Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bethele ya Brooklyn E na Le Dingwaga di le 100

Bethele ya Brooklyn E na Le Dingwaga di le 100

Ntlo ya Bethele 122-124 Columbia Heights

13-17 Hicks Street (1909-1918)

NGWAGA wa 1909 e ne e le ngwaga o o botlhokwa thata kwa New York City. Go ne ga bulwa Borogo jwa Queensboro jo bo golaganyang toropo ya Queens le Manhattan, gape go ne ga bulwa Borogo jwa Manhattan jo bo neng bo golaganya Manhattan le Brooklyn.

Mme gape e ne e le ngwaga o o botlhokwa thata mo Basuping ba ga Jehofa. Pelenyana, Charles Taze Russell, poresidente ya Watch Tower Bible and Tract Society, e leng lekgotla la semolao la Basupi ba ga Jehofa, o ile a bona gore go ka kgonega gore tiro ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo e atolosiwe. (Mathaio 24:14) O ne a bona go tlhokega gore ntlokgolo ya Mokgatlho e fudusiwe go tswa kwa Pittsburgh, Pennsylvania, go ya kwa Brooklyn, New York. Go ne go setse go dirilwe dithulaganyo tsa go fuduga ka 1908 mme go ne ga fudugwa mo tshimologong ya ngwaga o o latelang.

Ke ka Ntlha Yang Fa go Ne go Fudugelwa Kwa Brooklyn?

Bakaulengwe ba ba neng ba eteletse tiro ya go rera pele ka nako eo ba ne ba itse gore go rera go dirisiwa dithero tse di gatisitsweng mo makwalodikgannyeng e ne e le tsela e e nang le matswela ya go anamisa boammaaruri jwa Baebele. Tota e bile, ka ngwaga wa 1908, dithero tsa ga Russell tsa Baebele tsa beke le beke di ne di gatisitswe mo makwalodikgannyeng a le 11 a dikhopi tsotlhe tsa one fa di kopane di neng di le 402 000.

Le fa go ntse jalo, Russell o ne a kwala jaana: “Bakaulengwe ba ba neng ba tlhaloganya kafa makwalodikgang a nang le go refosana ditlhogo ka gone, ba ne ba re fa dithero tseno tsa beke le beke di ne di tswa mo makwalodikgannyeng a toropo e kgolo, seno se ne se ka dira gore di feleletse di gatisitswe mo United States yotlhe; mo e leng gore ka ngwaga fela go ne go tla nna le makwalodikgang a le mantsi a a di gatisang ka metlha.” Ka jalo, ba ne ba simolola go batla lefelo le le siametseng go ka atolosa tiro ya go rera mo go lone.

Russell’s newspaper sermons

Ke ka ntlha yang fa go ne ga tlhophiwa Brooklyn? Russell o ne a re: “Fa re sena go rapela ka kgang eno, rotlhe re ne ra swetsa ka gore Brooklyn, N.Y., e e nang le baagi ba bantsi . . . e bile e itsege e le ‘Motse wa Dikereke,’ e ne e tla nna lone lefelo le le tshwanelang thata tiro ya thobo.” Matswela a bontsha gore eno e ne e le tshwetso e e botlhale. Mo lobakeng lo lokhutshwane, makwalodikgang a le 2 000 a ne a gatisa dithero tsa ga Russell.

New York e ne e le lefelo le le tshwanelang ka ntlha ya lebaka le lengwe gape. Ka 1909, go ne go tlhomilwe diofisi tsa makala kwa Great Britain, Jeremane le Australia, mme go ne go sa ntse go tlile go nna le tse dingwe. Ka jalo, go ne go utlwala go tlhoma ntlokgolo ya lefatshe mo motseng o o gaufi le boemakepe le o o nang le ditsela di le dintsi le diporo tse di neng di ya kwa mafelong a mangwe.

Ke Eng fa le Bidiwa Bethele?

18 Concord Street (1922-1927)

117 Adams Street (1927 go fitlha gone jaanong)

Ntlokgolo ya ntlha ya Watch Tower Bible and Tract Society e ne ya tlhomiwa ka bo1880, kwa Allegheny (e jaanong e leng karolo ya Pittsburgh), kwa Pennsylvania. Ka nako eo, e ne e bidiwa Ntlo ya Baebele. Ka 1896, lefelo leno le ne le na le badiri ba le 12.

Le fa go ntse jalo, fa go fudugelwa kwa Brooklyn ka 1909, leina la lefelo le lesha la bonno la badiri le ne la bidiwa Bethele. * Ke eng fa le ne le bidiwa Bethele? Moago o Watch Tower Society e neng ya o reka kwa 13-17 Hicks Street e ne e le wa moruti yo o tumileng e bong Henry Ward Beecher mme o ne o itsege e le Beecher Bethel. Ntlo ya pele ya ga Beecher, e e neng e le kwa 124 Columbia Heights le yone e ne ya rekwa. Tora ya Tebelo ya March 1, 1909, e ne ya bega jaana: “Ruri go a gakgamatsa go bo re ile ra kgona go reka se pele e neng e le Beecher Bethel mme gape re bo re kgona go reka le se pele e neng e le ntlo ya gagwe. . . . Re tla bitsa legae le lesha ‘Bethele,’ mme ofisi e ntšha le holo tsone e tla nna ‘Motlaagana wa Brooklyn’; maina ano a tla emela leina ‘Ntlo ya Baebele.’”

Gompieno, mafelo a a okeditsweng thata kwa Brooklyn le kwa mafelong a mangwe a mabedi kwa New York State, e leng Wallkill le Patterson, go akaretsa lefelo la bonno, bogatisetso le diofisi di bidiwa Bethele. Tota e bile, gone jaanong go na le magae a Bethele mo dinageng di le 113 mo lefatsheng lotlhe. A na le badiredi ba feta 19 000 ba ba thusang go anamisa tshedimosetso ya Baebele.

35 Myrtle Avenue (1920-1922)

Baeng ba Amogelwa ka Lorato

Dikago tseo di ile tsa kgakolwa ka January 31, 1909. Mantaga, September 6, 1909, e ne e le letsatsi le le kgethegileng la go amogela baeng kwa Bethele. Bontsi jwa Baithuti ba Baebele, jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsewe ka nako eo, ba ne ba tla go bona moago oo. Bontsi jwa bone bo ne bo tswa kwa kopanong ya Bokeresete e e neng e tshwaretswe kwa Saratoga Springs, dikilometara di ka nna 320 kwa bokone jwa New York City. Charles Taze Russell o ne a amogela baeng ka boene le go ba dumedisa. *

Le gompieno baeng ba sa ntse ba amogelwa ka diatla tsoopedi kwa Bethele. Tota e bile, ngwaga le ngwaga batho ba feta 40 000 ba etela dikago tsa Brooklyn. Bethele ya Brooklyn e sa ntse e na le seabe sa botlhokwa mo go atoloseng dilo tse di direlwang Bogosi jwa ga Jehofa gore dimilione tsa batho di solegelwe molemo.

Bogatisetso jwa Wallkill

Lefelo la Thuto la Patterson

^ ser. 11 Lefoko la Sehebera “Bethele” le kaya “Ntlo ya Modimo.” Mo Baebeleng, Bethele e ne e le motse o o itsegeng thata kwa Iseraele. Motse wa Jerusalema ke one fela o o umakiwang gantsi go e feta.

^ ser. 14 Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona buka ya Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo, tsebe 718-723, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.