Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go na Le Nako ya Sengwe le Sengwe

Go na Le Nako ya Sengwe le Sengwe

Go na Le Nako ya Sengwe le Sengwe

Baebele ya re: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng, le nako ya tiragalo nngwe le nngwe kafa tlase ga magodimo.” Mokwadi wa mafoko ano, e bong Kgosi ya bogologolo e e botlhale Solomone, o ne a tswelela ka go re go na le nako ya go tsholwa le nako ya go swa, nako ya go aga le nako ya go thuba, nako ya go rata le nako ya go tlhoa. Kgabagare o ne a re: “Modiri o solegelwa molemo ka tsela efe mo go se a se dirang ka natla?”—Moreri 3:1-9.

FA BATHO bangwe ba se na go bala mafoko ano, ba re eleruri Baebele e ruta gore sengwe le sengwe se laotswe go sa le gale; ke gore, ba akanya gore Baebele e tshegetsa tumelo ya gore dilo di laotswe go sa le gale. A tota go ntse jalo? A Baebele e tshegetsa kgopolo ya gore sengwe le sengwe mo botshelong se laotswe go sa le gale? E re ka “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo,” se re se balang mo karolong e nngwe ya Baebele se tshwanetse go dumalana le dikarolo tse dingwe tsa yone. Ka jalo, mma re bone se Lefoko la Modimo e leng Baebele, le se buang ka kgang eno.—2 Timotheo 3:16.

Motlha le Tiragalo E e Sa Bonelwang Pele

Mo bukeng ya Moreri, Solomone o ne a tswelela go kwala jaana: “Ke ne ka boa ka bona gore kafa tlase ga letsatsi ba ba bofefo ga ba fenye lobelo, le fa e le ba ba thata ga ba fenye ntwa, le fa e le ba ba botlhale ga ba na dijo, le fa e le ba ba tlhaloganyang ga ba na dikhumo, le fa e le ba ba nang le kitso ga ba na kamogelo.” Ka ntlha yang? O ne a tlhalosa jaana: “Ka gonne botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.”—Moreri 9:11.

Go na le gore Solomone a re sengwe le sengwe mo botshelong se laotswe go sa le gale, o ne a re batho ga ba kgone go bolelela pele ka tsela e e boammaaruri diphelelo tsa sengwe le sengwe se ba lekang go se dira “ka gonne botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” Gantsi motho o diragalelwa ke sengwe ka gonne a le mo lefelong le le siameng ka nako e e siameng kgotsa re ka re o diragalelwa ke sengwe ka gonne a le mo lefelong le le sa siamang ka nako e e sa siamang.

Ka sekai, akanya ka mafoko ano: “Ba ba bofefo ga ba fenye lobelo.” Gongwe o ka gopola kgotsa o ka tswa o ile wa bala ka lobelo lo go neng ga direga dilo tse di gakgamatsang mo go lone, lo lo itsegeng thata lwa basadi lwa dimetara di le 3 000 kwa Diolimpiking tsa 1984 tse di neng di tshwaretswe kwa Los Angeles, kwa California, U.S.A. Batabogi ba babedi, yo mongwe a emetse Boritane mme yo mongwe a emetse United States ba ne ba solofetse go gapa metale wa gauta. Le fa go ntse jalo, fa ba le gare mo lobelong lwa bone, ba ne ba thulana. Yo mongwe o ne a wa mme a tswa mo kgaisanong; yo mongwe o ne a kgobegile marapo thata mo a neng a bona maemo a bosupa.

A dilo di ne tsa nna jalo ka gonne di laotswe go sa le gale? Bangwe ba ka rialo. Mme go ne go bonala sentle gore e ne e le kotsi—e motho ope a neng a ka se e bonele pele—e e neng ya dira gore bobedi jwa bone bo se ka jwa fenya kgaisano. Ka jalo, a go thulana ga bone go ne go laotswe go sa le gale? Le fano bangwe ba ka rialo. Le fa go ntse jalo, bagasi ba re kotsi eno e bakilwe ke go gaisana ga baatleletiki ba babedi ba ba neng ba lekana ka maatla, ba mongwe le mongwe wa bone a neng a batla go fenya. Jaaka Baebele e bua, “botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” Le fa batho ba ka nna ba ipaakantse go le kana kang, ka metlha go na le dilo tse di sa lebelelwang tse di ka amang diphelelo tsa se ba neng ba ikaeletse go se dira, mme seo ga se amane ka gope le go laolelwa go sa le gale.

Ka jalo, Baebele e kayang fa e re: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng”? A go na le sengwe se re ka se dirang se se ka amang tsela e botshelo jwa rona bo ka felelang ka yone?

Go na Le Nako e e Tshwanetseng Tiro Nngwe le Nngwe

Mokwadi wa Baebele yo o tlhotlheleditsweng o ne a sa bue ka go laolelwa go sa le gale ga mongwe le mongwe kgotsa gore botshelo jwa motho bo ka felela jang, go na le moo o ne a bua ka boikaelelo jwa Modimo le kafa bo ka amang batho ka gone. Re itse seo jang? Tota ke se polelwana eno e re bolelelang sone. Fa Solomone a sena go bua ka dilo tse dintsi tse go bonalang di na le ‘nako e di e tlhometsweng’ o ne a kwala jaana: “Ke bone tiro e Modimo a e neileng bomorwa batho gore ba tshwarege mo go yone. O dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone.”—Moreri 3:10, 11.

Modimo o neile batho dilo tse dintsi tse ba ka di dirang mme Solomone o ne a bua ka dingwe tsa tsone. Gape Modimo o re neile kgololesego ya go itlhophela se re batlang go se dira. Le fa go ntse jalo, go na le nako e e siameng kgotsa e e tshwanetseng ya go dira tiro nngwe le nngwe gore e nne le matswela a a molemo. Ka sekai, akanya ka mafoko a ga Solomone a a reng “nako ya go jala le nako ya go kumola se se neng se jetswe,” a a mo go Moreri 3:2. Balemi ba a itse gore peo nngwe le nngwe, e na le nako e e rileng e e tshwanetseng go jalwa ka yone. Go tweng fa molemi a itlhokomolosa ntlha eno a bo a jala peo ka nako kgotsa ka paka e e seng yone? Fa a sa robe maungo a a siameng, tota le fa a dirile ka natla, a go raya gore seo se laotswe go sa le gale? Nnyaa le e seng! Ke fela gore o ne a jala peo ka nako e e seng yone. Dilo di ka bo di ile tsa tsamaela molemi yono sentle fa fela a ka bo a ile a latela thulaganyo ya dilo tsa tlholego e e tlhomilweng ke Modimo.

Ka jalo, Modimo ga a bolela go sa le gale se se tla diragalelang mongwe le mongwe wa rona kgotsa gore ditiragalo dingwe di tla felela jang, go na le moo o beile melaometheo e e laolang tsela e batho ba tshwanetseng go dira dilo ka yone go dumalana le boikaelelo jwa gagwe. Gore batho ba atlege mo dilong tse ba batlang go di fitlhelela, ba tshwanetse go itse boikaelelo jwa Modimo le go dira dilo tumalanong le jone. Batho ga ba kgone go laolela pele le go fetola se Modimo a ikaeletseng go se dira. Jehofa o ne a bua jaana a dirisa moporofeti Isaia: “Lefoko la me le le tswang mo molomong wa me . . . ga le kitla le boela mo go nna le se na matswela, ruri le tla dira selo se se intumedisang, ruri le tla atlega mo go se ke le rometseng kwa go sone.”—Isaia 55:11.

Ka jalo, “lefoko” la Modimo kgotsa boikaelelo jwa gagwe ka lefatshe le isagwe ya batho le ‘ruri le tla atlegang’ ke eng?

Go Tlhaloganya Tsela e Modimo a Dirang Dilo ka Yone

Solomone o ne a re bolelela ntlha e e ka re thusang. Fa a sena go re: “[Modimo] o dirile sengwe le sengwe go nna sentle mo motlheng wa sone,” o ne a tswelela ka go re, “E bile o tsentse bosakhutleng mo pelong ya bone, gore le ka motlha batho ba se ka ba batlisisa tiro e Modimo wa boammaaruri a e dirileng go tloga tshimologong go ya bokhutlong.” Baebele ya Tswana Central e ranola temana eno jaana: “O tsentse bosakhutleng mo dipelong tsa bone. Fela batho ga ba kgone go lemoga tiro e Modimo o e dirang go tswa tshimologong go ya bokhutlong.”—Moreri 3:11.

Temana eno e ranotswe ka ditsela tse di farologaneng. Mme gone, ntlha ke gore rotlhe ka nako nngwe re kile ra ipotsa gore botshelo bo kaya eng le gore re tla felela kae. Go ralala hisitori, batho ba fitlhetse go le thata go amogela gore ba tshwanetse go dira ka natla mo botshelong gore ba bone dilo tse ba di tlhokang mme kgabagare ba bo ba swa. Rona batho re farologane le dibopiwa tse dingwe tsotlhe tse di tshelang ka gonne ga re akanye fela ka botshelo jwa gone jaanong go na le moo re akanya le ka isagwe ya rona. Tota e bile re eletsa go tshelela ruri. Ka ntlha yang? Jaaka temana eo e tlhalosa, Modimo o “tsentse bosakhutleng mo dipelong tsa bone.”

Go kgotsofatsa keletso eno, gantsi batho ba ile ba ipotsa gore a ba tswelela ba tshela fa ba sena go swa. Bangwe ba re go na le sengwe se se tswelelang se tshela fa re sena go swa. Ba bangwe ba dumela gore nako le nako fa motho a swa o tsalwa gape e le setshedi se sesha. Mme ba bangwe ba akanya gore Modimo o laotse go sa le gale sengwe le sengwe se se diregang mo botshelong jwa rona e bile ga go sepe se re ka se dirang ka gone. Ka maswabi, batho ga ba kgotsofadiwe ke ditlhaloso tseno. Seno ke ka gonne Baebele ya re ‘batho ka bobone fela ba ka se ka ba batlisisa tiro e Modimo wa boammaaruri a e dirileng go tloga tshimologong go ya bokhutlong.’

Go ralala dingwaga kgang eno e e sa bolong go nna teng ya go batla go itse dikarabo le go palelwa ke go di bona e ne ya tshwenya bafilosofi. Le fa go ntse jalo, e re ka Modimo a tsentse keletso eo mo pelong ya rona, a ga go utlwale go lebelela gore e nne ene a re nayang se re se tlhokang go kgotsofatsa keletso eo? Mo godimo ga moo, Baebele e bua jaana ka Jehofa: “O bula seatla sa gago o kgotsofatse keletso ya setshedi sengwe le sengwe.” (Pesalema 145:16) Fa re ithuta Lefoko la Modimo e leng Baebele, re ka bona ditlhaloso tse di kgotsofatsang malebana le botshelo le loso le boikaelelo jwa Modimo ka lefatshe le batho.—Baefeso 3:11.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

“Ba ba bofefo ga ba fenye lobelo.”—Moreri 9:11.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Fa molemi a sa jala peo ka nako e e tshwanetseng, a o tshwanetse go tsaya gore ga a roba dijalo tse dintsi ka gonne seo se laotswe go sa le gale?

[Mafoko a a mo go tsebe 7]

Re akanya ka botshelo le loso ka gonne Modimo o ‘tsentse bosakhutleng mo dipelong tsa rona’