Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsalwa Sesha—A ke Tshwetso e Motho a Itirelang Yone?

Go Tsalwa Sesha—A ke Tshwetso e Motho a Itirelang Yone?

Go Tsalwa Sesha—A ke Tshwetso e Motho a Itirelang Yone?

KE MANG yo o dirang gore motho a tsalwe sesha? Fa baruti bangwe ba kgothaletsa bareetsi ba bone gore e nne Bakeresete ba ba tsetsweng gape, ba nopola mafoko a ga Jesu a a reng: “Lo tshwanetse go tsalwa gape.” (Johane 3:7) Baruti bao ba laela batho ba dirisa mafoko ano, ka go re, “Tsalwang gape!” Ka jalo, fa ba rera ba re go ikaegile ka modumedi mongwe le mongwe go ikobela Jesu le go tsaya dikgato tse di tlhokegang gore a tsalwe sesha. Tota se ba se buang ke gore motho a ka itlhophela go tsalwa sesha. A mme seo se dumalana le se Jesu a neng a se bolelela Nikodemo?

Fa o bala mafoko a ga Jesu ka kelotlhoko ga a bontshe gore o ne a ruta gore motho ke ene a itlhophelang go tsalwa sesha. Ke eng fa re rialo? Mafoko a Segerika a a ranotsweng e le “o tsetswe gape” a ka ranolwa gape go twe “o tshwanetse go tsalwa go tswa kwa godimo.” * Ka jalo, go ya ka thanolo eo, go tsalwa sesha go “tswa kwa godimo”—ke gore, “kwa legodimong” kgotsa “kwa go Rara.” (Johane 19:11; Jakobe 1:17) Ee, go tswa kwa Modimong.—1 Johane 3:9.

Fa re gakologelwa gore mafoko ao a ka raya go tsalwa go “tswa kwa godimo,” go ka se nne thata go tlhaloganya gore ke eng fa motho ka boene a ka se kgone go dira gore a tsalwe sesha. Akanya fela ka go tsholwa ga gago. A o ne wa itlhophela go tsholwa? Nnyaa le e seng! O ne wa tsholwa ka ntlha ya gore rraago o ne a dira gore o tsholwe. Ka tsela e e tshwanang, re ka tsalwa sesha fela fa Modimo, Rraarona yo o kwa legodimong a dira gore re tsalwe sesha. (Johane 1:13) Ka jalo, go a tshwanela go bo moaposetoloi Petere a ne a re: “A go bakwe Modimo le Rra Morena wa rona Jesu Keresete, gonne go ya ka kutlwelobotlhoko e kgolo ya gagwe o ne a re tsala sesha.”—1 Petere 1:3.

A ke Taelo?

Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ka ipotsa go re, ‘Fa e le gore ke boammaaruri gore motho a ka se itlhophele go tsalwa sesha, ke eng fa Jesu a ne a laela jaana: “Lo tshwanetse go tsalwa gape”?’ Potso eno e a utlwala. Mme gone, fa e le gore mafoko a ga Jesu ruri ke taelo, o ne a tla bo a re laela go dira sengwe se re sa kgoneng go se dira. Seo ga se utlwale. Ka jalo, mafoko a a reng lo tshwanetse go “tsalwa gape” a tshwanetse go tlhaloganngwa jang?

Fa re sekaseka mafoko ano go ya ka puo ya ntlhantlha, a bontsha gore ga a ranolwa ka tsela ya go laela. Go na le moo, mafoko ao a ranotswe e le polelo. Ka mafoko a mangwe, fa Jesu a ne a re lo tshwanetse go “tsalwa gape,” o ne a sa laele, go na le moo o ne a tlhalosa ntlha ya botlhokwa. O ne a re: “Go tlhokega gore lo tsalwe go tswa kwa godimo.”—Johane 3:7, Modern Young’s Literal Translation.

Go tshwantsha kgang eno ya taelo le ntlha ya botlhokwa, akanya ka papiso eno. Akanya ka motse o o nang le dikolo di le mmalwa. Sengwe sa tsone ke sa baithuti ba ba tsholetsweng mo motseng oo fela, ba ba nnang kgakala le one. Letsatsi lengwe lekawana lengwe le le sa tsholelwang mo motseng oo le raya mogokgo wa sekolo seo le re: “Ke batla go ikwadisa mo sekolong sa gago.” Mogokgo o mo raya a re, “Gore o ikwadise, o tshwanetse wa bo o le moagi wa fano.” Ke boammaaruri gore mafoko a mogokgo ga se taelo. Ga a laele moithuti jaana, “Nna moagi wa fano!” Mogokgo o tlhalosa ntlha ya botlhokwa—se se tlhokegang gore motho a amogelwe mo sekolong seo. Ka tsela e e tshwanang, fa Jesu a ne a re: “Lo tshwanetse go tsalwa gape,” o ne a tlhalosa ntlha ya botlhokwa—se se tlhokegang gore motho a ‘tsene mo bogosing jwa Modimo.’

Ntlha eo ya bofelo—Bogosi jwa Modimo—e amana le karolo e nngwe ya go tsalwa sesha. E malebana le potso eno, Boikaelelo jwa go tsalwa sesha ke bofe? Go itse karabo ya potso eo go re thusa go tlhaloganya sentle gore go kaya eng go tsalwa gape.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Dithanolo di le mmalwa tsa Baebele di ranola Johane 3:3 ka tsela eno. Ka sekai, A Literal Translation of the Bible ya re: “Fa motho a sa tsalwe go tswa kwa godimo, a ka se kgone go bona bogosi jwa Modimo.”

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Go tsalwa sesha le go tsalwa ga motho go tshwana ka eng?