Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Ke Itse Sentle Botlhoko Jo ba Bo Utlwang”

“Ke Itse Sentle Botlhoko Jo ba Bo Utlwang”

Atamalana le Modimo

“Ke Itse Sentle Botlhoko Jo ba Bo Utlwang”

Ekesodo 3:1-10

“O BOITSHEPO, o boitshepo, o boitshepo Jehofa.” (Isaia 6:3) Mafoko ao a a tlhotlheleditsweng a bontsha gore Jehofa Modimo o phepa e bile o itshekile ka tsela e e ka se kang ya lekanngwa le epe. O ka ipotsa jaana, ‘A go nna boitshepo ga gagwe go dira gore a se atamelesege? A Modimo yo o boitshepo jalo a ka amega ka nna—moleofi le motho yo o sa itekanelang?’ Mma re sekaseke mafoko a a gomotsang a Modimo a neng a a bolelela Moshe a a begilweng mo go Ekesodo 3:1-10.

Letsatsi lengwe fa Moshe a ne a disitse dinku, o ne a bona sengwe se se sa tlwaelegang—setlhatshana sa mitlwa se tuka molelo mme “se sa she.” (Temana 2) E re ka a ne a batla go bona gore go diregang, o ne a atamela. Jehofa o ne a bua le Moshe go tswa mo gare ga molelo a dirisa moengele a re: “O se ka wa atamela fano. Rola bompaatšhane ba gago mo dinaong tsa gago, ka gonne lefelo le o emeng mo go lone ke mmu o o boitshepo.” (Temana 5) Akanya fela—mmu o ne wa nna boitshepo ka gonne setlhatshana se se neng se tuka se ne se tshwantshetsa go nna gone ga Modimo yo o boitshepo!

Modimo yo o boitshepo o ne a na le lebaka la go bua le Moshe. Modimo o ne a re: “Kwantle ga pelaelo ke bone pogisego ya batho ba me ba ba kwa Egepeto, e bile ke utlwile selelo sa bone ka ntlha ya bao ba ba gatelelang go dira; ka gonne ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.” (Temana 7) Modimo o ne a bona pogisego ya batho ba gagwe; e bile o ne a utlwa dikopo tsa bone. O ne a utlwisiwa botlhoko ke tlalelo ya bone. Ela tlhoko gore Modimo o ne a re: “Ke itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang.” Fa buka nngwe e bua ka mafoko a a reng “ke itse sentle” ya re: “Mafoko ano a bontsha maikutlo, bopelonomi le kutlwelobotlhoko tse motho a nang le tsone.” Mafoko a Jehofa a neng a a bolelela Moshe a ne a bontsha gore ke Modimo yo o amegang le yo o lorato.

Modimo o ne a tla dira eng? O ne a sa ba lebe kgotsa go ba reetsa ka kutlwelobotlhoko fela. O ne a tlhotlheletsega go tsaya kgato. O ne a ikaelela go golola batho ba gagwe kwa Egepeto le go ba isa “kwa lefatsheng le le elang mashi le tswina ya dinotshe.” (Temana 8) Gore Jehofa a ba golole, o ne a laela Moshe a re: “O ntshe batho ba me . . . mo Egepeto.” (Temana 10) Moshe o ne a ikobela taelo eo mme a ntsha Baiseraele kwa Egepeto ka 1513 B.C.E.

Jehofa ga a fetoga. Gompieno baobamedi ba gagwe ba ka tlhomamisega gore o bona mathata a bone e bile o utlwa selelo sa bone fa ba kopa thuso. O itse sentle botlhoko jo ba bo utlwang. Le fa go ntse jalo, ga se fela gore Jehofa o utlwela batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng botlhoko. Mme gape Modimo yo o pelonomi o tlhotlheletsega go ba thusa ‘ka gonne o a ba kgathalela.’—1 Petere 5:7.

Kutlwelobotlhoko ya Modimo e dira gore re nne le tsholofelo. Ka thuso ya gagwe, rona batho ba ba sa itekanelang re ka kgona go tshela ka ditekanyetso tsa gagwe tsa bophepa mme a bo a re amogela. (1 Petere 1:15, 16) Mosadi mongwe wa Mokeresete yo a neng a tshwenyegile thata mo maikutlong e bile a kgobegile marapo o ne a gomodiwa ke pego ya ga Moshe a le kwa setlhatshaneng. A re: “Fa Jehofa a kgona go dira gore mmu o nne boitshepo, ke nna le tsholofelo. Kgopolo eno e nthusitse fela thata.”

A o ka rata go ithuta mo go oketsegileng ka Modimo yo o boitshepo e bong Jehofa? O ka kgona go atamalana le ene ka gonne Jehofa ‘o itse popego ya rona sentle, o gakologelwa gore re lorole.’—Pesalema 103:14.