Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ne A Ithuta Thuto ya go Nna Pelotlhomogi

O ne A Ithuta Thuto ya go Nna Pelotlhomogi

Etsa Tumelo ya Bone

O ne A Ithuta Thuto ya go Nna Pelotlhomogi

JONA o ne a na le nako e ntsi ya go akanya. O ne a tshwanetse go tsaya loeto lwa dikilometara di feta 800 ka dinao, le le neng le ka mo tsaya kgwedi gongwe le go feta moo. Sa ntlha, o ne a tshwanetse go tlhopha gore a o tla dirisa ditsela tse dikhutshwane kgotsa tse di telele tse di babalesegileng mme a bo a tsamaya mo mekgatšheng le mo ditselaneng tse di mo thabeng. O ne a tshwanetse go iphaphatha le Sekaka se segolo sa Siria, a kgabaganye dinoka tse di jaaka Euferatese e kgolo, a bo a batla lefelo le a neng a tla robala mo go lone mo ditoropong le mo metseng ya batswakwa ya Siria, Mesopotamia le Asiria. Fa a ntse a le mo loetong, o ne a tshogile a ipotsa gore go tla diregang fa a fitlha kwa motseng wa Ninife, o a neng a ntse a o atamela.

Sengwe se Jona a neng a se itse ke gore: O ne a ka se tshabe mme a tlogela kabelo eno. O ne a lekile go dira jalo pelenyana. Fa Jehofa a ne a laela Jona la ntlha gore a ise molaetsa wa katlholo kwa setšhabeng se se thata sa Baasiria, o ne a palama sekepe se se neng se ya kwa lefelong le sele. Ka jalo, Jehofa o ne a romela sefefo se segolo mme ka bonako Jona a lemoga gore botsuolodi jwa gagwe bo ne bo tloga bo dira gore batho ba ba leng mo sekepeng ba swe. O ne a re batsamaisasekepe bano ba ba pelokgale ba mo latlhele mo lewatleng gore bone ba se ka ba swa. Ba ne ba dira jalo ba okaoka mme Jona o ne a tsaya gore o tlile go swa. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a romela tlhapi e kgolo gore e mo kometse le go mo tlhatsetsa mo lotshitshing lwa lewatle a sa gobala morago ga malatsi a le mararo mme seno sa dira gore a ikokobetse. *Jona, kgaolo 1, 2.

Fa Jehofa a ne a laela Jona go ya kwa Ninife lekgetlo la bobedi, moporofeti yono o ne a nna kutlo mme a tsaya loeto lo loleele go ya kwa botlhaba. (Jona 3:1-3) Le fa go ntse jalo, a o ne a letla gore kotlhao ya ga Jehofa e mo fetole? Ka sekai, Jehofa o ne a mo utlwela botlhoko, a dira gore a se nwele mo metsing, a se mo otlhaele botsuolodi jwa gagwe mme a mo naya tshono e nngwe gore a dire kabelo eno. Morago ga seno sotlhe, a Jona o ne a ithuta go utlwela batho ba bangwe botlhoko? Gantsi go thata gore batho ba ba sa itekanelang ba nne pelotlhomogi. Mma re bone gore re ka ithuta eng mo go se se diragaletseng Jona.

Molaetsa wa Katlholo le Tsela e Batho ba Neng ba Arabela ka Yone e e Neng e sa Lebelelwa

Jona ga a ka a leba Ninife ka tsela e Jehofa a neng a e leba ka yone. Re bala jaana: “Jaanong Ninife e ne e le motse o mogolo mo Modimong.” (Jona 3:3) Pego ya ga Jona e nopola ka makgetlo a le mararo Jehofa a bua a re “Ninife motse o mogolo.” (Jona 1:2; 3:2; 4:11) Ke eng fa Jehofa a ne a leba motse ono o le mogolo kgotsa o le botlhokwa?

Ninife e ne e le motse wa bogologolo, mongwe wa metse ya ntlha e Nimerode a e agileng morago ga Morwalela. Motse ono o ne o le mogolo e bile o na le ditoropo tse dingwe di le mmalwa mme motho o ne a ka tsamaya mo go one malatsi a le mararo go tswa kwa ntlheng e nngwe go ya kwa go e nngwe. (Genesise 10:11; Jona 3:3) Motse wa Ninife o ne o na le ditempele tse dikgolo tse di kgatlhang, dipota tse di nonofileng le dikago tse dingwe. Mme dilo tseno tsotlhe di ne di sa dire gore motse ono o nne botlhokwa mo go Jehofa Modimo. O ne a amegile thata ka batho. Mo metlheng eo motse wa Ninife o ne o na le batho ba bantsi. Tota le fa ba ne ba dira dilo tse di bosula Jehofa o ne a amega ka bone. O rata mongwe le mongwe mme o kgona go bona gore a ka ikwatlhaya a bo a ithuta go dira se se siameng.

La bofelo fa Jona a tsena mo motseng wa Ninife o o nang le batho ba ba fetang 120 000, go ka direga gore o ile a tshoga. * O ne a tsamaya letsatsi lotlhe, a tsena mo motseng ono o o tletseng batho, gongwe a batlana le lefelo le le tshwanetseng le a neng a tla simolola go anamisa molaetsa wa gagwe mo go lone. O ne a tla bua jang le batho bano? A o ne a ithutile go bua Sesiria? Kgotsa a Jehofa o ne a mo neile bokgoni joo ka tsela ya kgakgamatso? Ga re itse. Go ka direga gore Jona o ne a bua molaetsa ono ka puo ya gagwe ya Sehebera mme a dirisa moranodi go o bolelela Baninife. Molaetsa wa gagwe o ne o le motlhofo mme o ka se dire gore a tume: “Go setse malatsi a le masome a manè fela, mme Ninife o tla ribegediwa.” (Jona 3:4) O ne a o bua ka bopelokgale e bile a o boaboeletsa. Ka go dira jalo, o ne a bontsha bopelokgale jo bo tlhomologileng le tumelo, e leng dinonofo tse Bakeresete ba tshwanetseng go nna le tsone gompieno go feta le e leng pele.

Jona o ne a kgona go dira gore Baninife ba mo reetse. Ga go pelaelo gore o ne a akanya gore batho ba ne ba tla mo galefela le go mo tshwara makgwakgwa ka ntlha ya molaetsa wa gagwe. Go na le moo, go ne ga direga sengwe se se gakgamatsang. Batho ba ne ba reetsa! Molaetsa wa gagwe o ne wa anama ka bonako. Go ise go ye kae, mo motseng otlhe go ne go buiwa ka boporofeti jwa ga Jona jwa katlholo. Pego ya ga Jona e re bolelela jaana: “Banna ba Ninife ba simolola go dumela mo Modimong, mme ba bolela gore go itingwe dijo ba bo ba apara letsela la kgetsi, go simolola ka yo mogolo thata mo go bone go ya go yo mmotlana thata mo go bone.” (Jona 3:5) Bahumi le bahumanegi, ba ba maatla le ba ba bokoa, basha le bagolo botlhe ba ne ba ikwatlhaya. Go ise go ye kae kgosi e ne ya utlwa gore batho ba ne ba ikwatlhaya.

Kgosi le yone e ne ya simolola go boifa Modimo. Kgosi e ne ya ema mo setulong sa yone sa bogosi, ya apola diaparo tsa yone tse di tlhwatlhwakgolo tsa segosi, mme ya apara letsela la kgetsi le batho ba yone ba neng ba le apere a bo a “nna fa fatshe mo meloreng.” Kgosi le “ba bagolo” ba yone kgotsa batlotlegi ba ne ba laela gore go itima dijo go batho ba neng ba simolotse go go dira jaanong go dirwe semolao. O ne a laela gore batho botlhe ba apare letsela la kgetsi le diruiwa tota. * O ne a dumela ka boikokobetso gore batho ba gagwe ba ne ba na le molato wa go dira dilo tse di bosula le thubakanyo. Gape o ne a bontsha gore o na le tsholofelo ya gore Modimo wa boammaaruri o tla ba utlwela botlhoko fa a bona ba ikwatlhaya, fa a ne a re: “Modimo . . . a ka nna a boela morago mo bogaleng jwa gagwe jo bo tukang, gore re se ka ra nyelela.”—Jona 3:6-9.

Batshwayadiphoso bangwe ba belaela gore a Baninife ba ne ba fetola dipelo tsa bone ka bonako jalo. Le fa go ntse jalo, bakanoki ba Baebele ba ne ba lemoga gore go dira jalo go ne go dumalana le tumelabotlhodi le go fetola maikutlo ka bonako ga batho ba ditso tsa metlha ya bogologolo. Tota e bile, Jesu Keresete moragonyana o ne a bua ka go ikwatlhaya ga Baninife. (Mathaio 12:41) O ne a itse se a neng a bua ka sone gonne o ne a tshela kwa legodimong mme a bona dilo tseno tsotlhe di direga. (Johane 8:57, 58) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a dira eng fa Baninife ba ne ba ikwatlhaya?

Pharologanyo fa Gare ga Bopelotlhomogi Jwa Modimo Le go Sa Fetofetoge ga Batho

Moragonyana Jona o ne a kwala jaana: “Modimo wa boammaaruri a bona ditiro tsa bone, gore ba ne ba boetse morago ba dule mo tseleng ya bone e e bosula; ka jalo Modimo wa boammaaruri a ikwatlhaela masetlapelo a a neng a buile gore o tla a ba tlisetsa; mme a se ka a a tlisa.”—Jona 3:10.

A seno se kaya gore Jehofa o ne a swetsa ka gore katlholo e a neng a e dirile ka Baninife e ne e le phoso? Nnyaa. Baebele e bua jaana ka Jehofa: “Tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene.” (Duteronome 32:4) Bogale jwa ga Jehofa jo bo siameng malebana le Ninefe bo ne jwa fela. O ne a bona diphetogo mo bathong bao mme a lemoga gore kotlhao ya gagwe ga e tlhole e tshwanela. E ne e le nako ya gore Modimo a bontshe bopelotlhomogi.

Jehofa ga se Modimo yo o sa fetofetogeng le maemo, yo o sa amegeng ka batho kgotsa yo o bogale, jaaka baeteledipele ba bodumedi gantsi ba mo tlhalosa. Go farologana le seo, o tekatekano, o fetofetoga le maemo e bile o pelotlhomogi. Fa a ikaelela go atlhola baikepi, o dirisa baemedi ba gagwe ba mo lefatsheng pele gore ba ba tlhagise, ka gonne o rata go bona baikepi ba dira se Baninife ba ileng ba se dira—go ikwatlhaya le go fetola ditsela tsa bone. (Esekiele 33:11) Jehofa o ne a raya moporofeti wa gagwe Jeremia a re: “Ka nako epe fela e ke ka buang ka yone kgatlhanong le setšhaba le bogosi go bo kumola le go bo rutla le go bo senya, mme setšhaba seo se boa mo bosuleng jwa sone jo ke buileng ka jone, le nna ke tla ikwatlhaela masetlapelo a ke neng ke akantse go a diragatsa mo go sone.”—Jeremia 18:7, 8.

Ka jalo, a boporofeti jwa ga Jona e ne e le maaka? Nnyaa; bo ne jwa tlhagisa batho fela jaaka Jehofa a ne a ikaeletse. Tlhagiso eo e ne e le ka ntlha ya ditiro tse di bosula tsa Baninife, tse ba neng ba kgaotsa go di dira mme ba ikwatlhaya. Fa Baninife ba ne ba ka tswelela ka ditiro tsa bone tse di boikepo, Modimo o ne a tla ba senya. Seo ke sone se se neng sa direga moragonyana.—Sefania 2:13-15.

Jona o ne a dirang fa tshenyego eo e ne e sa tle ka nako e a neng a e lebeletse? Re bala jaana: “Le fa go ntse jalo mo go Jona, go ne go sa itumedise ka gope, mme a tuka bogale.” (Jona 4:1) Jona o ne a bo a rapela ka tsela e e neng e lebega e kete o tshwaya Modimo phoso! Jona o ne a akantsha gore a ka bo a ile a nna kwa legaeng la gagwe, mo lefatsheng la gagwe. O ne a re o ne a ntse a itse gore Jehofa o ne a ka se tlise masetlapelo mo Ninife, a bo a dira seo seipato sa go bo a ne a ya kwa Tareshishe. Ka jalo, o ne a kopa gore a swe, a bua gore go swa go botoka go na le go tshela.—Jona 4:2, 3.

Ke eng se se neng se tshwenya Jona? Ga re itse gore ke eng se Jona a neng a se akanya mme se re se itseng ke gore o ile a bolelela batho botlhe gore Ninife e ne e tlile go senngwa. Ba ne ba mo dumela. Jaanong e ne e se kitla e senngwa. A o ne a tshaba go sotliwa kgotsa go bidiwa moporofeti wa maaka? Le fa lebaka e ka tswa e le lefe, o ne a sa itumelela go bo batho ba ile ba ikwatlhaya kgotsa Jehofa a ba tlhomogetse pelo. Go na le moo, go bonala a ile a nna a galefa, a itlhomogela pelo e bile a ikutlwa a sentswe leina. Le fa go ntse jalo, Modimo yo o pelotlhomogi o ne a bontsha gore o ne a sa ntse a bona se se molemo mo monneng yono yo o neng a tshwenyegile. Go na le gore Jehofa a otlhaye Jona ka ntlha ya lenyatso la gagwe, o ne a mmotsa potso eno e e bonolo le e e fatang maikutlo: “A go siame go bo o tuka bogale?” (Jona 4:4) A Jona o ne a araba? Baebele ga e re bolelele.

Thuto e Jehofa a Neng a e Ruta Jona

Moporofeti yono yo o sa itumelang o ne a tswa kwa Ninife mme a se ka a ya gae, go na le moo, a ya kwa karolong e e kwa ntlheng ya botlhaba e e okametsweng ke dithaba. O ne a itirela loobo mme a leta mo go lone le go leba se se neng se tla diragalela Ninife. Gongwe o ne a sa ntse a letile go bona motse oo o senngwa. Jehofa o ne a tla ruta jang monna yono yo o tlhogoethata gore a nne pelotlhomogi?

Mo bosigong, Jehofa o ne a medisa semela sa segwana. Fa Jona a tsoga o ne a bona semela seno se se godileng thata se makakaba a sone a magolo a neng a dira moriti o o fetang wa loobo lwa gagwe. O ne a itumela fela thata. “Jona a simolola go ipelela” semela seno, gongwe a tsaya gore go tlhoga ga sone ka kgakgamatso ke sesupo sa gore Modimo o a mo segofatsa le go mo amogela. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a batla go dira se se fetang go sireletsa Jona mo mogoteng le go mo golola mo kgalefong ya gagwe. O ne a batla go fitlhelela pelo ya ga Jona. Ka jalo, Modimo o ne a dirisa seboko go tlhasela le go bolaya semela. Go tswa foo, a romela “phefo ya botlhaba e e phaphalatsang” go fitlha a simolola go ‘idibatswa’ ke mogote. Jona o ne a kgobega marapo gape mme a kopa Modimo gore a swe.—Jona 4:6-8.

Modimo o ne a botsa Jona gape gore a go siame go bo a tuka bogale ka ntlha ya go bo semela sa segwana se sule. Go na le gore a ikwatlhaye, o ne a leka go ipuelela ka gore: “Go siame go bo ke tuka bogale, go ya losong.” Eno e ne e le nako ya gore Jehofa a mo rute thuto e e botlhokwa.—Jona 4:9.

Modimo o ne a bolelela Jona gore o ne a tlhomogela semela se se suleng pelo se se neng sa gola bosigo, se a sa se jalang le eleng go dira gore se gole. Ka jalo, Modimo o ne a re: “Nna, a ga ke a tshwanela go utlwela Ninife botlhoko motse o mogolo, o go nang le batho ba ba fetang dikete di le lekgolo le masome a mabedi mo go one ba gotlhelele ba sa itseng pharologanyo fa gare ga seatla sa bone sa moja le sa molema, re sa bale diruiwa tse dintsi?”—Jona 4:10, 11. *

A o bona botlhokwa jwa thuto ya ga Jehofa? Ga go sepe se Jona a se dirileng go tlhokomela semela seo. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Jehofa ke ene a bopileng Baninife le go ba tlhokomela jaaka a dira ka dibopiwa tse dingwe tsotlhe mo lefatsheng. Jona o ne a ka tsaya jang semela se le sengwe se le botlhokwa go feta matshelo a batho ba le 120 000 le maruo a bone otlhe? A e ne e se ka gonne Jona a ne a itetla go nna pelotshetlha? O ne a tlhomogela semela seo pelo fela ka gonne se ne se solegela ene molemo. Go galefela ga gagwe Baninife go ne go tlhotlhelediwa ke mabaka a a tshwanang a bopelotshetlha—go ikgogomosa le go bontsha kafa a leng boammaaruri ka gone.

A thuto e e botlhokwa ruri! Potso ke gore, A Jona o ne a ithuta sengwe mo go se se mo diragaletseng? Buka e e bidiwang ka leina la gagwe e konela ka potso e e sa arabiwang e Jehofa a neng a e botsa. Batshwayadiphoso bangwe ba ka nna ba ngongorega ka gore Jona ga a ka a e araba. Boammaaruri ke gore o ne a e araba. Buka e a e kwadileng e re naya karabo. Bosupi bo bontsha gore Jona ke ene a kwadileng buka e e bidiwang ka leina la gagwe. Akanya fela ka moporofeti yono, a boetse kwa motseng wa gagabo, a babalesegile mme a kwala pego eno. Re ka akanya ka monnamogolo yo o botlhale yo o ikokobeditseng a ntse a tshikinya tlhogo fa a tlhalosa diphoso tsa gagwe, botsuolodi jwa gagwe le kafa a neng a nna tlhogoethata ka gone go bontsha bopelotlhomogi. Go bonala sentle gore Jona o ile a ithuta mo kaelong e e botlhale ya ga Jehofa. O ne a ithuta go nna pelotlhomogi. A le rona re ka dira jalo?

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Bona setlhogo sa “Etsa Tumelo ya Bone—O ne A Ithuta mo Diphosong Tsa Gagwe,” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya January 1, 2009.

^ ser. 9 Go fopholediwa gore mo motlheng wa ga Jona, motsemogolo wa Iseraele e leng Samarea o ka tswa o ne o na le baagi ba le 20 000 go ya go ba le 30 000—e leng palo e e kwa tlase ga kwatara ya batho ba Ninife. Ka nako ya fa Ninife e ne e atlegile thata, e ka tswa e ne e le motse o mogolo go gaisa mo lefatsheng.

^ ser. 11 Selo seno se ka lebega se sa tlwaelega, mme se ile sa direga mo metlheng ya bogologolo. Mokwalahisitori wa Mogerika Herodotus o ne a lemoga gore Baperesia ba bogologolo ba ne ba hutsafalela loso lwa mojenerale yo o neng a ratiwa ke batho ba bantsi mme ba ne ba akaretsa leruo la bone mo mekgweng ya bone ya go hutsafala.

^ ser. 24 Fa Modimo a ne a re batho bao ba ne ba sa itse se se siameng le se se sa siamang, o ne a bontsha kafa ba neng ba sa itse melao ya gagwe ka gone.

[Mafoko a a mo go tsebe 16]

Modimo o tlhoafaletse go bona baikepi ba ikwatlhaya mme ba fetola ditsela tsa bone fela jaaka Baninife ba ile ba dira

[Mafoko a a mo go tsebe 17]

Modimo o ne a dirisa semela sa segwana go ruta Jona go nna pelotlhomogi