Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

4 Batla Dikarabo

4 Batla Dikarabo

4 Batla Dikarabo

“Wena yo o nang le tumelo e potlana, ke ka ntlha yang fa o ne o fenngwa ke pelaelo?”—Mathaio 14:31.

O KA LEBANA LE KGWETLHO EFE? Tota le barutwa ba ga Jesu ka dinako dingwe ba ne ba na le dipelaelo. (Mathaio 14:30; Luke 24:36-39; Johane 20:24, 25) Tota e bile, Baebele e tlhalosa go tlhoka tumelo e le “boleo jo bo re rareetsang motlhofo.” (Bahebera 12:1) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Tumelo ga se selo se batho botlhe ba nang le sone.” (2 Bathesalonika 3:2) Seno ga se reye gore batho bangwe ga ba na tumelo. Go na le moo, ba le bantsi ga ba dire maiteko a gore ba nne le yone. Modimo o tla segofatsa maiteko a ba ba dirang jalo.

O KA FENYA KGWETLHO EO JANG? Lemoga dilo tse di dirang gore o nne le dipelaelo. Ka sekai, morutwa Thomase o ne a belaela gore a Jesu o ne a tsositswe mo baswing, tota le fa barutwa ba bangwe ba ne ba re ba mmone. Thomase o ne a batla bosupi. Seno se ne sa felela jang? Jesu o ne a mo naya bosupi jo a neng a bo tlhoka gore a nne le tumelo e e nonofileng.—Johane 20:24-29.

Jehofa Modimo o re naya dikarabo tse re di tlhokang ka Baebele gore re tlose dipelaelo tsa rona. Ka sekai, batho ba le bantsi ga ba dumele mo Modimong ka gonne ba mo pega molato ka tlhamalalo kgotsa ka tsela e e seng ya tlhamalalo ka ntlha ya dintwa, thubakanyo le pogo tse di amang batho. Baebele ya reng ka kgang eno?

Modimo ga a buse lefatshe a dirisa dipuso tsa batho. Jesu o ne a re sebopiwa se se sa bonaleng se se bidiwang Satane ke “mmusi wa lefatshe.” (Johane 14:30) Satane o ne a solofetsa Jesu taolo ya magosi otlhe a lefatshe fa fela a ne a ka mo obamela, ka go re: “Ke tla go naya taolo eno yotlhe le kgalalelo ya yone, ka gonne e neilwe nna, mme ke e naya ope fela yo ke eletsang go e mo naya.” Jesu ga a ka a ganetsa gore Satane o na le taolo eo. Go na le moo, o ne a re: “Go kwadilwe ga twe, ‘Jehofa Modimo wa gago ke ene yo o tshwanetseng go mo obamela, e bile ke ene a le esi yo o tshwanetseng go mo direla tirelo e e boitshepo.” (Luke 4:5-8) Satane le dipuso tsa batho ke bone ba ba tshwanetseng go pegwa molato wa go bo batho ba boga, e seng Modimo.—Tshenolo 12:9, 12.

Go ise go ye kae, Jehofa Modimo o tla tlosa dilo tsotlhe tse di bakang pogo. O setse a tlhomile Bogosi kgotsa puso e e eteletsweng pele ke Morwawe e bong Jesu Keresete gore a buse batho. (Mathaio 6:9, 10; 1 Bakorintha 15:20-28) Go diragatsa boporofeti jwa Baebele, dikgang tse di molemo tsa Bogosi jono di rerwa mo lefatsheng lotlhe. (Mathaio 24:14) Kgabagare Bogosi jono bo tla senya batho botlhe ba ba bo ganetsang le go tlosa dilo tsotlhe tse di dirang gore batho ba boge.—Daniele 2:44; Mathaio 25:31-33, 46; Tshenolo 21:3, 4

MELEMO YA GO BATLA DIKARABO KE EFE? Batho ba ba nang le dipelaelo ba ntse jaaka makhubu a a heheutlelwang kwa le kwa ke “phefo nngwe le nngwe ya thuto ka tsietso ya batho.” (Baefeso 4:14; 2 Petere 2:1) Go farologana le seo, batho ba ba bonang dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa bone ba kgona go ‘nitama mo tumelong.’—1 Bakorintha 16:13.

Basupi ba ga Jehofa ba e leng bone bagatisi ba makasine ono, ba ka rata go go thusa go bona dikarabo tsa dipotso tse di dirang gore o nne le dipelaelo. Ba go laletsa gore o kopanele le bone mme o itshekatshekele dithuto tsa bone. Go dira jalo go tla nonotsha tumelo ya gago mo Modimong.

Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 8 e e nang le setlhogo se se reng “Bogosi Jwa Modimo ke Eng?” le kgaolo 11 e e nang le setlhogo se se reng “Ke ka Ntlha Yang Modimo a Letleletse Pogo? mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? *

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 E e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Batho ba ba bonang dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tsa bone ba nna le tumelo e e nonofileng