Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsalwa Sesha—Go Fitlhelela Eng?

Go Tsalwa Sesha—Go Fitlhelela Eng?

Go Tsalwa Sesha—Go Fitlhelela Eng?

KE ENG fa Jesu a ne a re motho a ‘tsalwe ka moya’ fa a ne a bua ka kolobetso ya moya o o boitshepo? (Johane 3:5) Fa lefoko ‘tsalwa’ le dirisiwa ka tsela ya tshwantshetso le kaya “tshimologo.” Mafoko a a reng go “tsalwa sesha” a kaya “go simolola sesha.” Ka jalo, mafoko ano a tshwantshetso e leng go ‘tsalwa’ le go “tsalwa sesha” a gatelela gore go tla nna le kamano e ntšha fa gare ga Modimo le batho ba ba kolobeditsweng ka moya o o boitshepo. Seo se direga jang?

Moaposetoloi Paulo o ne a dirisa setshwantsho se se kaga botshelo jwa lelapa fa a tlhalosa kafa Modimo a dirang ka teng gore batho bangwe ba tshwanelegele go busa kwa legodimong. O ne a kwalela Bakeresete ba motlha wa gagwe gore Modimo o ne a tla ba itseela go nna bana ba gagwe le gore o tla dirisana le bone “jaaka a dirisana le bana ba gagwe.” (Bagalatia 4:5; Bahebera 12:7) Go bona kafa sekai sa go itseela ngwana gore e nne wa gago se thusang ka gone gore motho a tlhaloganye gore go diregang fa a kolobediwa ka moya o o boitshepo, akanya gape ka setshwantsho sa lekawana le le batlang go ikwadisa mo sekolong se se amogelang fela baithuti ba ba tsholetsweng mo motseng oo.

Phetogo e e Nnang Gone ka Ntlha ya go Itseelwa go Nna Ngwana

Mo sekaing seo, lekawana leo ga le kgone go ikwadisa kwa sekolong ka gonne le sa tsholelwa mo motseng oo. Jaanong akanya letsatsi lengwe go direga phetogo e kgolo. Rre mongwe wa mo motseng oo o mo itseela gore e nne ngwana wa gagwe go ya ka molao. Seo se ama lekawana leno jang? E re ka jaanong a itseetswe go nna morwa, a ka nna le ditshiamelo tse di tshwanang le tsa basha ba bangwe ba motse oo—go akaretsa le tshiamelo ya go ikwadisa kwa sekolong. Go itseelwa ga gagwe go nna morwa go mo thusitse go dira selo se ene ka boene a neng a sa kgone go se dira.

Seno se bontsha ka tsela e kgolo le go feta se se diregang mo bathong ba ba tsalwang sesha. Akanya ka dilo dingwe tse maemo ano a tshwanang ka tsone. Lekawana le le umakiwang mo setshwantshong seno le tla amogelwa kwa sekolong fa fela le na le sengwe se se tlhokegang gore le kwadisiwe—sesupo sa gore ke moagi wa motse oo. Mme gone, lekawana leno ka bolone le ka se kgone go dira gore le tshwanelege fa le sa thusiwe ke mongwe. Ka tsela e e tshwanang, batho bangwe ba tla busa mo Bogosing jwa Modimo kgotsa mo pusong e e kwa legodimong mme ba tla busa fa fela ba na le sengwe se se tlhokegang e leng gore ba “tsalwe sesha.” Le fa go ntse jalo, bone ka bobone ba ka se kgone go dira gore ba tshwanelege ka gonne ke Modimo fela yo o dirang gore ba tsalwe sesha.

Ke eng se se fetotseng boemo jwa lekawana leno? Ke go itseelwa go ya ka molao gore e nne morwa. Ke boammaaruri gore, fa lekawana leno le sena go itseelwa go ya ka molao seo ga se a fetola se le leng sone. Fa lekawana leno le sena go itseelwa go nna morwa go ya ka molao le ne la nna moagi wa motse oo. Ee, le simolola dilo sesha—jaaka e kete le tsalwa sesha. Le ne la nna morwa wa rre yoo mme seo sa dira gore le nne le tshiamelo ya go amogelwa kwa sekolong seo le go nna karolo ya lelapa la gagwe.

Ka tsela e e tshwanang, Jehofa le ene o fetotse boemo jwa batho bangwe ba ba sa itekanelang ka go ba itseela go ya ka molao gore e nne bana ba gagwe. Moaposetoloi Paulo yo o leng mo setlhopheng seo o ne a kwalela badumedikaene jaana: “Lo ne lwa se ka lwa amogela moya wa botlhanka o o bakang poifo gape, mme lo ne lwa amogela moya wa go [itseelwa go nna bana], moya o re goang ka one re re: ‘Aba, Rara!’ Moya ka boone o supela moya wa rona gore re bana ba Modimo.” (Baroma 8:15, 16) Ee, Bakeresete bao ba ne ba nna karolo ya lelapa la Modimo kgotsa “bana ba Modimo” ka go bo a ile a ba itseela go nna bana ba gagwe.—1 Johane 3:1; 2 Bakorintha 6:18.

Ke boammaaruri gore go itseelwa ga bone ke Modimo go nna bana ba gagwe, ga go a fetola se ba leng sone ka gonne ba sa ntse ba sa itekanela. (1 Johane 1:8) Le fa go ntse jalo, fela jaaka Paulo a ne a tswelela a tlhalosa, fa ba sena go tshwanelega go ya ka molao ba ne ba newa boemo jo bosha. Mme gape, moya wa Modimo o dira gore ba tlhomamisege gore ba tla tshela le Keresete kwa legodimong. (1 Johane 3:2) Go tlhomamisediwa jalo ke moya o o boitshepo go dira gore ba lebe botshelo ka tsela e sele. (2 Bakorintha 1:21, 22) Ee, go nna jaaka e kete ba tsalwa sesha.

Fa Baebele e bua ka barwa ba Modimo a ba itseetseng go nna ba gagwe, ya re: “Ba tla nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tla busa e le dikgosi le ene ka dingwaga di le sekete.” (Tshenolo 20:6) Barwa bano ba Modimo a ba itseetseng ba tla busa le Keresete e le dikgosi mo Bogosing jwa Modimo kgotsa puso ya kwa legodimong. Moaposetoloi Petere o ne a bolelela badumedikaene gore ba tla amogela ‘boswa jo bo sa senyegeng le jo bo sa leswafalang le jo bo sa nyeleleng’ jo ba ‘bo beetsweng kwa magodimong.’ (1 Petere 1:3, 4) Ruri ke boswa jo bo tlhwatlhwakgolo!

Le fa go ntse jalo, kgang eno ya bobusi e tsosa potso e nngwe. Fa e le gore batho bao ba ba tsalwang gape ba tla busa e le dikgosi kwa legodimong, ba tla bo ba busa bomang? Go tla tlotliwa ka potso eo mo setlhogong se se latelang.

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ke eng se Paulo a ileng a se bua ka kgang ya go itseelwa ga batho bangwe go nna bana?