Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsogo ya ga Lasaro

Tsogo ya ga Lasaro

Tsa Basha

Tsogo ya ga Lasaro

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eno ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba konokono ba ikutlwang ka gone.

AKANYA KA KELOTLHOKO KA LEFELO LE TIRAGALO EO E DIREGANG MO GO LONE.—BALA JOHANE 11:1-45.

Fa o bala temana 21 le 32, o akanya gore Maratha le Marea ba ne ba ikutlwa jang?

․․․․․

Fa o leba dilo ka leitlho la mogopolo, o akanya gore Jesu o ne a amega ka tsela efe jaaka go tlhalositswe mo go temana 33 le 35?

․․․․․

Leka go akanya gore o ka bo o ile wa ikutlwa jang ka se se begilweng mo temaneng ya 43 le 44—fa o ne o le Lasaro kgotsa o le mongwe wa batho ba ba neng ba le teng.

DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

Bethani e ne e ka nna loeto lwa malatsi a le mabedi go tswa kwa Jesu a neng a le gone. Ka jalo, ke eng fa Jesu a ile a diega? (Bala gape temana 6.)

․․․․․

Baebele e bontsha jang gore Marea le Maratha ba ne ba kgatlhegela dilo tsa semoya? (Luke 10:38, 39; Johane 11:24)

․․․․․

Ke eng fa Jesu a ne a tsosa batho le fa ba ne ba tla swa gape? (Mareko 1:41, 42; Johane 5:28, 29; 11:45)

․․․․․

DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Bokgoni jwa ga Jesu le go rata ga gagwe go tsosa baswi.

․․․․․

Kafa Jesu a neng a utlwela batho ba ba hutsafetseng botlhoko ka gone.

․․․․․

O KA RATA GO KOPANA LE MANG KA NAKO YA TSOGO YA BASWI?

․․․․․

KE DINTLHA DIFE MO PEGONG ENO TSE DI BOTLHOKWA THATA MO GO WENA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․