosa. Go motlhofo go tlhalosa kafa lo dirang ka gone. Moaposetoloi Paulo o tlhalosa dinonofo tse di farologaneng tsa lorato mo go 1 Bakorintha 13:4-7: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Ga lo ipelele tshiamololo, mme lo ipela le boammaaruri. Lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe.” Re tla sekaseka nngwe le nngwe ya dinonofo tseno mo dirapeng tse di latelang.

“Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi.” Lo itshokela maemo a a sa itumediseng le ditiro tse di sa siamang tsa batho ba bangwe. Boikaelelo ke gore batho ba ba dirang se se sa siamang ba bolokwe le go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa. (2 Petere 3:15) Lorato lo pelonomi le fa lo ka gakatsega jang. Le fa go ntse jalo, lorato lo ka nitama mme lwa dira ka tshiamiso gore go nne le tshiamo. Ba ba nang le taolo mo phuthegong ba ka otlhaya badiraphoso, le fa go ntse jalo, ba tshwanetse go nna pelonomi.—Baroma 2:4.

“Lorato ga lo fufege.” Lorato ga lo tswele pelo dilo tse di molemo tse di direlwang batho ba bangwe. Lo itumelela go bona motho yo mongwe a amogela maikarabelo a a oketsegileng. Ga lo fufege tota le fa baba ba motho ba amogela dilo tse di molemo. Lo pelotshweu. Modimo o nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula. (Mathaio 5:45) Batlhanka ba Modimo ba ba nang le lorato ba kgotsofalela se ba nang le sone le maemo a bone e bile ga ba batle maemo a batho ba bangwe ka bopelotshetlha.—1 Timotheo 6:6-8.

Lorato “ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose.” Ga lo batle go tlotlomadiwa ke batho ba bangwe. (Pesalema 75:4-7) Motho yo o nang le lorato a ka se ka a nyenyefatsa batho ba bangwe gore ene a lebege a le mogolo. Go na le moo, o tla tlotlomatsa Modimo mme ka bopeloephepa o tla kgothatsa batho ba bangwe. (1 Bathesalonika 1:2, 3) A ka se ipelafatse ka se a tlileng go se dira. (Diane 27:1) O tla lemoga gore sotlhe se a se dirang ke ka maatla a a tswang kwa go Jehofa.—Pesalema 34:2.

Lorato “ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang.” Ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang jaaka go sotla ka tlhakanelodikobo kgotsa boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong. Ga lo itshware ka tsela e e sa bontsheng tlotlo, ga lo dirise puo e e leswe mo go ope fela. Motho yo o nang le lorato o tila go dira dilo tse di ka kgopisang bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete. Paulo o ne a laela phuthego ya kwa Korintha jaana: “A dilo tsotlhe di diragale ka mokgwa o montle le ka thulaganyo.” (1 Bakorintha 14:40) Gape lorato lo tla tlhotlheletsa motho go tsamaya ka tlotlo mo bathong ba e seng Bakeresete.—Baroma 13:13.

Lorato “ga lo ipatlele melemo ya lone fela.” Lo latela molaomotheo ono: “A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.” (1 Bakorintha 10:24) Lorato ke sengwe sa dilo tse di tlhotlheletsang motho thata gore a amege ka batho ba bangwe ka bopeloephepa mme lo nna le matswela a a molemo e bile lo a atlega. Motho yo o nang le lorato ga a gatelele gore dilo di dirwe ka tsela ya gagwe. (1 Bakorintha 9:22, 23) Gape lorato ga lo ipatlele “ditshwanelo” tsa lone; lo amega thata ka bomoya jwa motho yo mongwe.—Baroma 14:13, 15.

Lorato “ga lo gakatsege.” Ga lo batle maemo a gore lo gakatsege kgotsa seipato. Ga lo tlhotlheletsege go phatloga ka bogale, e leng nngwe ya ditiro tsa nama. (Bagalatia 5:19, 20) Motho yo o nang le lorato ga a kgopisiwe motlhofo ke se batho ba bangwe ba se dirang kgotsa ba se buang. Ga a boife gore o tla itiga “seriti.”

Lorato “ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko.” Lorato ga lo lebe kutlwisobotlhoko e le sengwe se se bolokwang ‘mo bukeng ya dikoloto,’ se se tshwanetseng go duelwa ka nako e e tshwanetseng mme pele seo se direga go se na tirisanommogo magareng ga yo o utlwisitsweng botlhoko le yo o utlwisitseng yo mongwe botlhoko. Seo e tla bo e le moya wa go ipusolosetsa o o kgalwang ke Baebele. (Lefitiko 19:18) Lorato ga lo akanyetse batho ba bangwe dilo tse di bosula mme lo tlhokomologa diphoso tsa bone.—Baroma 14:1, 5.

Lorato “ga lo ipelele tshiamololo, mme lo ipela le boammaaruri.” Lorato lo itumelela boammaaruri tota le fa bo sa dumalane le se motho a neng a se dumela mo nakong e e fetileng. Lo ngaparela Lefoko la Modimo le le boammaaruri. Ka metlha lo dira se se siameng, ga lo itumelele go dira phoso, maaka kgotsa tshiamololo e e direlwang motho ope fela, tota le fa motho yoo e le mmaba. Fa sengwe se sa siama kgotsa se tsietsa, lorato ga lo boife go bua boammaaruri gore batho ba bangwe ba solegelwe molemo. (Bagalatia 2:11-14) Gape lo tlhopha go boga go na le go dira phoso e nngwe ka maikaelelo a go baakanya bothata.—Baroma 12:17, 20.

Lorato “lo emelana le dilo tsotlhe.” Lo iketleeleditse go itshoka le go boga ka ntlha ya tshiamo. Motho yo o nang le lorato a ka se ka a bolelela batho ba bangwe gore ke bomang ba ba mo diretseng phoso. Fa e se phoso e e masisi, o tla e tlodisa matlho. Fa go tshwanela gore a dirise kgakololo ya ga Jesu e e mo go Mathaio 18:15-17, o tla dira jalo. Mo maemong a a ntseng jalo, fa motho yo o dirileng phoso a ikopa maitshwarelo fa a se na go bontshiwa phoso ya gagwe kwa thoko a bo a e baakanya, motho yo o nang le lorato o tla bontsha gore o mo itshwaretse go tswa pelong.—Diane 17:9.

Lorato lo dumela dilo tsotlhe.” Lorato lo dumela dilo tsotlhe tse Modimo a di buileng mo Lefokong la gagwe la boammaaruri, le fa batho ba le kgatlhanong le se le se buang le go le sotla. Gape lorato lo ikanya kaelo ya Modimo ka phuthego ya Bokeresete le batlhanka ba gagwe ba ba tlhomilweng e bile lo ema nokeng ditshwetso tse ba di dirang tse di tswang mo Lefokong la Modimo. (Bahebera 13:17) Le fa go ntse jalo, lorato ga lo dumele sengwe le sengwe mme lo sekaseka dilo tsotlhe ka go dirisa Baebele. (1 Johane 4:1) Lorato lo dira gore Mokeresete a ikanye bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete; a ka se ba belaele kgotsa go se ba dumele ntle le fa a na le bosupi jo bo utlwalang jwa gore ba ne ba le phoso.—2 Bakorintha 2:3.

Lorato “lo solofela dilo tsotlhe.” Lo solofela dilo tsotlhe tse Jehofa a di solofeditseng. (Baroma 12:12) Lo tswelela lo dira ka natla lo letile ka bopelotelele gore Jehofa a ungwise le go godisa. (1 Bakorintha 3:7) Motho yo o nang le lorato o tla eleletsa bakaulengwe ba gagwe ba Bakeresete se se molemo mo maemong ape fela a ba ka tswang ba lebane le one, tota le fa bangwe ba bone ba ka ne ba le bokoa mo tumelong.—2 Petere 3:15.

Lorato “lo itshokela dilo tsotlhe.” Mokeresete o tlhoka lorato gore a nne a ikanyega mo go Jehofa Modimo. Le fa Diabolo a ka leka Mokeresete gore o ineetse le go ikanyega go le kana kang mo Modimong, lorato lo tla itshoka ka tsela e e tla dirang gore Mokeresete a nne a ikanyega mo Modimong.—Baroma 5:3-5.

Lorato “ga lo ke lo fela.” Lo tla tswelela lo ntse lo le teng. Kitso e ntšha e motho a nnang le yone le go tlhaloganya dilo, di ka dira gore a kgone go fetola dilo tse a neng a di dumela; tsholofelo e a fetoga fa dilo tse di solofetsweng di bonwa mme go solofelwa dilo tse disha e bile lorato lone lo nnela ruri le go tswelela lo nonofa.—1 Bakorintha 13:8-13.