Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Botshelo Jwa Rona bo Laoletswe Go sa Le Gale?

A Botshelo Jwa Rona bo Laoletswe Go sa Le Gale?

Babadi ba a Botsa

A Botshelo Jwa Rona bo Laoletswe Go sa Le Gale?

Bangwe ba re letsatsi le re tlileng go swa ka lone le laoletswe go sa le gale. Ba bangwe ba gatelela gore Modimo ke ene a tlhophang nako e re tshwanetseng go swa ka yone. Mo godimo ga moo, batho bao ba tsaya gore ditiragalo tsa botlhokwa mo botshelong jwa bone di laoletswe go sa le gale. A eno ke tsela e o lebang dilo ka yone?

O ka nna wa ipotsa dipotso tse di latelang: ‘Fa e le gore tota ga go na sepe se re ka se dirang go fetola se se tla re diragalelang, fa e le gore Modimo kgotsa taolelogale e setse e laotse gore go tla diragalang ka rona, ke ka ntlha yang fa re kgothalediwa go rapela? Fa e le gore se se re diragalelang mo botshelong se laotswe go sa le gale, ke ka ntlha yang fa re tsaya matsapa a go itshireletsa. Ke ka ntlha yang fa o tsenya lebanta la pabalesego fa o tsamaya ka koloi? Ke ka ntlha yang fa re tila go kgweetsa re nole bojalwa?’

Tota e bile Baebele ga e kgothaletse batho go itlhokomolosa pabalesego ya bone. Go na le gore e rute gore sengwe le sengwe mo botshelong se laotswe go sa le gale, e ne ya laela Baiseraele go tlhokomela pabalesego ya bone. Ka sekai, ba ne ba laelwa go aga lobota lo lonnye go thekeletsa marulelo a a sephara a matlo a bone. Lebaka la go dira jalo e ne e le gore ope a se ka a wa mo marulelong ano. Go ne go ka se utlwale gore Modimo a ntshe taelo e e ntseng jalo fa e le gore go ne go laotswe go sa le gale gore motho o tlile go wa mo marulelong a bo a swa.—Duteronome 22:8.

Go tweng ka batho ba ba swang ka ntlha ya masetlapelo a tlholego kgotsa dikotsi tse dingwe tse ba ka se kgoneng go di laola? A ba a bo ba beetswe “letsatsi le ba tlileng go swa ka lone”? Nnyaa, mokwadi wa Baebele Kgosi Solomone o re tlhomamisetsa gore re “diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” (Moreri 9:11) Ka jalo, le fa tsela e dikotsi tseno di diregang ka yone e sa tlwaelega, ga di a laolelwa go sa le gale.

Le fa go ntse jalo, bangwe ba akanya gore mafoko ano a ganetsa se Solomone a neng a se bua pelenyana: “Sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng, le nako ya tiragalo nngwe le nngwe kafa tlase ga magodimo: nako ya go tsholwa le nako ya go swa.” (Moreri 3:1, 2) A mme tota Solomone o ne a buelela kgopolo ya gore botshelo jwa motho bo laoletswe go sa le gale? Mma re sekaseke mafoko ao ka kelotlhoko.

Solomone o ne a sa reye gore go tsholwa le go swa ga motho go laoletswe go sa le gale. Go na le moo, o ne a raya gore go tsholwa le go swa fela jaaka bontsi jwa dilo mo botshelong ke dilo tse di tlang di sa fele. Eleruri, botshelo bo na le dilo tse di molemo le tse di utlwisang botlhoko. Solomone a re: “Go na le . . . nako ya go lela le nako ya go tshega.” Solomone a re dilo tseno tse di diregang di sa fele le masetlapelo a a sa bonelwang pele ke dilo tse di tlwaelegileng mo botshelong, ke “tiragalo nngwe le nngwe kafa tlase ga magodimo.” (Moreri 3:1-8; 9:11, 12) Ka jalo, fa a konela o ne a re ga re a tshwanela go tshwarega ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi mo e leng gore re lebala Mmopi wa rona.—Moreri 12:1, 13.

Le fa Mmopi wa rona a tlhaloganya botshelo le loso sentle, ga a laolele botshelo jwa rona go sa le gale. Baebele e ruta gore Modimo o naya batho botlhe tsholofelo ya go tshelela ruri. Le fa go ntse jalo, Modimo ga a re pateletse go dira se se tlhokegang gore re tshelele ruri. Go na le moo, Lefoko la gagwe la re: “Le fa e le mang yo o eletsang, a a tseye metsi a botshelo mahala.”—Tshenolo 22:17.

Ee, re tshwanetse go batla ‘go tsaya metsi a botshelo.’ Ka jalo, isagwe ya rona ga e a laolelwa go sa le gale. Ditshwetso tsa rona, kafa re ikutlwang ka gone le ditiro tsa rona di ama tsela e isagwe ya rona e tla nnang ka yone.