Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Vatican ga e Batle Gore Leina la Modimo le Dirisiwe

Vatican ga e Batle Gore Leina la Modimo le Dirisiwe

Vatican ga e Batle Gore Leina la Modimo le Dirisiwe

SETLHOPHA sa baruti ba ba eteletseng pele Kereke ya Katoliki se batla gore leina la Modimo le se ka la dirisiwa mo ditirelong tsa kereke ya bone. Mo ngwageng o o fetileng, Phuthego ya Vatican ya go Obamela Modimo le Phuthego e e Neng e Tlhokomela Ditirelo Tsa Kereke ya Katoliki, e ne ya romela ditaelo mabapi le kgang eno kwa dikhonferenseng tsa babishopo ba Katoliki tse di neng di tshwerwe mo lefatsheng lotlhe. Tshwetso eo e ne ya dirwa “go ya ka kaelo” ya mopapa.

Lekwalo leno la June 29, 2008, le kgala ka bogale kgang ya gore le fa go ile ga ntshiwa ditaelo tsa gore leina la Modimo le se ka la dirisiwa, “mo dingwageng tsa bosheng jaana batho ba setse ba tlwaetse go bitsa leina le le tshwanetseng la Modimo wa Iseraele, le le itsegeng le le boitshepo kgotsa e le Modimo thaterakeramatone, e e kwadiwang ka ditumammogo di le nnè tsa dialefabete tsa Sehebera ka tsela eno יהוה, YHWH.” Lekwalo leo le tlhalosa gore leina la Modimo le ile la ranolwa ka ditsela tse di farologaneng e le “Yahweh,” “Yahwè,” “Jahweh,” “Jahwè,” “Jave,” “Yehovah,” jalo le jalo. * Le fa go ntse jalo, lekgotla la Vatican le batla go tsosolosa tsela e Bakatoliki ba neng ba tlwaetse go le bitsa ka yone pele. Seo se raya gore, Thaterakeramatone e tla emisediwa ka “Morena.” Mo godimo ga moo, leina la Modimo “YHWH ga le a tshwanelwa go dirisiwa” mo ditirelong tsa dikereke tsa Katoliki, mo dipineng le mo dithapelong.

Go tshegetsa kgang ya bone, lekwalo leno la Vatican le nopola “mokgwa wa bogologolo” wa Katoliki. Lekgotla leno le bolela gore tota le mo thanolong ya Septuagint ya Dikwalo Tsa Sehebera, e e kwadilweng pele ga metlha ya Bokeresete, ka metlha leina la Modimo le ne le ranolwa e le Kyʹri·os, lefoko la Segerika le le kayang “Morena.” Ka jalo, lekgotla leno le gatelela gore “le Bakeresete kwa tshimologong ga ba ise ba ko ba bitse Modimo thaterakeramatone.” Le fa go ntse jalo, mafoko ao ga a dumalane le bosupi jo bo utlwalang sentle jo bo leng teng. Dikhopi tsa bogologolo tsa Septuagint di ne di na le leina la Modimo le kwadilwe ka tsela eno יהוה, mme e seng Kyʹri·os. Balatedi ba ga Keresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba itse leina la Modimo e bile ba le dirisa. Jesu o ne a bua jaana fa a ne a rapela Rraagwe: “Ke ba itsisitse leina la gago.” (Johane 17:26) Mme mo thapelong ya ga Jesu ya sekao e e itsegeng, o ne a re ruta gore re rapele re re: “Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.”—Mathaio 6:9.

Bakeresete botlhe ba tshwanetse go eletsa gore leina la Modimo le itshepisiwe. Maiteko a Vatican a gore leina la Modimo le se ka la dirisiwa a bontsha go sa tlotle Jehofa, yo o neng a re: “Leno ke leina la me ka dinako tsotlhe; mme ke tla rapelwa ke dikokomana tsotlhe tse di latelang ka leina leno.”—Ekesodo 3:15, The Jerusalem Bible.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Ka Seesemane, leina “Jehofa” le setse le itsewe ke batho go ralala lefatshe ka makgolo a dingwaga e bile le dirisiwa mo dithanolong di le dintsi tsa Baebele.

[Mafoko a a mo go tsebe 30]

“Leno ke leina la me ka dinako tsotlhe.”—Ekesodo 3:15JB

[Setshwantsho mo go tsebe 30]

Kapetla ya “Septuagint” e e kwadilweng mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Leina la Modimo, le emelwa ke ditlhaka tse nnè tsa Sehebera e leng YHWH, mo sedikong

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of the Egypt Exploration Society